Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 16—MO GETHESEMANE

    Botshelo jwa Mmoloki mo lefatshing e ne e le botshelo jwa thapelo. Go no go le gontsi dioura tse di sentsweng bojosing le Modimo. Gantsi O rometse ditopo tsa Gagwe kwa go Rragwe wa legodimo. Jalo O amogetse nonofo le botlhale go Mo tshegetsa mo tirong ya Gagwe, le go Mo tshegetsa go se wele dithaelong tsa ga Satane.KMR 70.1

    A sena go ja tlolaganyo le barutwa ba Gagwe, Jesu O ile tshimong ya Gethesemane, kwa gantsi O na A tla A ye go rapelela teng. Jaaka A tsamaya, A bua le bone, mme A ba ruta; mme ya re ba atamela tshimo, A nna tidimalo mo go gakgamatsang.KMR 70.2

    Botshelo jotlhe jwa Gagwe, Jesu O na A bo tsheletse fa pele ga Rragwe. Moya wa Modimo e ne e ntse e le One mogogi le motshegetsi wa Gagwe ka metlha. Ka metlha O na A naya Modimo kgalalelo ka ntlha ya ditiro tsa Gagwe mo lefatshing, mme a re, “Ga ke na go dira sepe ke le nosi.” Johane 5: 30.KMR 70.3

    Ga re ka ke ra dira sepe re le rosi. Ke fela ka go ikanya mo go Keresete kaga nonofo yotlhe ya rona re ka fenyang, le go dira go rata ga Gagwe mo lefatshing. Re tšhwanetse go nna le jone boikanyo jo bo ikokobeditseng, jo eketeng jwa ngwanyana mo go Ene jo O na A na najo mo go Rragwe. Keresete O rile, “Kwa ntle ga Me ga lo kake lwa dira sepe.” Johane 15:5.KMR 70.4

    Bosigo jo bo boitshegang jwa tlalelo e e mahehe mo Mmoloking bo simolotse jaaka ba atamela tshimo. Go lebegile ekete boteng jwa Modimo, jo bo nong bo ntse bo Mo tshegeditse, bo no bo sa tlhole bo na Nae. O na A simolola go utlwa gore go raya eng go tšwalelwa kwa ntle ga Rragwe.KMR 70.5

    Keresete O na le go belega maleo a lefatshe. Jaaka janong a na a bewa fa godimo ga Gagwe, a lebega ekete a gaisa kafa O ka a itshokelang. Molato wa boleo o no o boitshega mo go kalo, A raelesega go boifa gore Modimo O no O sa kake Oa tlhola O Mo rata.KMR 70.6

    Jaaka A utlwa go se kgatlhege mo go golo ga Rara mo bosuleng, mafoko a patelesega go tšwa mo go Ene, “Moya wa Me o hutsafetse thata, e le mo go isang lošung.”KMR 70.7

    Gaufi le kgoro ya tshimo, Jesu O na A tlogetss barutwa ba Gagwe botlhe fa e se Petere, Jakobe, le Johane, mme O na A tsenye mo tshimong le ba bararo ba. E ne e le bone balatedi ba Gagwe ba ba tlhoafetseng bogolo, e bile e ne e le balekane ba ba gaufi Nae thata. Mme O na A sa kake a itshokela gore ba nne basupi ba kutlobotlhoko e O nang A tla e itshokela. A ba raya a re:KMR 71.1

    “Nnang fa, lo lebelele le Nna.” Mathaio 26: 38.KMR 71.2

    A tsamaya lobakanyana go tšwa mo go bone, A wela fa fatshe A namalala. A ikutlwa gore O na A kgaoganngwa le Rara ke boleo. Bosagatweng jo bo fa gare ga bone jwa lebega bo atlhame thata, bo le bontsho, bo le boteng mo go kalo, mo O nang A roroma fa pele ga jone.KMR 71.3

    Keresete O na A sa bogele dibe tsa Gagwe, mme e le ka ntlha ya dibe tsa lefatshe. O na A utlwa go se kgatlhege ga Modimo mo boleong jaaka moleofi a tla utlwa mo letsatsing je legolo ja katlholo.KMR 71.4

    Mo tlalelong ya Gagwe, Keresete a ngaparela mmu o o tsididi. Mo dipounameng tsa Gagwe tse di tshetlha ga tšwa logalo, “Rra we, fa go ka nna jalo, a senwelo se, se mphete: lefa go ntse jalo, eseng kafa go rateng ga Me, e leng kafa go rateng ga Gago.” Mathaio 26: 39.KMR 71.5

    Ka oura Keresete A belega pogisego e e boitshegang e a le Esi. Foo A tla kwa barutweng, A solofetse lefoko ja kutlwelobotlhoko. Mme ga bo go se kutlwelobotlhoko epe e e Mo letileng, gonne ba ne ba robetse. Ba tšosiwa ke kutlwalo ya lentšwe ja Gagwe, mme ba batla go palelwa ke go Mo itse, Sefatlhogo sa Gagwe se ne se fetotšwe mo go kalo ke tlalelo. A bua go Petere, A re:KMR 71.6

    “Simona, a O robetse? A O no O sa kake wa lebelela ka lobakanyana fela?” Mareko 14: 37.KMR 71.7

    Fela pelenyana ga a lebisa dinao tsa Gagwe kwa tshimong, Keresete O na A reile barutwa ba Gagwe botlhe a re, “Lo tla kgotšwa lotlhe sigong jone kaga Me.” Ba ne ba Mo neile tlhomamiso e e nonofileng gore ba ne ba tla ya le Ene kwa kgolegong le kwa lošung. Mme Petere wa mogolo o na a okeditse ka gore, “Lefa botlhe ba ka kgotšwa, nna, nnyaa.” Mareko 14: 27, 29.KMR 71.8

    Mme barutwa ba ne ba iikanya. Ba ne ba se ka ba leba Mothusing yo o Nonofileng jaaka Keresete A na a ba gakolotse go dira. Jalo erile Mmoloki A le mo tlhokong e kgolo ya kutlwelobotlhoko le merapelo ya bone, ba fitlhetšwe ba robetse. Le ene Petere o na a robetse.KMR 71.9

    Mme Johane, morutwa yo o ratwang yo o na a ikaegile sehubeng sa ga Jesu, o na a robetse. Ruri lorato lwa Johane mo Moruting wa gagwe lo no lo tšhwanetse lwa bo lo mo tlhobaeditse boroko. Merapelo ya gagwe ya tlhoafalo e ka bo e ne e tlhakatlhakanye le ya Mmoloki wa gagwe yo O rategang mo lobakeng lwa Gagwe lwa tlalelo e e kgolo. Morekolodi O na A šweditse masigo a a tletseng mo go rapeleleng barutwa ba Gagwe, gore tumelo ya bone e se ka ya tlhaela mo nakong ya teko. Lefa go ntse jalo ba ne ba sa kake ba leta Nae lefa e le oura a le mongwe fela.KMR 72.1

    Fa Keresete A ka bo a boditse Jakobe le Johane, “A lo nonofile go nwa senwelo se Ke se nwang? kgotsa go kolobediwa ka kolobetšo e ke kolobediwang ka yone?” Ba ka bo ba se ka ba araba ka bofefo jaaka ba kile ba dira pele, “Re nonofile.” Mareko 10: 38, 39.KMR 72.2

    Pelo ya Mmoloki e ne e tletse pelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ka ntata ya bokoa jwa barutwa ba Gagwe. A boifa gore ba ne ba sa kake ba itšhokela teko e kutlobotlhoko le lošo lwa Gagwe di neng di tla e lere mo go bone.KMR 72.3

    Lefa go ntse jalo A se ka A ba kgalemela ka bogale kaga bokoa ja bone. O akantse ka matshwenyego a a neng a le fa pele ga bone, mme A re:KMR 72.4

    “Lebelelang, lo rapele, gore lo se tsene mo thaelong.”KMR 72.5

    A dira seipato sa go tlhaela ga bone mo tšhwanelong ya bone mo go Ene: “Moya one o tlhaga, mme nama e bokoa.” Mathaio 26: 41. A sekai sa Mmoloki yo O bonolo yo O lorato lwa boutlwelobotlhoko!KMR 72.6

    Gape Morwa Modimo A tšhwarwa ke tlalelo e e fetang ya batho. A idibala mme A phuegana, A theekelela kwa morago, mme A rapela jaaka A rapetse pele:KMR 72.7

    “Rra we, fa senwelo se, se sa kake sa feta fa ke sa se nwe, a go rata ga Gago go dirale.” Mathaio 26: 42.KMR 72.8

    Tlalelo ya thapelo e ya patelela marothodi a madi go tšwa ka marobane a mmele wa Gagwe. Gape A batla barutwa go bona kutlwelobotlhoko, mme gape A ba fitlhela ba robetse. Boteng jwa Gagwe jwa ba tšosa. Ba leba sefatlhogo sa Gagwe ka poifo, gonne se ne se mathilwe ke madi. Ba ne ba tlhaloganya tlalelo ya mogopolo e e neng e bolelwa ke sefatlhogo sa Gagwe.KMR 72.9

    Lobaka lwa boraro a batla felo ga thapelo. Themego marapo ya lefifi je legolo ya Mo fenya. O na A latlhegetswe ke boteng jwa ga Rragwe. Kwa ntle ga jone, O boifile gore mo tlholegong ya Gagwe ya botho O na A sa kake A itshokela teko.KMR 73.1

    Lwa boraro O rapela yone thapelo ele jaaka pele. Baengele ba eletsa go lere thuso, mme e ka se ka ya nna. Morwa Modimo O na le go nwa senwelo se, go se jalo lefatshe le tla latlhega ka bosakhutleng. O bona bosenangboithuso jwa motho. O bona thata ya boleo. Dikhutsafalo tsa lefatshe je le latlhegileng di feta ponalong fa pele ga Gagwe.KMR 73.2

    O dira maikaelelo a bofolo. O tla boloka batho lefa go ka Mo lopa eng. O tlogetse makgotla a Legodimo, kwa gotlhe e leng boitsheko, boitumelo, le kgalalelo, go boloka nku e e timetseng, lefatshe le lengwe fela je le oleng ka tlolo, mme ga A ketla A boela kwa morago mo maikaelelong a Gagwe. Thapelo ya Gagwe e hema boineelo fela:KMR 73.3

    “Fa senwelo se se sa kake sa feta fela fa Ke sa se nwe, a go rata ga Gago go dirale.”KMR 73.4

    Mmoloki janong O wela fa fatshe A šwa. Ga go morutwa ope yo o gone, go baya seatla sa Gagwe ka bonolo tlase ga tlhogo ya Moruti wa gagwe le go tlhapisa sefatlhogo sele, se se senyegileng ruri go gaisa bana ba batho. Keresete O nosi; ga batho botlhe ga go ope yo o nang Nae.KMR 73.5

    Mme Modimo O boga le Morwa One. Baengele ba leba tlalelo ya Mmoloki. Go tidimalo mo Legodimong. Ga go harepa epe e e angwang. Fa batho ba ne ba ka bo ba bonye lesomosomo ja baengele jaaka ba ne ba disitse Rara ka tidimalo A kgaoganya marang a lesedi ja Gagwe, lorato, le kgalalelo le Morwawe yo o rategang, ba ne ba ka tlhaloganya botoka gore boleo bo kgopisa jang mo go Ene.KMR 73.6

    Moengele yo o nonofileng janong o tla lotlhakoring lwa ga Keresete. O tšholeletsa fa sefubeng sa gagwe tlhogo ya motlhokofadiwi yo o boitshepo, mme o supa kwa Legodimong. O Mmolelela gore O fentse Satane. Ka ntlha ya mo didikadike di tla nna bafenyi mo bogosing jwa Gagwe jwa kgalalelo.KMR 73.7

    Kagiso ya selegodimo e nna mo sefatlhogong se se marilweng ke madi sa Mmoloki. O belege mo go seng motho ope o ka go bele- gang; gonne O lekeletse motho mongwe le mongwe kutlo-botlhoko ya lošo.KMR 73.8

    Gape Keresete A batla barutwa ba Gagwe, mme gape A fitlhela ba robetse. Fa ba ka bo ba ne ba sa robala, ba letile mme ba rapela le Mmoloki wa bone, ba ka bo ba ne ba amogetse thušo mo tekong e e fa pele ga bone. Ka go tlhoka mo, ba ne ba sena nonofo mo nakong ya tlhoko ya bone.KMR 74.1

    A ba lebile ka bohutsana, Keresete A re, “Lo nne lo robale janong, lo ikhutse: bonang, nako e atametse, mme Morwa Motho o oketšwe mo diatleng tsa baleofi.”KMR 74.2

    Erile A sa ntse A bua mafoko a, A utlwa dikgato tsa lekoko je le mmatlang, mme A re:KMR 74.3

    “Tšogang, re tsamayeng: bonang, yo o nkokang o gaufi.”KMR 74.4

    Mathaio 26: 45, 46.KMR 74.5

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents