Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    1. LORATO LO MODIMO O RATAÑ BATHO KA LONA

    Lobopò le Lehoko ya Modimo ke dilò tse di chwanañ hèla mo go shupeñ loratò loa Modimo. Rra echo kwa legodimoñ ke èna mocwedi oa botshelò, le oa botlhale, le oa boitumèlò. Leba dilò tse di gakgamatsañ le tse dintlè tsa lobopò. Gopola yaka di baakanyedicwe thushò le itumedishò ea motho, le ea ditshedi cotlhe, mo, ke kgakgamacò yaka di bopelancwe. Letsatsi le pula, tse di ipedisañ di rudisa lehatshe, le mayana, le mawatlè, le metlhaba, cotlhe hèla di bua le rona kaga loratò loa Hmopi oa còna. Modimo ko òna o o babalèlañ dibopiwa cotlhe tsa Ona ka galè ka galè. Go bolecwe yalo mo Pesalemen ea 145: 15, 16. Go twe,—DDI 1.1

    “Matlhò a dilò cotlhe a lebeletse wèna;
    Ua tla u di he diyò tsa còna mo metlheñ e e lebanyeñ.
    U huporolola seatla sa gago,
    Me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” Pesalema 145: 15, 16.
    DDI 1.2

    Modimo o bopile motho a le boitshèpò, a le mo boitumeloñ hèla, le lehatshe, ha le cwa mo seatleñ sa Mmopi oa yeòna, ya bo le le lentlè, go sena sepè se se chwanañ yaka tshenyègò leha e phucò. Ke tlolò e e lerileñ bohutsana le losho, eboñ tlolò ea molaò oa Modimo o e leñ molaò oa loratò. Me leha go nntse yalo, mo gare ga matlhoko a, a a cwañ mo boleuñ, loratò loa Modimo loa senolwa. Go bolèlwa mo lokwaloñ ha Modimo o hutsitse mbu oa lehatshe ka ntlha ea motho. Genesese 3: 17. Ga cwa mitlwa le tsitlwatsitlwane, ga nna mathata le diteko tse di lapisan, me di loalecwe molemò oa motho, ke thusò le katishò, e Modimo o e bonyeñ ha e mo chwanetse, gore e mo emisè gapè, e mo choletsè, a tlhatlogè mo tshenyegoñ le mo tatlegoñ e e dirilweñ ke boleo. Me lehatshe, leha le senyegile, ga go bohutsana hèla bo le yosi, leha e le selelò se le shosi. Kgomocò e gòna, le cholohèlò e gòna. Tsitlwatsitlwane o na le dithunya, mitlwa le èona e tle e uñwe dikuñwa tse di yewañ.DDI 1.3

    Kaba ñwe le ñwe ea boyañ, dikukunya mo ditlhariñ di bolèla lehoko ye, tsa re, “Modimo o Loratò. ” Dinònyane tse dintlè di bolèla ka go letsa melodi ea còna, le dithunya tse di mebala e mentlèntlè, di bile di le lonkò lo lo monate, le ditlhare tse di godileñ tsa dikgwa ka botala yo bo nana yoa makakaba, cotlhe hèla di shupa maatlametlo, le pabalèlò, ea Modimo oa rona; di ba di shupa ha o rata gore bana ba Ona ba nnè mo boitumeloñ.DDI 2.1

    Lehoko ya Modimo le re senolèla Modimo, ka go re, O nntse yana le yana. Ona ka osi o boletse bosaheleñ yoa loratò loa Ona, le bopelotelele yoa Ona. Erile Moshe a rapèla Yehofa, a re, “Nchupetsa kgalalèlò ea gago. “Yehofa a mo hetola, a re, “Ke tla hetisa molemò otlhe oa me mo ponoñ ea gago”. Ekesodo 33: 18, 19. Me ke eòna kgalalèlò ea gagwè. Yehofa a heta mo ponoñ ea ga Moshe, me a bolèla, a re, “Yehofa, Yehofa, Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanò, o o bonya go galeha. le o o letlòtlò ya boutlwèlò botlhoko le boamarure, o o bolokèlañ ba ba diketekete boutlwèlò botlhoko, o ichwarèla boikepò, le tlolò, le boleo.” “O bonya go galeha, o pelo namagadi e kgolo,” “Ka go bo O rata boutlwèlò botlhoko. ” Ekesodo 34: 6, 7. le Yona 4: 2. le Mika 7: 18.DDI 2.2

    Modimo o ipoheletse dipelo tsa rona mo go Ona ka dichupo tse di senañ palò kwa legodimoñ le mo lehatshiñ. Ke kadilò tsa lobopò, le ka dithapò tse di monatenate tse di bohanyañ dipelo tsa bana ba batho, me o lekile go itshenolèla rona ka còna. Me leha go nntse yalo, le còna, di tlhaèla go chwantsha loratò loa Ona ka botlalò. Leha go beilwe dichupò tse cotlhe hèla yana, mmaba oa tse di molemò, o hohuhaditse megopolò ea batho, me ba leba Modimo ka poihò, ba re, Oa boitshèga, ga o ichwarele. Satane a gakolola batho ka go re Modimo ke mosekisi hèla, eo o senañ pelo, eo o atlholañ ka bolalome me o lehise molato ka kgagamalò e e thata. A chwantsha Mmopi le moñwe eo o lebileñ batho ka matlhò a a boshula, gore a tlè a lemogè ditimèlò le diphoshò tsa bònè, me a tlisè ditshekishò mo go bònè. Me ha Yesu a tla go aga mo bathuñ, a cwa kwa legodimoñ, e be e le gore a tlosè lehihi yeuò, ka go bonaletsa lehatshe loratò lo lo sa heleñ loa Modimo.DDI 3.1

    Morwa Modimo o na a hologa kwa legodimoñ a tla go bònatsa Rara. “Ga go motho opè eo kileñ a bòna Modimo ka motlha opè; Morwa Ona eo o esi, eo o mo sehubeñ sa ga Rara ke èna eo o o boletseñ. “Yohane 1: 18. Le gòne ga go opè eo o itseñ Rara ha e se Morwa, le moñwe le moñwe eo Morwa o ratañ go mo mo senolèla. Mat. 11: 27. Erile morutwa moñwe a lòpa Yesu, a re, “Re shupetse Rara”, Yesu a mo hetola, a re, ” A ke go re, ke nntse le lona ka lobaka lo lo kana kana, me a ga u e se u nkitse, Filipo? Eo o mponyeñ o bonye Rara; me u bua yañ, ua re, Re bontshè Rara? ” Yohane 14: 8, 9.DDI 3.2

    Erile Yesu a tlbalosetse batho go roñwa ga gagwè mo lehatshin, a re, “Yehofa o ntlòleditse go rerèla bahumanegi efangelio; o nthomile gore ke hodisè ba ba dipelo di phatlogileñ; go rerèla bagolegwa kgololò, le go houbologa ga ba ba hohuhetseñ, le go golola ba ba tikètilweñ.” Luke 4: 18. E ne e le eòna tirò ea gagwè.O na a tsamaea tsamaea a nntse a dira molemò, a bodisa botlhe ba ba patikilweñ ke Satane. Go ne go le metsana kwa go senañ opè eo o ònañ ka botlhoko, leha e le mo tluñ e le ñwe hèla, ka a na a e raletse, a bile a hodisitse babobodi botlhe mo go eòna metsana euò. Ga senolwa loratò, le kutlwèlò botlboko, le go tlhomoga pelo ka tirò ñwe le ñwe e o e dirilen botsheloñ yotlhe yoa gagwè. Tirò ea gagwè ea bònatsa ha go tlodiwa ga gagwè e le ga Modimo, Pelo ea gagwè ea cwèla bana ba batbo ka mautlwèlò botlhoko a manana.DDI 4.1

    A apara botho yoa batbo, gore a ithutè kaha ba tlhòkañ go thusiwa ka gòna. Bahumanegi le ba ba kwa tlhatse tlhatse ba ne ba sa mo tshabe, ba ea kwa go èna hèla. Le e leñ banyana ba gògègèla kwa go ènè, ba itumèla ha ba ka tlolèla mo mañoleñ a gagwè, me ba leba natlhò a gagwè a a bonòlò, a a galalèlañ ka leratò.DDI 4.2

    Yesu ga a ka a lòba lehoko lepè ya boamarure; me metlha eotlbe a bolèla ka mòea oa loratò. A bua ka bocwiriri, le ka mogopolò o o kelotlhòkò mo go kopaneñ ga gagwè le batho. Ga a ka a bua ka boatla gopè, leba e le ka go galeha ka omo, leha e le ka go tlhokohatsa pelo ea opè eo o sisimogañ. Ga a ka a kgalema makòa a batho. A bua boamarure, me ea bo e le ka loratò ka metlha eotlhe. A kgalemèla boitimokanyò, le botlhoka tumèlo. le boikèpò. Me mancwe a dikgalemo tse di hisañ, a tlhakana le selelò ha a di bua. A lelèla Yerusalem, e le motse o, o o ratañ o o ganneñ go mo chola, ènè e leñ. Tsela, le Boamarure, le Botshelò. Batho ba gòna bo mo itatola, ènè Mmoloki, me ènè a ba leba ka loratò lo lo ba utlwèlañ botlhoko. Botshelò yoa gagwè a bo tshèlela ba bañwe go ba dihèla. Meòea eotlhe e ne e ratèga mo matlhoñ a gagwè. A itsaea ka metlha eotlhe ka borèna yoa Semodimo, me a ikòbèla ñwana moñwe le moñwe oa batho ba Modimo o ba bopileñ. A ba bòna botlhe ha e le meòea e e wetseñ mo tatlhegoñ, me e ne e le tirò ea gagwè go ba boloka.DDI 4.3

    Ha re bala botshelò yoa ga Keresete re mo hitlhèla a nntse yalo. Modimo o nntse hèla yalo. Mautlwèlò botlhoko a SeModimo a a èlèlañ mo baneñ ba batho ka meedi e e tletseñ, a cwa mo peduñ ea Rara, me a bònala ka Keresete. Yesu Mmoloki eo o tletseñ bopelonomi, e ne e le Modimo o o bonetseñ mo nameñ. 1 Timoteo 3: 16.DDI 5.1

    Yesu a tla mo lehatshiñ a tshela, a boga botlhoko a shwa, me ea bo e le go rekolola rona. A tla a nna “Monna oa Mahutsana”, gore re nnè baabedwi ba boitumèlò yo bo sa nyeleleñ. Modimo oa leseletsa Morwa Ona eo o ratègañ, a tletse chwarò le boamarure, go cwa kgalaleloñ e e gakgamatsañ kwa legodimoñ, go tla mo lehatshiñ ye le shwahadicweñ le hisicwe ke boleo, e le lehatshe ye le hihihadicweñ ke moruti oa losho le phucò. Oa mo leseletsa go cwa sehubeñ sa loratò, le o tlogèla kobamèlò ea baengela, go tla a boga ditlhoñ le kgòbò, le lonyacò, le kilò le losho, “Pecò e e re dirèlañ kagishò e ne e le mo go ènè; re bile re hodisiwa ka diñalò tsa gagwè. Isaia 53: 5. Mo lebeñ a le kwa nageñ, le a le kwa Getshemane, le a le mo mokgoroñ, Morwa Modimo eo o Boitshèpò a itseèla morwalò oa boleo. Ena eo o na a nntse moñwe hèla le Modimo, a utlwa mo peduñ ea gagwè kgaoganò e mpe e e dirwañ ke boleo ha gare ga Modimo le batho. Ga gamola mo molomuñ oa gagwè Selelò sa tlalèlò sa go re, “Modimo oa me, Modimo oa me u ntatlhetseñ? Mat. 27: 46. E ne e le morwalò o o boketekete oa boleo, le go ikutlwa poitshègò ea bogolo yoa yòna, le yaka bo kgaoganya mòea oa motho le Modimo, e ne e le shòna se se phatlotseñ pelo ea Morwa Modimo.DDI 5.2

    Me boinèlò yo bo kalokalo ga boa ka yoa dirwa gore go cosiwè loratò mo peduñ ea Rara loa go rata batho, leha e le go mo etleeletsa go ba boloka. Nyaea, “Modimo o ratile lehatshe ka bokalokalo oa ntsha Morwa Ona eo o esi. ” Yohane 3: 16. Kara ga a re ratisiwa ke chupèlò, ke ènè eo o baakantseñ chupèlò ka gonne o re ratile galè. Keresete e ne e le èna eo o na a ka hitisetsa leratò lo lo senañ bolekanyo mo lehatshiñ ye le senyegileñ, “Modimo o no o le mo go Keresete, o itetlanyeletsa lehatshe. 2 Bakor. 5: 19. Modimo oa utlwa botlhoko le Morwa Ona. Ea re mo tlaleloñ e o na a nna mo go eòna mo Getshemaneñ le mo loshuñ mo Kalafare a leha tlhwa tlhwa ea thekololò ea rona. Yesu a re, “Ke gòna kaha Rre o nthatañ ka gòna ka ke baea botshelò yoa me, gore ke bè ke bo cholè gapè. ” Yohane 10: 17. Ke go re, Rrè, ka a lo rata thata, Loratò lo Rrè o nthatañ ka lona lo totisiwa bogolo ke tirò e ke lo diretseñ ka eòna ka go lo shwèla, ka erile ke itirile moemedi oa lona, le pèèlèlò, me ke ntsha botshelò yoa me, ka bo ke tsaea melato ea lona, ka rwala ditlolò tsa lona, me ka ratèga thata thata mo go Rrè; me ereka ke itirile setlhabèlò, Modimo o ka nna tshiamò, le gòna o ka nna Mosiamisi oa eo o dumèlañ mo go Yesu. ”DDI 6.1

    Go ne go sena opè eo o ka dirañ thèkololò ea rona; ka gonne go sena opè eo o ka bònatsañ Rara ha e se eo o nañ a le mo sehubeñ sa gagwè. Loratò loa Modimo lo no lo ka bolèlwa ke èna eo o itseñ bogodimo le boteñ yoa lòna a le esi. Go ne go sena sepè se se ka shupañ ka chwanèlò loratò lo Rara o ratileñ batho ba ba latlhegileñ ka lòna, ha e se boinèlò yo bo sa tlhaeleñ mo go sepè, eboñ yoa ga Keresete.DDI 6.2

    Modimo o ratile lehatshe ka loratò lo lo kalo, oa ntsha Morwa Ona eo o esi”. Ga oa ka oa mo ntsha hèla gore a tshèlè mo bathuñ go le gosi, le go belèga dibe tsa bònè, le go shwa setlhabèlò sa bònè, oa mo naea bòna e le locò lo lo latlhegileñ. E ne e le chwanèlò ea ga Kereste go tla a itira moñwe ka bònè, mo botsheloñ le mo go tlhokeñ ga bònè batho. Ena eo o neñ e le moñwe hèla le Modimo a ikòpanya le bana ba batho ka dithapò tse di se ketlañ di kgaoga gopè. Yesu ga a tlhaywa ke ditlhoñ ke go ba bitsa bakauleñwe. ” Bahebera 2: 11. Setlhabèlò sa rona ‘Mueledi oa rona, Mogolo a rona, a apere popègò ea botho yoa rona ha pele ga Setulò sa ga Rragwè sa segosi, o tla nna moñwe hèla le losika lo o lo rekolotseñ go ea le metlha ea bosakhutleñ le bosaeeñ kae, me ke Ena Morwa Motho. Me gotlhe mo, a go dira gore batho ba cholediwè ha hatshe, me ba tlhatlosiwè mo tshenyegoñ le mo botlhabishoñ ditlhoñ yoa boleo, le gore le mo go bònè go bònalè loratò lo lo chwanañ le loratò loa Modimo, le go tlhakana le òna mo boitumeloñ yo bo cwañ mo boitshepoñ.DDI 7.1

    Me yana, ha re leba tlhwatlhwa e e ntshedicweñ thekololò ea rona, le tshenyegèlò ea ga Rra oa rona oa legodimo e o e bonyeñ ka go ntsha Morwawè gore a shwèlè rona, go chwanetse go re sholo hedisa thata ha re tla nna yaka Keresete. Moapostoloi Yohane a leba bogodimo, le boteñ yoa loratò lo Rara o ratileñ batho ba ba nyèlèlañ ka lòna, le boatlhamò yoa lona, a òbama, a bòka; ‘e ka può ea batho e tlhaèla go bolèla ka botlalò bogolo yoa loratò lo, le bopeloenana yoa lòna, a bitsa lehatshe gore le tlè go lo leba ka matlhò. A re, “Bònañ kaha loratò lo nntseñ ka gòne lo Rara o re ratilen ka lòna, ha e bo ne ne hano re bidiwa bana ba Modimo. Me ka e le hoo. motho a bo a le tlhwatlhwa e kgolo yañ! Erile yalè ka boleò batho ba nna batlhanka ba ga Satane. Me yana ea re ka tumèlò mo go Keresete eo o dirileñ tetlanyò ka go itira-chupèlèlò ea buleo, bana ba ga Adame ba ka nna bana ba Modimo. Erile ka Keresete a ikapesa popègò ea motho, a godisa botho yoa batho yalo.DDI 7.2

    Batho ba ba oleñ ba chocwe, ba beilwe kwa boemoñ yo ba ka kopanañ le Keresete gòna, kwa rure ba ka chwanèlwa ke leina ye, “Bomorwa Modimo”.DDI 8.1

    Loratò lo, ga go na lopè lo lo chwanañ nalò. A bana ba Kgosi ea Legodimo! A cholohecò e e Monate! A selò se se chwanetseñ go akañwa thata! A loratò lo Modimo o ratileñ lehatshe ka lòna, e le lehatshe ye le sa rateñ Ona! Ke mogopolò o o tlolañ Mòea oa motho thata, me o henyetse pelo mo go ineleñ go rata Modimo. Ha re ithuta Modimo ka go leba mokgòrò oa ga Keresete, re tla ithuta bogolo bogolo boutlwèlò botlhoko, le pelo e e nana, le boichwarèlò bo tlhakanye le tshiamò le tekatekanyò; e bile re bòna ka dichupò di dintsi loratò lo lo senañ bolekanyeco, le matlhomoga pelo a a gaisañ, a heta le e leñ loratò loa mma ñwana a tlhomogèla ñwana oa gagwè eo o timetseñ pelo.DDI 8.2

    Diphapò tse di bohanyañ batho di ka nyèlèla.
    Tsala e ka itatola tsala,
    Bomma ba ka khutla go otla bana,
    Legodimo le ka heta le lehatshe,
    Me ga go na phetogo epè
    E e ka tsènañ loratoñ loa ga Yehofa.
    DDI 8.3

    Go dilò dihe tse pedi tse di pakañ kaga loratò lwa Modimo?DDI 8.4

    Ke mañ mocwedi wa botshelò, le botlhale le boitumelò?DDI 8.5

    O romèla matshegô ahe go nonotsha dibopiwa tsa gagwe?DDI 8.6

    Ke dilò dihe tse di re dikanyeditseñ tse di re irañ gore re itse gore go nale Modimo ko legodimoñ? Ke mañ o re hañ dilò tse re di batlañ ka malatsi?DDI 8.7

    Motho o na ale mo moemoñ a ntseñ yan ha a cwa mo seatleñ sa mmopi?DDI 9.1

    Ke en se se hetotseñ maemo a motho?DDI 9.2

    Re na le en se se re bontsañ gore Modimo o sa re rata, go tloga nakoñ ea go leoha ga rona?DDI 9.3

    Ke ka ga eñ Modimo o letlelela ditshetlho le mebitlwa le mehero go gola mo mmuñ wa rona?DDI 9.4

    Le dilò tse di bua loratò go rona ka di ntsha dicheshe mo ditshetlhoñ le mo mebitloeñ?DDI 9.5

    Go eñ mo lobopoñ se se nañ le go re itumedisa—dipina tsa di nonyane, dicheshe tse di ntle le dikgwa tse di ntle, tse di re sireletsañ mo letsatsiñ?DDI 9.6

    Ke eñ se se re senolelañ sentlentle mokgwa wa Modimo?DDI 9.7

    Ke go reñ Morena ale pelotelele le rona?DDI 9.8

    Modimo o bohèlèla yañ dipelo tsa rona go ona?DDI 9.9

    Le ha ele mo diloñ tse a di re shupetsa ka botlalò loratò lwa gagwe go rona?DDI 9.10

    Le ha re na le dichupo tse ke mañ o re kgoreletsañ gore re rate Modimo?DDI 9.11

    Satane o rata gore re dumele eñ kaga Rara oa rona eo o kwa Legodimoñ?DDI 9.12

    Ha Rara oa rona ele moatlhodi eo o pelo-e-thata ke go reñ a na a romela morwa eo o hategañ gore a tle gore shwèla?DDI 9.13

    Morwa o na a emetse man ha ale mono lehatshin?DDI 9.14

    Yesu o na a bua yan kaga tirò ea gagwè mono lehatshiñ?DDI 9.15

    Yesu o na a direlañ batho ha a tsamaea mo gare ga bone?DDI 9.16

    Tirò ea gagwè e ne e shupa eñ?DDI 9.17

    Ke go reñ a na a tsaea botho yoa rona.DDI 9.18

    Maitsèo a ga Yesu a na a ntse yañ ha ale mono?DDI 9.19

    O na ka utlwale yañ ha a chwanetse go òmanya motho?DDI 9.20

    Yesu o sheba batho yan?DDI 9.21

    Loratò lwa ga Rara lo elelela yañ go bana ba gagwè?DDI 9.22

    Ke go reñ Yesu a na boga a ba a shwa?DDI 9.23

    O na a cwa eñ gore re bone boitumelo yo bo sa khutleñ?DDI 9.24

    O na a tlogela manno a ntseñ yafi gore a nne le go re dirèla selo se?DDI 9.25

    Dibe tsa rona tsa na tsa leretse Yesu eñ? Ke eñ sa na sa leretse Yesu mahutsana bogolo go dilo cotlhe?DDI 9.26

    A setlhabelo sa ga Yesu sa na sa ira gore Modimo o re ratè bogolo?DDI 10.1

    A ga na ga lopa Rara señwe go rekolola lehatshe ye ye le borukutlhi?DDI 10.2

    Yesu ke eñ go moleohi?DDI 10.3

    A gono go na le moñwè kwa ntlè ga Morwa eo o na a ka re rebola?DDI 10.4

    Ke go reñ go se ka ga shwa moengele mo sebakeñ sa ga Keresete?DDI 10.5

    Yesu o itsalanye yañ le rona?DDI 10.6

    A re, u re irelañ ha pela ga terone ea ga Rara?DDI 10.7

    Ke go ren a re iretse dilo tse cotlhe?DDI 10.8

    Ha re gopola kaga tlhoatlhoa e re rekolocweñ ka eona go chwanetse gore go re ruta eñ?DDI 10.9

    Yohane o baka yañ loratò lo lo ntseñ yalo?DDI 10.10

    Re batho ba ga man ka chwanèlo?DDI 10.11

    Keresete o re buletse tsela e go nna eñ?DDI 10.12

    Choloheco e e botlhokwa! Bana ba Kgosi ea Magodimo! Re chwanetse go gopolañ ka choloheco e e ntseñ yana?DDI 10.13

    Ha re gopola thata kaga selo se, se tla re ira gore re bone- eñ mo setlhabeloñ se se golo?DDI 10.14

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents