Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 23—KHALEFARI (Golgotha)

    Jesu O na A itlhaganedisiwa kwa Khalefari gare ga dikgoo le ditšhotlo tsa bontsi. Jaaka A feta fa pele ga lolwapa lwa ga Pilate, mokgoro o o bokete o o nong o baakanyeditswe Barabase wa bewa mo magetleng a Gagwe a a matsadi a a dutlang madi. Mekgoro ya bewa le mo magodung a mabedi, a a nang a tla boga lošo ka nako e le nngwe le Jesu.KMR 97.1

    Morwalo wa bo o le bokete thata mo Mmoloking mo boemong jwa Gagwe jwa go lapa le pogisego. O na A tsamaile lobakanyana lo lo khutšhwane fa A idibala tlase ga mokgoro.KMR 97.2

    Erile A rulwa mokgoro wa boela wa bewa godimo ga magetla a Gagwe. A theetheekela dikgato di se kae, mme gape A wela fa fatshe jaaka mongwe yo o senang botshelo. Babogisi ba Gagwe janong ba lemoga gore go no go retela gore A tswele pele ka morwalo wa Gagwe, mme ba akabala go bona mongwe yo o na a tla sikara morwalo o o kgobalatsang.KMR 97.3

    Felo foo ba kgatlhana le Simone wa Kurene, a tšwa kwa ba yang teng. Ene ba mo tšhwara ba mo patelela go isa mokgoro kwa Khalefari.KMR 97.4

    Barwa Simone e ne e le barutwa ba ga Jesu, mme ene ka esi o na a ise a amogele Mmoloki. Simone kwa morago ga mo o nnile a itumelela lobaka lwa go sikara mokgoro wa Morekolodi. Morwalo o a pateleditšweng jalo go o sikara wa fetoga se se mo šokolotseng. Ditiragalo tsa Khalefari mafoko a a builweng ke Jesu a gogela Simone go Mo amogeleng jaaka Morwa Modimo.KMR 97.5

    Fa go gorogwa kwa felong ga papolelo, ba ba bonyweng molato ba bofelelwa mo ditirisong tsa tlhokofatso. Magodu a mabedi a kgaratlha mo diatleng tsa ba ba neng ba ba gagamaditse godimo ga mokgoro; mme Mmoloki A sa ka A dira kgang epe.KMR 97.6

    Mmagwe Jesu o na a Mo latetse loetong lo lo boitshegang loo go ya Khalefari. O na a eleditse go Mo direla jaaka A nwela tlase ga morwalo wa Gagwe A lapile, mme a se ka a letlwa jalo.KMR 97.7

    Kgatong nngwe le nngwe mo tseleng e e lapisang eo o na a šolofetse gore O tla bonatsa nonofo e O e newang ke Modimo, mme A ikgolole mo lešomong ja babolai. Mme janong ka go no go fitlhilwe ponong ya bofelo, mme a bona magodu a gokelelwa mo mokgorong, a botlhoko jwa tebelelo jo o bo itshoketseng!KMR 97.8

    A Ene yo O na A neile bašwi botshelo O na A tla itetla go bapolwa? A Morwa Modimo O na A tla itetla go bolawa ka setlhogo jalo? A o tšhwanetse go latlhegelwa ke tumelo ya gagwe gore e ne e le Ene Mesia?KMR 98.1

    A bona diatla tsa Gagwe di otlololwa godimo ga mokgoro,— diatla tsele tse ka metlha di ne di otlololelwa go segofatsa ba ba mo botlhokung. Noto le dimapo tsa leriwe, mme yare dimapo di kokothelwa nameng e e bonolo, barutwa ba ba dipelo di thubegileng ba sikara setoto se se idibetseng sa mma Jesu go se tlosa mo ponong ya setlhogo.KMR 98.2

    Mmoloki a se ka A dira ngongorego ka go dumaduma; sefatlhogo sa Gagwe sa sala se ntse se le sehibidu se sisibetse, mme marothodi a magolo a mofufutso a nna mo phatleng ya Gagwe. Barutwa ba Gagwe ba ne ba tshabile pono e e boitshegang. O na A gata segatelo a le esi; mme mo bathung ga bo go se ope yo o nang Nae. Isaia 63: 3.KMR 98.3

    Jaaka batlhabani ba ntse ba dira tiro ya bone, mogopolo wa ga Jesu wa tlolaganya kutlobotlhoko ya Gagwe wa fetela tefetsong e babogisi ba Gagwe ba tla e kgatlhantshang tsatsi lengwe. A ba tlhomogela pelo mo go tlhokeng kitso ga bone, A rapela:KMR 98.4

    “Rra, ba itšhwarele; ka gonne ga ba itse se ba se dirang.”KMR 98.5

    Keresete O na A amogela tshiamelo go nna mmueledi wa batho fa pele ga Rara. Thapelo eo kaga baba ba Gagwe e lekantse lefatshe. E tsere moleofi mongwe le mongwe yo o na a kile a tshela kana yo o na o tla tshela, go tšwa tshimologong ya lefatshe go ya bokhutlong jwa metlha.KMR 98.6

    Ka metlha fa re leofa, Keresete O ntshiwa dintho seša. O re tšholeletsa diatla tsa Gagwe tse di tlhabilweng pele ga terone ya Rara, mme A re, “Ba itshwarele; ka gonne ga ba itse se ba se dirang.”KMR 98.7

    Ka bofefo jaaka Keresete A sena go kokothelwa mokgorong, o no wa tšholediwa ke banna ba ba nonofileng, mme ka tšubulo e kgolo wa latlhelwa mo felong fa o nong o baakanyeditšwe teng. Mo ga dira kutlobotlhoko e kgolo mo go Morwa Modimo.KMR 98.8

    Pilate foo a kwala lokwalo ka se-Latine, se-Gerika, le se-Hebera, mme a lo baya fa godimo ga mokgoro, kwa godimo ga tlhogo ya Jesu, kwa botlhe ba ka lo bonang. Lo badile jana:KMR 99.1

    “Jesu wa Nasaretha, Kgosi ya Bajuda.”KMR 99.2

    Bajuda ba lopa gore lo fetolwe. Baperisiti ba bagolo ba re:KMR 99.3

    “Se kwale, gore, Kgosi ya Bajuda, mme O re, Ene O rile, Ke kgosi ya Bajuda.”KMR 99.4

    Mme Pilate o na a ikgakaletse ka ntlha ya bokoa jwa gagwe jwa pele. Le gone o nyaditse ka botlalo balaodi ba ba lefufa le boikepo. Jalo a fetola:KMR 99.5

    “Se ke se kwadileng ke se kwadile.” Johane 19: 19, 21, 22.KMR 99.6

    Batlhabani ba kgaoganya diaparo tsa ga Jesu gare ga bone. Kobo e nngwe e ne e logilwe e sena moroko, mme kaga yone ga nna le kgang. Kwa bofelong ba fetsa ka go thela bola. Moperofeti wa Modimo o na a boleletse pele gore ba tla dira jana. O kwadile: “Dintša di mpharafere: phuthego ya badiri ba bosula e ntiteetse mo teng; ba tlhabile diatla tsa Me, le dinao tsa Me. . . . Ba kgaogana diaparo tsa Me, mme kobo ya Me ba e laola ka bola.” Dipesalema 22: 16-18.KMR 99.7

    Erile fela Jesu A sena go tsholediwa mo mokgorong, pono e e boitshegang ya dirala. Baperisiti, balaodi, le bakwadi ba nna seyo sengwe fela le boidiidi mo go šotleng le go kgaleng Morwa Modimo yo O šwang, ba re:KMR 99.8

    “Fa e le Wena Kgosi ya Bajuda, ipoloke.” Luke 23: 37.KMR 99.9

    “O ntse A nna A boloka ba bangwe; O retelelwa ke go ipoloka ka esi. Ke Ene Kgosi ya Iseraela; a A ke A fologe jana mo mokgorong, mme re tla Mo dumela. O ikantse Modimo; a O ko O Mo golole janong, fa O Mo eletsa: ka A rile, Ke Morwa Modimo.” Mathaio 27: 42, 43.KMR 99.10

    “Mme ba ba fetang ba Mo kgala, ba tshikinya ditlhoga, ba re, Ahe, Wena yo O senyang tempela, O ba O e aga ka malatsi a le mararo, ipoloke, mme O fologe mo mokgorong.” Mareko 15: 29, 30.KMR 99.11

    Keresete O ka bo A fologile mokgorong. Mme fa A ka bo A dirile se, re ka bo re se nka re bolokwa. Ka ntlha ya rona O na A dumela go šwa.KMR 99.12

    “O na A ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, A teketelwa maikepo a rona; petšo e e re direlang kagišo e ne e le mo go Ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa Gagwe.” Isaia 53: 5.KMR 99.13

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents