Go to full page →

CHAPTER 4—TSHABELO KWA EGEPETO KMR 16

Herode o na a se boammaaruri fa a re o na a batla go ya go obamela Jesu. O na a boifa gore Mmoloki O na A tla gola a nna kgosi, mme A mo tseele bogosi jwa gagwe. KMR 16.1

O na a batla go bona ngwanyana, gore a tle a mmolaye. KMR 16.2

Banna ba ba botlhale ba ipaakanyetsa go boa ba ya go bolelela Herode. Mme moengele wa ga Jehofa a bonala mo go bone ka toro, mme a ba busetsa kwa gae ka tsela e sele. KMR 16.3

“Mme jana e rile ba sena go tsamaya, bonang, moengeie wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro, a re, Tloga O tsee ngwanyana le mmagwe, mme O tshabele kwa Egepeto, O bo O nne go tlo go tsamaye ke go itsise: gonne Herode o tla batla ngwanyana go mmolaya.” Mathaio 2: 13. KMR 16.4

Josefe ga a ka a leta go fitlhela moso; a tšoga ka bonako, mme, le Marie le ngwanyana, ba simolola bosigo loeto lo loleele. KMR 16.5

Banna ba ba botlhale ba ne ba neile Jesu dineo tse di tlhotlhwa e kgolo, mme ka tsela e Morena A baakanyetsa ditshenyegelo tsa loeto le go nna ga bone mo Egepeto, go tlo go tsamaye ba boele kwa lefatshing ja ga bone. KMR 16.6

Herode a nna bogale thata fa a bona gore banna ba ba botlhale ba ne ba boetse gae ka tsela e sele. O na a itse se Modimo O no O se buile ka moperofeti wa One kaga go tla ga ga Keresete. KMR 16.7

A itse kafa naledi e neng e rometšwe go nna mogogi wa banna ba ba botlhale. Mme lefa go ntse jalo o na a ikemiseditse go nyeletsa Jesu. Mo bogaleng jwa gagwe a romela batlhabani go bolaya “tshimane yotlhe ya Bethelehema, . . . go simolola ka ba ba dinyaga pedi le bomonna a bone.” Go gakgamatsa jang gore motho a leke go tlhabana le Modimo! Go tshwanetse ya bo e ne e le pono e e boitshegang jang polao e ya banyana ba ba senang molato! Herode pele ga mo o na a dirile dilo tse dingwe tse di setlhogo; mme botshelo jwa gagwe jwa boikepo bo no bo le gaufi le go khutla. O na a šwa lošo lo lo boitshegang. KMR 16.8

Josefe le Marie ba nna mo Egepeto go tsamaya kwa morago ga lošo lwa Herode. Foo moengele a bonala kwa go Josefe, mme a re, “Tloga O tsee ngwanyana le mmagwe, mme O ye lefatshing ja Iseraela: gonne ba ba kileng ba batla ngwanyana go mmolaya ba šule.” Mathaio 2: 16, 20. KMR 16.9

Josefe o na a šolofetse go dira legae ja gagwe mo Bethelehema, kwa Jesu O na A tsaletšwe teng; mme erile a atamela Judea, a ithuta gore morwa Herode o na a busa mo boemong jwa ga rragwe. KMR 17.1

Mo ga dira gore Josefe a boife go ya teng, mme a se ka a itse se a ka se dirang; ke gone Modimo Oa romela go ya go mo kaela. Ka a latela dikaelo tsa moengele, Josefe a boela legayeng ja gagwe je legologolo mo Nasaretha. KMR 17.2