Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 10—DITHUTO TSA GA KERESETE

    Gare ga Bajuda, tumelo e ne e setse e tsile fa e fetang go le gonnye meletlo e e tlang ka metlha. Ka ba ne ba tlogile mo kobamelong ya boammaaruri ya Modimo, mme ba latlhegetswe ke thata ya semoya ya lefoko ja One, ba ne ba lekile go tlhotlheletsa fa go nong go tlhaela ka meletlo le dipolelo tsa bone.KMR 41.1

    Ke madi a ga Keresete fela a a ka ntlafatsang mo boleung. Ke thata ya Gagwe fela e e ka thibang batho mo go leofeng. Mme Bajuda ba ne ba ikantse ditiro tsa bone le meletlo ya bodumedi jwa bone go iponela poloko. Ka ntata ya tlhoafalo ya bone kaga meletlo e ba ikgopotse gore ba tshiamo, mme ba tšhwanetswe ke bonno mo bogosing jwa Modimo.KMR 41.2

    Mme tšholofelo ya bone e ne e tlhomamisitšwe bogolung jwa selefatshe. Ba ne ba eletsa dikhumo le thata, mme tse ba di lebelela jaaka tuelo ya poifo-modimo ya bone ya boitimokanyo.KMR 41.3

    Ba ne ba lebeletse Mesia go tlhomamisa bogosi jwa Gagwe mo lefatshing je, le go busa jaaka kgosana e e thata gare ga bone. Lesego lengwe le lengwe ja šelefatshe ba ne ba lebeletse go le amogela go tleng ga Gagwe.KMR 41.4

    Jesu O na A itse gore ditšholofelo tsa bone di ne di na le go šwabisiwa. O na A tsile go ba ruta sengwe se se gaisang kgakala ka bomolemo šone se bone ba neng ba se batlile.KMR 41.5

    O na A tsile go busetsa mannong kobamelo ya boammaaruri ya Modimo. 0 na A na le go lere mo teng tumelo ya pelo e e itshekileng, e e neng e tla itshenola mo botshelong jo bo itshekileng le popego e e boitshepo.KMR 41.6

    Mo therong e e ntle kwa thabeng O tlhalositse se Modimo 0 se kayang se tlhokega bogolo, le se se neng se ka naya boitumelo jwa boammaaruri.KMR 41.7

    Barutwa ba Mmoloki ba ne ba tlhotlheletsegile ke dithuto tsa baruti; mme ka ntlha ya barutwa ba, pele ga tšotlhe, dithuto tsa ga Kere’sete di ne tsa buiwa. Se O se ba rutileng ke sa rona le rona. Re tlhoka go ithuta tšone dithuto tseo.KMR 41.8

    “Go sego ba ba humanegileng mo moyeng,” Keresete O buile. Ba ba humanegileng mo moyeng ke ba ba itseng boleo jwa bone le tlhoko ya bone. Ba itse gore ka bo bona ba ka se ka ba dira sepe se se molemo. Ba eletsa ‘thuso ya Modimo, mme bone ba newa masego a One.KMR 41.9

    “Gonne go bua jana Ene yo O godimo, yo O godileng thata, yo O ntseng mo Bosakhutleng, yo leina ja Gagwe e leng Boitshepo: A re, Ke agile mo felong ga godimo, le ga boitshepo, le gone Ke nna le Ene yo O moya o o ngomogileng, o o ikokobeditseng, go rudisa moya wa ba ba ikokobeditseng, le go rudisa pelo tsa ba ba pelo e e ngomogileng.” Isaia 57: 15.KMR 42.1

    “Go sego ba ba lelang.” Mo ga go ree ba ba ngongoregang ba ba boraborang, mme ba ba tsamayang ka tebo e e botlha, ya go nyera marapo. Go raya ba ba hutsafalang ka boammaaruri ka ntata ya dibe tsa bone, mme ba kopa Modimo boitšhwarelo.KMR 42.2

    Botlhe ba ba ntseng jalo O tla itšhwarela ka kgololego. Oa re, “Khutsafalo ya bone Ke tla e fetola boitumelo, Ke tla ba gomotsa, Ke ba itumedisa ba tšwa mo bohutsaneng jwa bone.” Jeremia 31: 13.KMR 42.3

    “Go sego ba ba pelonomi.” Keresete A re, “Lo ithute ga Me; gonne Ke bonolo le boingotlo mo pedung.” Mathaio 11: 29. Erile A tšholwa ka tshotlo, O na A busetsa molemo kaga bosula. Mo go se 0 re neile sekao, gore re tle re dire jaaka A dirile.KMR 42.4

    “Go sego ba ba bolaetšweng tshiamo ke tlala le lenyora.” Tshiamo ke go dira sentle. Ke kutlo mo molaong wa Modimo; gonne mo molaong oo go beilwe metheo ya tshiamo. Bibela ya re, “Ditaolo tšotlhe tsa Gago di tshiamo.” Dipesalema 119: 172.KMR 42.5

    Molao oo Keresete, sekao sa One, O rutile batho go o utlwa. Tshiamo ya molao e bonwa mo botshelong jwa Gagwe. Re bolawa ke tlala re nyorelwe tshiamo mogang re batlang megopolo yotlhe ya rona, mafoko a rona, le ditiro tsa rona, di tšhwana le tsa ga Keresete.KMR 42.6

    Mme re ka tšhwana le Keresete fa tota re eletsa go nna jalo. Re ka nna le matshelo a rona a tšhwana le botshelo jwa Gagwe, ditiro tsa rona di dumalana le molao wa Modimo. Moya o o Boitshepo o tla lere lorato lwa Modimo mo dipedung tsa rona, e le gore re tle re kgatlhege mo go direng go rata ga One.KMR 42.7

    Modimo O etleetsegetse go re naya Moya wa One bogolo go kafa batsadi ba ka nayang bana ba bone dilo tse di molemo. Tšholofetso ya One ke, “Kopang mme lo tla newa.” Luka 11:9; Mathaio 7:7. Botlhe ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo, “ba tla kgorisiwa.”KMR 42.8

    “Go sego ba ba kutlwelo botlhoko.” Go nna kutlwelo botlhoko ke go tšhola bangwe botoka go gaisa kafa ba tšhwanetseng. Modimo O re tšhotse jalo. O kgatlhega mo go bontsheng boutlwelobotlhoko. O pelonomi mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula.KMR 43.1

    O re ruta go tšholana jana. A re, “Lo nne pelonomi mongwe mo go yo mongwe le pelonamagadi, lo itšhwarelane, fela jaaka Modimo le One O itšhwaretse lona mo go Keresete.” Baef. 4: 32.KMR 43.2

    “Go sego ba ba pelo di itshekileng.” Modimo O tlhokomela se tota re leng sone bogolo go se re reng re sone. Ga O kgathale gore re bantle jang, mme O batla dipelo tsa rona di itsheke. Foo mafoko otlhe a rona le ditiro di tla siama.KMR 43.3

    Kgosi Dafide o na a rapela, “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, Wena Modimo.” “A mafoko a molomo wa me, le go akanya ga pelo ya me, go nne tebosego mo ponong ya Gago, Jehofa, lefika ja me le Morekolodi wa me.” Dipesalema 51: 10; 19: 14. E, e tšhwanetse go nna thapelo ya rona.KMR 43.4

    “Go sego ba ba letlanyang.” Ene yo o nang le moya wa bopelonomi le boingotlo wa ga Keresete o tla nna moletlanyi. Moya o o ntseng jalo ga o tšose kgang, ga o fetole ka bogale. O dira legae go itumela, mme o lere kagišo e e botshe e e segofatsang botlhe tikologong.KMR 43.5

    “Go sego ba ba bogisediwang tshiamo.” Mathaio 5: 3-10. Keresete O na A itse gore ka ntlha ya Gagwe ba le bantsi ba barutwa ba Gagwe ba ne ba tla tsenngwa mo dikgolegelong, mme ba le bantsi ba ne ba tla bolawa. Mme O ba boleletse gore ba se ka ba lela ka ntlha ya gone.KMR 43.6

    Ga go na sepe se se ka utlwisang botlhoko bone ba ba ratang ba bile ba latela Keresete. O tla nna le bone bonnong bongwe le bongwe. Ba ka nna le go bolawa, mme O tla ba naya botshelo jo bo se ketlang bo khutla, le serwalo sa kgalalelo se se sa thunyeng.KMR 43.7

    Me mo go bone ba bangwe ba tla ithuta kaga Mmoloki yo o rategang. Keresete O rile, mo go barutwa ba Gagwe:KMR 43.8

    “Ke lona lesedi ja lefatshe.” Mathaio 5: 14. Jesu O na A le bonako go tsamaya A tšwa mo lefatshing go ya legaeng ja Gagwe ja selegodimo. Mme barutwa ba ne ba tšhwanetse go ruta batho ka lorato lwa Gagwe. Ba ne ba tšhwanetse go nna masedi gare ga bone.KMR 43.9

    Lobone lo lo mo tlung ya lesedi, lo phatsimela kwa lefifing, lo kaela ka polokesego sekepe go ya tsibogong; jalo balatedi ba ga Keresete ba tšhwanetse go phatsima mo lefatshing je le lefifi je, go gogela batho kwa go Keresete le legae ja legodimo.KMR 44.1

    Se ke se se tšhwanetseng go dirwa ke balatedi botlhe ba ga Keresete. O ba biletsa go dira le Ene mo go bolokeng bangwe.KMR 44.2

    Dithuto tse di ntseng jalo di ne di le dintšha mo bautlwing ba ga Keresete, mme A di boelela gantsi. Ka lobaka longwe moagente o tsile kwa go Ene ka potso e: “Morena, nke ke dire eng gore ke tle ke rue botshelo jo bo sa khutleng ” Jesu A mo raya a re, “Go kwadilwe eng mo molaong? O bala jang?KMR 44.3

    “Mme a fetola, a re, Go tulwe, O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka moya otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago; le mongwe ka wena jaaka O ithata.KMR 44.4

    “O fetotse ka tsiamo;” ga bua Keresete; “dira mo, mme O tla tshela.” Moagente o na a ise a dire mo. O na a itse gore o na a sa rate ba bangwe jaaka a ithatile. Mo boemong jwa go ikwatlhaya, a leka go bona seipato ka go ithata ga gagwe. Ke gone a botsa Jesu: “Ana, mongwe ka nna e be e le mang?” Luke 10: 25-29.KMR 44.5

    Baperesiti le baruti gantsi ba ne ba tle ba ganetsanye ka potso e. Ba ne ba sa bitse bahumanegi le ba ba senang kitso bangwe ka bone, mme ba ne ba se kake ba ba bontsha pelonomi epe. Keresete O na a sa tsee sepe mo dikganetsanyong tsa bone; O fetotse potso ka polelo e e neng e diretse mo lobakeng lo lo khutshwane lo lo fetileng.KMR 44.6

    Monna mongwe, A bua, o na a tswa Jerusalema a ya Jeriko. Tsela e ne e le mokgokolosa e le maje, mme e ne e kgabaganya felong fa go senya, fa go bodutu. Teng fa monna a tšhwarwa ke dinokwane, a thukuthwa gotlhe mo o na a na nago. O na a iteilwe a teketilwe, mme a tlogelwa ka gore o šule.KMR 44.7

    O rile a ntse a namaletse jana, moperisiti mme foo Molefi ba tswa kwa tempeleng e e kwa Jerusalema ba feta ka tsela eo. Mme mo boemong jwa go thusa motho yo wa mogolo, ba fapoga ba feta ntlha e nngwe.KMR 44.8

    Banna ba ba ne ba tlhophetšwe go direla mo tempeleng ya Modimo, mme ba ne ba tšhwanetse ba bo ba ne ba tšhwana le One. ba tletse boutlwelobotlhoko le bopelonomi. Mme dipelo tsa bone di ne di le tsididi di sena kutlwelo.KMR 44.9

    Kwa morago ga lobaka ga atamela Mosamaria. Basamaria ba ne ba ilwa ba nyadiwa ke Bajuda. Mo go mongwe wa batho ba Mojuda o na a se kake a naya metse lefa e le thathana ya senkgwe. Mme mosamaria a se ka a ema go akanya ka mo. Le gone ga a ka a ema go akanya le ka dinokwane tse di neng di ka ne di mo lebile.KMR 45.1

    Teng go no go namaletse motho seeng, a thologa madi a le gaufi le go šwa. Mosamaria a apola kobo ya gagwe, a mo tshopha ka yone.KMR 45.2

    A mo naya mofine o e leng wa gagwe go nwa, mme a thela lookwane mo dinthong tsa gagwe. A mo pega mo pholofolong ya gagwe, mme a mo lere mo tlung ya baeti, mme a mo tlhokomela bosigo jotlhe.KMR 45.3

    Mošo o o latelang, pele ga a tsamaya, a duela mung a ntlo ya baeti gore a tle a mo tlhokomele go tsamaya a nonofa gape. Jalo Jesu A bolela polelo. Foo erile A retologela moagenteng, A botsa:KMR 45.4

    “O gopola, go re, ke mang wa ba bararo ba, yo o itshupileng a le wa ga gabo ene yo o wetseng mo dinokwaneng?”KMR 45.5

    Moagente a fetola, “Ke yo o mo utlwetseng botlhoko.”KMR 45.6

    Foo Jesu A re, “Eya O dire jalo le wena.” Luke 10: 35-37. Ke gone Jesu O rutile gore motho mongwe le mongwe yo o tlhokang thuso ya rona ke mongwe ka rona. Re na le go mo tšhola fela jaaka le rona re ne re ka eletsa go tšholwa.KMR 45.7

    Moperesiti le Molefi ba ne ba ipaya jaaka ekete ke batho ba ba tshegetsang ditaolo tsa Modimo, mme tota tota yo o na a di tshegeditse e ne e le Mosamaria. Pelo ya gagwe e ne e le pelonomi le lorato.KMR 45.8

    Mo go tlhokomeleng monna yo o ntshitsweng dintho wa moeng, o na a bontsha lorato go Modimo le mo bathung. Gonne go kgatlha Modimo go re bona re direla molemo mongwe yo mongwe. Re bontsha lorato lwa rona go One ka go nna pelonomi mo go ba re nang nabo.KMR 45.9

    Pelo e e pelonomi, e e ratang, e tlhwatlhwa e e kwa godimo ga dikhumo tšotlhe tsa lefatshe. Ba ba tshelelang go dira molemo ba bontsha gore ke bana ba Modimo. Ke bone ba ba tla nnang le Keresete mo bogosing jwa Gagwe.KMR 45.10

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents