Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 15—KWA SELALELONG SA TLOLAGANYO

    Bana ba Iseraela ba jele selalelo sa ntlha sa tlolaganyo ka lobaka Iwa kgololo ya bone mo kgolegong ya bone kwa Egepeto.KMR 65.1

    Modimo O no O šolofeditse go ba golola. O no O ba boleletse gore morwa wa ntlha mo legaeng lengwe le lengwe ja Baegepeto o na a tla bolawa.KMR 65.2

    O no O ba boleletse go tshwaya mejako e e leng ya bone ka madi a kwanyana, gore moengele wa lošo a tle a ba fete.KMR 65.3

    Kwanyana yone ba ne ba na le go e besa mme ba e je bosigo, le senkgwe se se sa bidisiwang le merogo e e galakang, e e neng e emela bogalaka jwa kgolego ya bone. Fa ba ne ba ja kwanyana, botlhe ba ne ba tšhwanetse go bo ba ipaakanyeditse loeto. Ba tšhwanetse ba bo ba rwele ditlhako tsa bone, ba tšhotse dithobane tsa bone mo diatleng.KMR 65.4

    Ba dira jaaka Jehofa a na A buile, mme gone bosigong joo kgosi ya Egepeto ya ba romela lefoko gore ba ka tsamaya. Mo mošong ba simolola tsela ya bone go ya lefatshing ja tšholofetso.KMR 65.5

    Jalo ngwaga mongwe le mongwe, ka jone bosigo jo ba duleng mo Egepeto, Baiseraela botlhe ba ne ba tshegetsa modiro wa tlolaganyo kwa Jerusalema. Mo modirong o ntlo nngwe le nngwe e ne e na le kwanyana e e besitšweng, le senkgwe le merogo e e galakang, jaaka borrabo mogolo kwa Egepeto. Mme ba bolelela bana ba bone polelo ya molemo wa Modimo mo go gololeng batho ba One mo bogolegweng.KMR 65.6

    Lobaka janong lo no lo tsile lo Keresete O na A tšhwanetse go tshegetsa modiro le barutwa ba Gagwe, mme A bolelela Petere le Johane go bona bonna, le go baakanyetsa selalelo sa tlolaganyo.KMR 65.7

    Batho ba bantsi thata ba ne ba tsile Jerusalema mo lobakeng lo, mme ba ba neng ba nna mo motsing ba ne ba iketleeditse ka metlha go naya baeng bonno go tshegeletsa modiro.KMR 65.8

    Mmoloki O boleletse Petere le Johane gore e ne e tla re ba tsenye mo mmileng, ba ne ba tla rakana le monna a rwele nkgwana ya metse. Ba ne ba tšhwanetse go mo latela, mme ba ne ba tšhwa- netse go tsena mo tlung e o tsenang go yone. Mme ba ne ba na le go raya mung a ntlo yo o molemo ba re:KMR 65.9

    “Moruti Oa go botsa, A re, Ntlo ya bojelo ya baeng e kae, e Ke tla jelang Tlolaganyo gone le barutwa ba Me?”KMR 66.1

    Monna yo foo o na a tla ba bontsha kamori e e kwa godimo e tona e baakanyeditšwe ditlhoko tsa bone; gone ba ne ba tšhwanetse go baakanya selalelo sa tlolaganyo. Mme ga dirala fela jaaka Mmoloki A na A ba boleletse gore go no go tla nna.KMR 66.2

    Kwa selalelong sa tlolaganyo barutwa ba ne ba na le Jesu ba le bosi. Lokaba lo ba lo sentseng Nae mo medirong e ka metlha e ne e tle e be e le lobaka lwa boitumelo; mme janong O na A tšhwenyegile mo moyeng.KMR 66.3

    Kwa bofelong A ba raya ka lentšwe je le utlwalang bohutsana:KMR 66.4

    “Ke tlhologeletšwe ka tlhologelelo go ja Tlolaganyo e le lona, Ke e se Ke šwe.”KMR 66.5

    Go no go na le mofine o o botshe fa tafoleng, mme A tsaya senwelo sa one, “mme ya re A sena go leboga, A re:KMR 66.6

    “Tšholang se, lo se hupalane; gonne kea lo raya, ga Nketla Ke tlhola Ke nwa loungo lwa mofine go tlo go tsamaye bogosi jwa Modimo bo tle pele.” Luke 22: 11, 15, 17, 18.KMR 66.7

    Lo e ne e le lobaka lwa bofelo lo Keresete O na A tla tshegetsa modiro le barutwa ba Gagwe. Tota e ne e le tlolaganyo ya bofelo e e neng e na le go tshegediwa. Gonne kwanyana e ne e bolaelwa go ruta batho kaga lošo lwa ga Keresete; mme e ne e tla re Keresete Kwana ya Modimo, A bolaelwa dibe tsa lefatshe, go no go tla bo go sa tlhole go tlhokega go bolaya kwanyana e e emelang lošo lwa Gagwe.KMR 66.8

    Erile Bajuda ba kana kgano ya bone ya ga Keresete ka go Mmolaya, ba ganne gotlhe mo go nong go naya modiro o tlhwatlhwa le bogolo. Go tšwa foo tshegetso ya bone ya one e ne e sa tlhole e na le molemo.KMR 66.9

    Jaaka Keresete A pataganetse tirelo ya tlolaganyo, fa pele ga mogopolo wa Gagwe go no go le ponalo ya setlhabelo se segolo sa Gagwe sa bofelo. Janong O na a le moruting wa mokgoro, mme setlhabi se ne se tlhokofatsa pelo ya Gagwe. O itsile tlalelo yotlhe e e neng e letile Ene.KMR 66.10

    O itsile bosenatebogo le bosetlhogo jo bo nong bo tla bontshiwa Ene ke ba O nang A tletse go ba boloka. Mme e ne e se ka kutlo-KMR 66.11

    botlhoko ya Gagwe O akantseng. O tlhomogetse pelo bone ba ba neng ba tla latlha Mmoloki wa bone mme ba latlhegelwe ke botshelo jo bo sa khutleng.KMR 67.1

    Mme mogopolo kaga barutwa ba Gagwe o no o le kwa godimo ga tšotlhe mo mogopolong wa Gagwe. O itsile gore e ne e tla re kutlobotlhoko ya Gagwe e fetile, ba ne ba tla bo ba setse mo lefatshing go lwa ba le bosi.KMR 67.2

    O na A na le go le gontsi go ba bolelela mo e neng e tla nna kgomotšo mo pedung tsa bone fa a sa tlhole A tsamaya le bone. Kaga dilo tse O na A solofetse go bua mo kopanong e ya bone ya bofelo pele ga lošo lwa Gagwe.KMR 67.3

    Mme O na A sa kake A ba bolelela janong. O bonye gore ba ne ba sa iketleeletsa go reetsa.KMR 67.4

    Go no go le kgang gare ga bone. Ba ne ba sa ntse ba gopola gore Keresete O na A tloga A dirwa kgosi, mme mongwe le mongwe wa bone o na a batla maemo a a kwa godimo bogosing jwa Gagwe. Jalo ba ne ba na le maikutlo a bobaba le bogale mongwe go yo mongwe.KMR 67.5

    Go no go le se sengwe se se tšositseng matshwenyego. Mo modirong e ne e le tlwaelo gore motlhanka a tlhapise bayeng dinao, mme mo lobakeng lo go no go baakanyeditšwe tirelo. Nkgwana ya metse, mogotšwana, le taole, di ne di le gone, di baakanyeditšwe tlhapišo ya dinao. Mme go no go se motlhanka yo o teng, mme e ne e le kabelo ya barutwa go go dira.KMR 67.6

    Mme mongwe le mongwe wa barutwa a gopola gore o na a se kake a nna motlhanka wa bakaulengwe ba gagwe. O na a sa dumele go tlhapisa dinao tsa bone. Jalo, mo tidimalong ba ne ba tsere manno a bone fa lomating lwa bojelo.KMR 67.7

    Jesu A leta lobakanyana go bona se ba neng ba tla se dira. Foo Ene ka esi A ema fa lomating lwa mojelo. A ikgatlha ka seiphimolo, A thela metse mo mogotšwaneng, mme A simolola go tlhapisa barutwa dinao. O na a hutsafaditšwe ke komano ya bone, mme ga A ka A ba kgalema ka mafoko a a bogale. O bontshitse lorato lwa Gagwe ka go dira jaaka motlhanka barutweng ba e leng ba Gagwe. Erile A feditse, A ba raya A re:KMR 67.8

    “Mme ke gone, fa Nna ke leng Morena le Moruti, Ke tlhapisitse dinao tsa lona, le lona lo tšhwanetse go tlhapisanya dinao. Gonne Ke lo beetse sekao, gore le lona lo dire jaaka Ke lo diretse.” Johane 13: 14, 15.KMR 67.9

    Ka tsela e Keresete O ba rutile gore ba tšhwanetse go thusanya. Mo boemong jwa go ipatlela bonno jo bo kwa godimo, mongwe le mongwe o tšhwanetse go etleetsega go direla mokaulengwe wa gagwe.KMR 68.1

    Mmoloki O tsile lefatshing go direla ba bangwe. O tshedile go thusa le go boloka ba ba tlhokang ba ba leofileng. O re batla go dira jaaka A dirile.KMR 68.2

    Barutwa janong ba ne ba tlhabilwe ke ditlhong ka ntlha ya lefufa le go ithata ga bone. Dipelo tsa bone di ne di tladitšwe ke lorato lwa Morena wa bone le lwa mongwe go yo mongwe. Janong ba ne ba ka reetsa dithuto tsa ga Keresete.KMR 68.3

    Jaaka ba ne ba sa ntse ba le lomating lwa bojelo, Jesu A tsaya senkgwe, mme A leboga, mme A se ngathoganya, mme A se ba naya, A re, “Se ke mmele wa Me, o o ntshediwang lona; dirang mo, lo nkgopole ka gone.KMR 68.4

    “Senwelo le sone, A se tsaya jalo, morago ga go sena go jewa, A re, Senwelo se, ke kgolagano e ntšha mo mading a Me, ebong a a tšhololelwang lona.” Luke 22: 19, 20.KMR 68.5

    Bibela ya re, “Gonne ka gale ya re lo ja senkgwe se, le go nwa senwelo, lo bo lo bolela lošo lwa Morena a ba A tla A tsamaye A tle.” 1 Bakorintha 11: 26.KMR 68.6

    Senkgwe le mofine di emela mmele le madi a ga Keresete. Jaaka senkgwe se ne sa ngathogangwa (rojwa), le madi a thelwa, jalo mo mokgorong mmele wa ga Keresete o no wa rojwa, le madi a Gagwe a na a tšhololelwa go re boloka.KMR 68.7

    Ka go ja senkgwe le go nwa mofine, re bontsha gore re dumela selo se. Re bontsha gore re ikwatlhaela dibe tsa rona, le gore re amogela Keresete jaaka Mmoloki wa rona.KMR 68.8

    Fa barutwa ba ntse ba ntse le Jesu fa lomating lwa bojelo, ba bonye gore O na A sa ntse A lebega A tšhwenyegile. Leru ja nna mo go bone botlhe, mme ba ja ka tidimalo.KMR 68.9

    Kwa bofelong Jesu A bua A re, “Ammaaruri Kea lo raya, Mongwe wa lona o tla nkoka.”KMR 68.10

    Barutwa ba ne ba hutsafala ba gakgamadiwa ke mafoko a. Mongwe le mongwe a simolola go leba mo pedung ya gagwe go bona bo go no go na le moruti mongwe wa kgopolo e e bosula kgatlhanong le Morena wa gagwe.KMR 68.11

    Ba botsa ka go latelana, “A ke nna Morena ”KMR 69.1

    Judase ene fela a sala a didimetse. Mo ga gogela matalho a botlhe kvva go ene. O rile a bona fa a lebilwe, le ene a botsa, “A ke nna, Moruti?”KMR 69.2

    Mme Jesu A fetola ka masisi, “O boletse.” Mathaio 26: 21, 22, 25.KMR 69.3

    Jesu O na A tlhapisitse dinao tsa ga Judase, mme mo go no go sa mo dira go rata Mmoloki segolo. O na a gakadiwa ke go bo Keresete O na A dirile tiro ya botlhanka. Jaanong o itsile gore Keresete O na A se ka ke A dirwa kgosi, mme a ikaelela segolo go Mo oka.KMR 69.4

    O rile a lemoga fa maikaelelo a gagwe a itsiwe, le e leng mo ga go ka ga mo dira go boifa. Mo bogaleng a tswa mo tlung ka bonako, mme a ya go dirafatsa maano a gagwe a boikepo. Go tsamaya ga ga Judase e ne e le khupololo mo go botlhe ba ba neng ba le teng. Sefatlhogo sa Mmoloki sa sedifala, mme moruti wa tšholediwa mo barutweng.KMR 69.5

    Keresete janong A bua ka lobakanyana le barutwa ba Gagwe. O na A ya kwa tlung ya ga Rragwe, O rile, go ya go ba baakanyetsa bonno, mme O na A tla tla gape go ba tseela kwa go Ene.KMR 69.6

    O šolofeditse go romela Moya o o Boitshepo go tla go nna moruti wa bone le mogomotsi fa A ntse A ile. O ba boleletse go rapela mo ineng ja Gagwe, mme merapelo ya bone e ne e tla arajwa e le ruri.KMR 69.7

    Foo A ba rapelela, A lopa gore ba dibelwe mo bosuleng, le gore ba ratane jaaka A na A ba ratile.KMR 69.8

    Jesu O rapeletse rona fela jaaka barutwa ba ntlha. O rile:KMR 69.9

    “Le gone ga Ke rapelele bone bosi, mme Ke rapelela le ba ba dumelang mo go Nna ka lefoko ja bone; gore ba nne bangwe fela botlhe; fela jaaka Wena Rara O le mo go Nna, le Nna mo go Wena, gore le bone ba nne mo go rona: gore lefatshe le dumele fa O nthomile; . . . le go re, O rata bone, fela jaaka O ratile Nna.” Johane 17: 20-23.KMR 69.10

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents