Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    7. TEKO EA BORUTWA

    “Ha motho a le mo go Keresete oa ba a le sebopiwa se sesha; dilò tsa bogologolo di hetile, bònañ, di nntse dincha”. 2 Bakor. 5: 17.DDI 66.1

    Motlha moñwe motho oa ba a sa kake a bolèla nakò tòta, leha e le golò kwa o simolotseñ go tlbabologa gòna, leha e le motlhala o o tsileñ ka òna; me mo ga se go re, ga a tlhabologa rure. Keresete o reile Nikodimo, a re, “Phehò e hokèla kwa e go ratañ, me u utlwa go shuma ga eòna, me ga u itse kwa e cwañ le kwa e eañ gòna; moñwe le moñwe eo o tsecweñ ke Mòea o nntse hèla yalo”. Yohane 3: 8. Go nntse lièla yaka phehò, e e sa bonweñ; me leha go nntse yalo re e utlwa sentlè, re bòna ditirò tsa eòna. Mòea oa Modimo o nntse hèla yalo mo go direñ ga Ona mo peduñ ea motho. Thata e e shahatsañ e go senañ leitlhò lepè ya motho ye le kileñ ya e bona, e tie e tsale botshelò yo bosha mo moeñ oa motho, e bope setshedi se sesha mo sechwanoñ sa Modimo.DDI 66.2

    Tirò ea Mòea e tuulala hèla, ga e na mokgwasa, me louñò loa eòna lo tlo lo bònale hèla. Ea re ha pelo e shahadicwe ke Mòea oa Modimo, botshelò yoa motho eo bo tla shupa ha e nntse yalo. Leha re sa kake ra dira sepè go hetola dipelo tsa rona, leha e le go ikopanya le Modimo mo chwanoñ ea òna; le gòna, ka re sa kake ra ikanya sepè sa rona, leha e le ditirò tse di molemò tsa rona, botshelò yoa rona bo tla shupa ha tshegohaeo ea Modimo e nntse mo go rona. Phetogò e tla bònala ka maitsèò, le ka mekgwa, le ka ditirò. Chwanologò mo maitseoñ a yana le a galè a pele, e tla ichupa sentlè hèla mo go senañ kabakanyò. Maitsèò a senòlwa, eseñ ka ditirò tse di molemò go haapana le tse di boshula, me e be e le ka tema èlò ea può le ea ditirò ka metlha eotlhe ea go re, di lemaletse kwa tshiamoñ.DDI 66.3

    Le galè go ka nna maitsèò a a kwa ntlè hèla a a lebegañ, me a senañ thata ea ga Keresete e e shahatsañ motho mo teñ. Go rata bogolwane, le go rata go tlotliwa ke ba bañwe, go ka kgona motho go itshiamisa le go ithulaganya sentlè. Boitlotlò bo ka re tidisa dilò tse di nañ le chwanò ea boshula. Pelo e e bohula e ka thusa bañwe motlha moñwe. Me hoñ re tla itse ka eñ ha re emeñ gòna, le go re, re ntlheñ ea ga mañ?DDI 67.1

    Eo o nañ le pelo ea rona ke mañ? Kea botsa, megopolo ea rona e kwa go mañ? Re rata go bua kaga mañ? Loratò loa rona lo lo tukañ lo kwa go mañ? Re rata go direla mañ bogolo? Re ka ipotsisa dilò tse. Ha re le ba ga Keresete megopolò ea rona e kwa go ènè, le megopolò ea rona e e monatenate ke kaga gagwè. Gotlhe mo re gòna, le mo re nañ nagò ke ga gagwè, ka re go mo chwaetse. Re tlhologolecwe go nna mo chwanoñ ea gagwè, le go hema ka Mòea- oa gagwè, le go dira go rata ga gagwè, le go kgatlha èna mo diloñ cotlhe hèla.DDI 67.2

    Ba ba dihègañ dibopiwa tse dincha mo go Keresete ba tla uñwa louñò loa Mòea,—eboñ loratò le boitumèlò, le kagishò, le pelotelele, le bonòlò, le molemò, le tumèlò, le boiñotlò, le boikgapò. Ga ba ketla ba tlhòla ba ipopa kaha dithatoñ tsa galè; me ba tla tsamaea ka tumèlò ea Morwa Modimo, ba le mo dikgatoñ tsa gagwè, ba tla etsa maitsèò a gagwe; me ba tla itshepisa, gore ba nnè boitshepo hela yaka ene a le boitshèpò. Dilò tse ba di idileñ pele yanoñ baa di rata; me tse ba di ratileñ galè ba di ila yanoñ. Bapelompe ba galè le baikgodisi ba nnè baikgòbalatsi le baiñòtleè mo peduñ yanoñ. Baithati le banyatse ba ba bañwe ba nne masisi, ba ipee kwa moragò. Matagwa a nne baitikanedi, le ba rati ba dinyatsi le diaka ba itshepise. Mekgwa ea lehatshe le dipopèga tsa yeòna di beilwe kwa kgakala. BaKeresete ga ba ketla ba senka go ikgabisa kaha ntlè, me ba tla kgabisa motho oa kwa teñ, mo peduñ, ka se se sa boleñ, eboñ ka mokgabò oa mòea oa boikokobeco le tidimalò”. 1 Petere 3: 3, 4.DDI 67.3

    Ga go na chupò epè ea boikwatlhaò yoa nnete, ha bo sa hetole motho. Ha a rebola peèlèlò, a busa se o se ucwileñ, a ipolèla dibe tsa gagwè, a rata Modimo, le bañwe ka ènè, moleohi o ka itlhòmamisetsa ha a dule loshuñ, me a ile botsheloñ.DDI 68.1

    Ea re ha re tla mo go Keresete yaka batimedi le baleohi, me re abèlwa tshegohacò ea gagwè e e ichwarèlañ, yanoñ loratò lo tlhagahala mo peduñ. Morwalò moñwe le moñwe o nne motlhohu; ka gonne yokwe eo Keresete o mo baeañ mo go rona o boheho. Dichwanèlò di re yesa monate, le go kgaogana le dilò tse di kgoreletsañ ke kgatlhègò. Tsela e e rileñ pele ea bo e le mo lehihiñ, yanoñ e sedihalèlwa ke marañ a a cwañ Letsatsiñ ya Tshiamò.DDI 68.2

    Bontlè yoa botshelò yoa ga Keresete bo tla bònwa ke balatedi ba gagwè. E ne e le kgatlhègò ea gagwè go dira go rata ga Modimo. Loratò loa go rata Modimo, le tlhòahalèlò ea kgalalecò ea Ona e ne e le thata e e laolañ botshelò yoa Mmoloki oa rona. Loratò lo ntlahaditse, loa tlotlohatsa ditirò cotlhe tsa gagwè. Loratò ke loa Modimo. Pelo e e sa nèwañ Modimo ga e kake ea nna nalo. Lo hitlhèlwa hèla mo peduñ e Yesu o busañ mo go eòna. Rona rea rata ka a re ratile pele. 1 Yohane 4: 19. Ea re mo peduñ e e shahadicweñ ka tshegohacò ea Se- Modimo, loratò ke lòna lo lo laolañ me go eòna. Lo bope maitsèò, lo laole maikaèlèlò, le dithatò, lo henye bobaba, lo bèè tlotlò mo maikutloñ. Loratò lo, ha lo otlwa mo moeñ, lo tsenye botshe mo botsheloñ, me monate oa lòna o utlwale mo ntlheñ cotlhe hèla.DDI 68.3

    Go na le ditimèlò di le pedi tse Bana ba Modimo ba chwanetseñ go itisa kaga còna; me bogolo ba e leñ ba basha mo go ikanyeñ tshegohacoñ ea Ona. Ea ntlha ke e e setseñ e bolecwe, ea go re, motho a lebè ditirò tsa gagwè, le go ikanya señwe se o ka se dirañ ka esi go letlanya le Modimo ka shòna. Eo o lekañ go itshepisa ka ditirò tsa gagwè, ka go boloka molaò, o leka go dira selò se o sa kakeñ a se henya gopè. Cotlhe tse motho o ka di dirañ kwa ntlè ga Keresete di mamarecwe ke boithatò le boleo. Ke tshegohacò ea ga Keresete e le eosi hèla. Ka tumèlò, e e ka re itshepisañ.DDI 69.1

    Timèlò e ñwe e e lebaganyeñ e le euò, me e isa diphatseñ ke e, ke go dumèla ha Keresete a golola batho mo molaoñ oa Modimo, le go re, ka e le ka tumèlò e le eosi ha re nna baabedwi ba tshegohacò ea ga Keresete, hoñ re rekolocwe hèla kwa ntlè ga ditirò tse re ka nnañ re di dira leha e ka nna dihe.DDI 69.2

    Me a go tlhokomèlwè ha, go re, kutlwò ga se boinèlò yoa può hèla, ea kwa ntlè, me ke tirèlò e e cwañ mo loratoñ. Molaò oa Modimo ke molaò o o cwañ hèla mo BoModimoñ yoa Ona sebele, me o thaegile mo loratoñ, e bile ke lòna motheò oa mmushò oa Ona mo legodimoñ le mo lehatshiñ. Ea re ha dipelo tsa rona di shahadicwe mo chwanoñ ea Modimo, ha loratò loa SeModimo lo tlhomilwe mo moeñ oa rona, a molaò oa Modimo ga o ketla o dihahadiwa mo botsheloñ yoa rona? Ea re ha loratò lo tlhomilwe mo peduñ, me motho a bopilwe sesha kalia chwanoñ ea Ona o o mmopileñ, hoñ kgòlaganò e ncha e dirahetse e e reñ, “Ke tla baea melaò ea me mo dipeduñ tsa bòna, Ke e kwala mo megopoloñ ea bònè”. Bahebera 10: 16. Me ha molaò o kwadil we mo peduñ, a ga se òna o o tla laolañ botshelò? Kutlwò, e e leñ tirèlò le bokopanò yoa loratò, ke seshupò sa mannete sa borutwa.DDI 69.3

    Hèla yalo Biebele ea re, “Go rata Modimo ke mo, go re, re bolokè ditaolò tsa Ona.” Eo o reñ kea mo itse, me a sa bolokè ditaolò tsa gagwè, ke moaaki; me boamarure ga boeò mo go ènè. 1 Yohane 5: 3 le 2: 4. Tumèlò ga e golole motho gore a se utlwe, me ke eòna eosi e e re naeañ go abèlwa tshegohacò ea ga Keresete, e ba e re naea thata ea go nna mo kutlwoñ kwa go èna.DDI 70.1

    Polokò ga se tuèlò e e duèlañ kntlwò ea rona; ka gonne polokò ke mphò hèla ea Modimo e e cholwañ ka tumèlò me kutlwò ke louñò loa tumèlò. “Loa itse ha a bònadicwe, gore a tlose dibe tsa rona; me mo go èna ga go na boleo. Leha e le mañ eo o nnañ mo go èna, ga a leohe, leha e le man eo o leohañ, ga a e se a mmone, laha e le go mo itse.” 1 Yohane 3: 5, 6. Ha, ke eòna tekò ea mannete. Ha re nna mo go Keresete, me le loratò loa Modimo ha lo agile mo go rona, hoñ maikutlwò a rona, le megopolò ea rona, le maikaèlèlò, le ditirò cotlhe di tla bo di dumalanye le go rata ga Modimo; yaka go senocwe ke ditaeò tsa molaò o o boitshèpò oa Ona. “Banyana, a motho opè a se lo gogèle timeloñ, eo o dihañ tshiamò o tshiamò, hèla yaka le èna a le tshiamò.” 1 Yohane 3: 7. Tshiamò e e leñ eòna e shupiwa ka molaò o o boitshèpò oa Modimo mo ditaoloñ tse di shomè tse di tlhomilweñ kwa Sinai.DDI 70.2

    Se se bidiwañ hèla tumèlò mo go Keresete, me e golola batho 1110 chwaneloñ ea go utlwa molaò oa Modimo, ga se tumèlò ea sepè; ke boikganchò hèla. “Lo bolokilwe ka tshegohacò, ka tumèlò.” Baefesia 2: 8. “Me tumèlò, ha e sen a ditirò e shule.” Yakoba 2: 17. Yesu o na a ipolela kaga gagwè, yaka a na a nntse a e se a tle mo lehatshiñ, a re, ” Ke itumèla thata go dira go rata ga gago, Modimo oa me; E, molao oa gago o mo teñ ga pelo ea me.” Pesalema 40: 8. Me e rile ha a tloga a tlhatlogèla kwa legodimoñ, a ipolèla, a re, “Ke tshegeditse ditaolò tsa ga Krè, me ke nntse mo loratoñ loa gagwè.” Yohane 15: 10. Lokwalo loa Biebele loa re.DDI 70.3

    Me ke gòna kaha re itseñ ka gòna ha re mo itse, ha re boloka ditaolò tsa gagwè. Eo o reñ. Kea mo itse, me a sa boloke ditaolò tsa gagwè, o maaka; me boamarure ga boeò mo go èna: Me leha e le mañ eo o bolokañ lehoko ya gagwè,rure loratò loa Modimo lo dihilwe boitekanèlò mo go èna. Ke gòna kaha re itseñ ha re le mo go èna ka gòna: Eo o reñ o nntse mo go èna, o chwanetse le èna a bo a tsamaea hèla yaka èna a kile a tsamaea. 1 Yohane 2: 3-6.DDI 71.1

    Gonne lo biledicwe gòna mouo: gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaò, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè. 1 Petere 2:21.DDI 71.2

    Botshelò yo bo sa khutleñ bo bònwa gompiyeno hèla yaka bo nntse bo bònwa galè, le yaka go no go nntse mo Edena bagolo ba rona ba e se ba tlole molaò, ka go re bo bonwa ka kutlwò e e itekanetseñ ea molaò oa Modimo, le ka tshiamò e e itekanatseñ. Ha botslielò yo bo sa khutleñ bo no bo abiwa ka goñwe go sele. hoñ go no go tla senyetsa lobopò lotlhe hèla botshelò yoa boitumèlò le tshiamò. Go no go tla bulelwa boleo kgòrò e e atlhameñ, me go tsène tatlhègò le bohutsana gore di èmèlè rure hèla ka bosaeeñ kae.DDI 71.3

    E rile pele motko a e se a we, o na a ka itira tshiamò ka kutlwò ea molaò oa Modimo. Me a tlhaèla go dira yalo; me hèla ka ntlha ea boleo yoa gagwè, popègò ea rona e senyegile, me ga re kaka ra itira tshiamò. E reka re le baleohi, me re itshepologile, re bo re sa kake ra boloka molaò o o boitshèpò sentlè. Ga re na tshiamò epè e re ka kgatlhanañ le molaò oa Modimo ka eòna. Me Keresete o re diretse kgòrò e re ka halolañ ka eòna. O na a aga mo lehatshiñ mo gare ga diteko, le dithaèlò yaka còna tse re kgatlhanañ nacò. Me a aga hèla a sa itse boleo. Me a re Shwèla; me yana o tsaea dibe tsa rona, o re naea tshiamò ea gagwè. Ha u inèla mo go èna, me u mo amogèla go nna Mmoloki oa gago, leha botshelò yoa gago bo tletse boleo, yanoñ u kaiwa tshiamò ka ntlha ea gagwè. Tshiamò ea ga Keresete e eme boemoñ yoa tshiamololò ea gago, me u amogèlwa ha pele ga Modimo hèla yaka ha u ka bo u se ka ua leoha.DDI 71.4

    Me bogolo go mo, Keresete o hetola pelo, o nna mo peduñ ea gago ka tumèlò. U na le go tshegetsa kopanò e le Keresete ka tumèlò, le ka go inèla mo go èna ka metlha eotlhe, me hèla ka lobaka lotlhe lo u dirañ yalo ka lòna, ènè o tla dira mo go wèna gore u rate go dira kalia gokgatlhègañ ènè ka teñ. Me yalo u ka re, “Botshelò yo ke bo tshedileñ yanoñ ke bo tshelèla mo tumèloñ, eboñ tumèlò e e mo go Morwa Modimo eo nthatileñ a ba a intshetsa nna.” Bagalatia 2: 20.DDI 72.1

    Yesu a bua le barutwa ba gagwè yalo, a re, “Ga se lona ba lo buañ, me ke Mòea oa ga Rra eno o o buañ mo go lona.” Mat. 10: 20. Hoñ ka Keresete a dira mo go ona, lo tla bònatsa mòea o moñwe hèla le èna, lo dira ditirò di le diñwe hèla naè, eboñ ditirò tsa tshiamò, le kutlwò.DDI 72.2

    Yalo ga re na sepè se re ka belahalañ ka shòna. Ga re na kaha re ka ikgodisañ ka teñ. Cholohèlò e re nañ naeò e le eosi, e mo tshiamoñ ea ga Keresete e e kaèlwañ kwa go rona, le mo go e e dirwañ ke Mòea oa gagwè, ha o dira mo go rona, le ka rona.DDI 72.3

    Ea re re bua kaga tumèlò, re chwanetse go harologanya e e leñ eòna tòta le e e señ eòna. Go na le tumalanò e e señ eòna tumèlò tòta. Bòeo yoa Modimo, le nonohò ea Ona, le hoamarure yoa Lehoko ya Ona ke dilò tse Satane le mashomòshomò a gagwè ba sa kakeñ ba di latola. Bibele ea re, “Badimona le bònè bao dumèla, me ba roroma.” Yakoba 2: 19, me mo, e be e se tumèlò. Kwa go nañ le tumèlò mo Lehokuñ ya Modimo, le boinèlò mo go rateñ ga òna; gapè ha pelo e neecwe òna, le loratò lo tlhomilwe mo go òna, hoñ go na le tumèlò, eboñ tumèlò e e dirañ ka loratò, me e ntlahatsa mòea oa motho. Pelo e shahalediwa mo chwanoñ ea Modimo ka tumèlò e. Me pelo e e neñ e sa shahadiwa, popègò ea eòna, ga e na boinèlò mo molaoñ oa Modimo; le gòna ga e kake ea na nayò; me yanoñ ka e shahadicwe, ea itumèla mo ditaeoñ tse di boitslièpò tsa Ona, me e bua yaka motho oa Pesalema, a re, ‘‘Ana ke rata molaò oa gago yañ! ke òna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe.” Ps. 119: 97. “Me tshiamò ea molaò e dirahetse mo go rona ba re sa sepelen kaha nameñ, ha e se kaha moeeñ.” Baroma 8: 1.DDI 73.1

    Go na le bònè ba ba itseñ loratò loa ga Keresete lo lo ichwarèlañ, me ba eletsa rure go nna bana ba Modimo; leha go nntse yalo, ba itemoga ha ba sa tlhaetse, le botshelò yoa bònè ha bo le kgòpò, me ba tloga ba belaèle, ha dipelo tsa bònè di sa shahadiwa ke Mòea o o Boitshèpò ke raea bònè ba ba nntseñ yalo, ka re, Lo se ka loa ikgogona loa itlhoboga. Ga rona ke go inamèla ha dinaoñ tsa ga Yesu, le go lelèla ditlhaèlò le diphoshò tsa rona, me ga rea cliwanèla go ñodièga. Leha re hencwe ke mmaba, ga rea latlhwa, ga rea tlogèlwa, ga rea tlhobogwa ke Modimo. Nya, Keresete o kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo. Eo le ènè o re rapèlèlañ, Yohane oa Morategi a re, “Dilò tse. ke di lo kwalèla, gore lo se leohe. Me, ha motho, leha e le mañ a leoha, re na le mmuèledi kwa go Rara, eboñ Mosiami Yesu Keresete.” 1 Yohane 2:1. Le gòna, Se lebale lehoko ya ga Keresete, a re, “Rara ka esi oa lo rata.” Yohane 16: 27. O eletsa go lo bosetsa kwa go ènè, le go bòna bontlè yoa gagwè le boitshèpò yoa gagwè mo go wèna. Me ha u inèla hèla mo go ènè, eo o siamolotseñ tirò e e molemò mo go wèna, o tla e cwedisetsa kwa pele go hitlha kwa letsatsiñ ya ga Yesu Keresete. Rapèla ka tlhoahalò bogolo; dumèla ka botlalò. Yaka ha re belaèla nonohò ea rona, a re ikanyeñ nonohò ea Morekolodi oa rona, me re tla mo leboga thata, eboñ ènè eo o re tshedisañ sentlèntlè.DDI 73.2

    Ha u atamèla gauhi kwa go Yesu, ke gòna bogolo u tla iponañ melato e e mo go wèna; ka gonne matlhò a gago a tla sèlwa, me ditlhaèlò tsa gago di tla bònala sentlè mo lesediñ ya chwanò ea gagwè. Me mo, e tla nna seshupò sa go re diphoro tsa ga Satane ga di tlhole di na le thata, le go re yanoñ Mòea oa Modimo o o rudisañ o gu rudisitse.DDI 74.1

    Loratò lo lo rateñ Yesu lo lo tiileñ kwa teñ, go lo kake loa aga mo peduñ ea motho eo o sa ipòneñ boleo yoa gagwè. Mòea o o hetocweñ ke tshegohacò ea ga Keresete,. o tla godisa maitsèò a BoModimo a gagwè, me ha re sa ipone bokgòpò yoa rona, ke chupò e e sa ganediwañ ea go re, ga re e se re be re bone bontlè le tlotlomalò ea ga Keresete.DDI 74.2

    Ha re nntse re iñòtla re sa ipone molemò, bogolo bogolo re tla tlotla boitshèpò yo bo heteletseñ, le bontlè yo bo heañ yoa Mmoloki oa rona. Go bòna boleo yo bo mo go rona go re lelèkèla koa go ènè eo o ka re ichwarêlañ. Me ea re ha mòea oa motho o bòna botlhòkathushò yoa òna, me o othtlolèla mabògò kwa go èna, o tla itshenola mo thateñ. Ha maikutlwò a botlhòkwa yoa rona bo re lelekèla kwa go ènè, le kwa Leliokuñ ya Modimo, hèla bogolo bogolo ponò ea rona e tla golèla pele go itse sebopègò sa gagwè, le eòna chwanò ea gagwè e tla bònala mo go rona ka mo go heteletseñ.DDI 74.3

    Motho ke eñ ha ale mo go Keresete?DDI 75.1

    Ka gonne re se kake ra bolèla gore ra na ra tlhabologa lefi a seò ke bopaki gore ga rea shokologa?DDI 75.2

    Yesu o na a bapisa yañ chokologò go Nikotemoe?DDI 75.3

    A re ka bona phehò?DDI 75.4

    A re itse ko e hokelañ gòna?DDI 75.5

    A re ka bòna Mòea o o Boitshèpò?DDI 75.6

    A re ka utlwa thata ea òne mo matsheloñ a rona?DDI 75.7

    Mòea o tla re dira eñ ha re a amogèla?DDI 75.8

    Ka gonne re se kake ra hetola pelo tsa rona a ga go na sepè se re ka se dirañ mo chokologoñ ea rona?DDI 75.9

    Ha re amogèla Mòea o o Boitshèpò go tla bonwa eñ mo Matsheloñ a rona?DDI 75.10

    A re ka bonala re le molemò me re tletse boleo mo peduñ tsa rona?DDI 75.11

    Re ka itse yañ gore re kaha ntlheñ ea ga mañ?DDI 75.12

    Re chwanetse ra ipotsa dipocò dihe gore re itse gore re kaha ntlheñ ea ga mañ?DDI 75.13

    Ha re le baga Keresete megopolò ea rona e tla nna eñ?DDI 75.14

    Dibopiwa tse dincha di tla lere mauño a mohuta ohe?DDI 75.15

    Go phètolo ehe e e nnañ mo dikelecoñ?DDI 75.16

    Mekgabo ea botshelò yoa Mokeresete ke eñ?DDI 75.17

    A go na le boikwatlhaò yoa nnete kwa ntlè ga phetolo mo botsheloñ?DDI 75.18

    Yesu o re pegile yokwe ea mohuta ohe?DDI 75.19

    Ke eñ se se nnañ boitumèlò?DDI 75.20

    Thata e e ne e busa mo botsheloñ yoa Morèna ke eñ?DDI 75.21

    Go hitlhelwa loratò mo peduñ ea ga mañ hèla?DDI 75.22

    Loratò lo lo re dirèla eñ?DDI 75.23

    Cotlhe tse re ka di dirañ kwa ntlè ga Yesu di señwa ke eñ?DDI 75.24

    Ke eñ hèla se se ka re itshepisañ?DDI 75.25

    Go dilò dihe tse pedi tse di dirañ mmogo di dirèla polokò ea rona?DDI 76.1

    Kakelo ke eñ?DDI 76.2

    Ke eñ se e leñ mothèò oa pusho ea ga Yehofa kwa godimo le mo lehatshiñDDI 76.3

    Ha molaò oa gagwè o kwadilwe mo peduñ tsa rona o tla dira mo matsheloñ a rona?DDI 76.4

    Chupò ea nnete ea molatedi ke eñ?DDI 76.5

    Eo o reñ o rata Modimo mme a sa chware taolo tsa gagwè ke eñ?DDI 76.6

    A polokò e bonwa ka go chwara ditaolo?DDI 76.7

    Re bòna yañ polokò?DDI 76.8

    Go akela ke mauño a eñ?DDI 76.9

    Ha re nna mo go ènè le ènè mo go rona maikutlo le ditirò le megopolò ea rona e tla dumalana le eñ?DDI 76.10

    A re ka nna le tumèlò kwantlè ga ditirò?DDI 76.11

    Ke eñ sa na sa ira Yesu gore a itumèlè go dira thato ea ga Rara?DDI 76.12

    A Yesu o na a tshegetsa molao o o re kopañ gore re o tshegetse?DDI 76.13

    Re ka itse yañ gore rea mo itse?DDI 76.14

    Ke eñ se eleñ maèmo a botshelò yo bo sa khutleñ?DDI 76.15

    Ka gonne Atamo a tlhaetse go chwara taolo go re irele yañ?DDI 76.16

    Ka gonne re se na tshiamò ea rona Yesu, o re diretse eñ?DDI 76.17

    O laleditse go dira kananyo ehe?DDI 76.18

    Ke botshelò yoa ga mañ yo bo emeñ mo maemoñ a matshelo a rona ha pele ga Yehofa?DDI 76.19

    Ke mañ eo o hetolañ pelo?DDI 76.20

    O ka nna yañ mo peduñ?DDI 76.21

    Yesu o tla re thusa ka maèmo ahe?DDI 76.22

    Motheo hèla oa cholohèlò ea rona o mo go eñ?DDI 76.23

    A re ka dumèla me re se na tshèphò?DDI 76.24

    A Satane dumela? Mme ga a na tshèpò.DDI 76.25

    A tumèlò ea nnete e dira ka metlha?DDI 76.26

    A re chwanetse ra ñodiega ka gonne re bona diphosho mo matsheloñ arona?DDI 76.27

    Yesu o re dirèlañ ha re tlhaela?DDI 76.28

    Ha re leoha ka bomo a o tla re buèlèla?DDI 77.1

    Ke eñ se se re chwaraganyañ le legodimo ka malatsi otlhe?DDI 77.2

    Re tla bonala yañ mo matlhoñ a rona ka rosi ha re tshela gauhi le Yesu?DDI 77.3

    Se ke chupò ea eñ?DDI 77.4

    Moñwe eo o hetocweñ o tla bonañ mo botshelon yoa gagwè?DDI 77.5

    Re tla bòna eñ go latèla mo botsheloñ yoa Morèna?DDI 77.6

    Ke eñ se re kgweeletsañ ko go ènè eo o ka ichwarèlan?DDI 77.7

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents