Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    11. CHWANELO EA THAPELO

    Modimo o bua le rona ka lobopò, le ka Lehoko ya Ona, le ka tirò ea Mòea oa Ona. Me dilò tse ga dia lekana; le rona re chwanetse go tshèlèla pelo tsa rona ha go Ona. Re chwanetse go kopana sebele le Rra oa Legodimo, gore re tshelè botshelò yoa semòea ka bonatla, le ka bocwèlèlò pele. Pelo ‘tsa rona di ka gogègèla kwa go ènè: re ka akanyetsa ditirò tsa gagwè, le dithushò tsa òna Modimo, le ditshegohacò tsa Ona; me mo ga se bokopanò yo bo tletseñ. Go kopana le Modimo rure, ke go na le señwe se re se o bolèlèlañ kaga botshelò yoa rona tòta yoa ka malatsi aotlhe.DDI 110.1

    Go rapèla ke go bulèla Modimo moyakò oa pelo, yaka ha pelo e bulèlwa tsala. Le galè, ga go lopiwe gore re itsise Modimo popègò ea rona; me thapèlò ke rona go ipaakanyetsa go shola Ona Modimo. Thapèlò ga e holosetse Modimo kwano go rona, me e re choleletsa kwa go Ona.DDI 110.2

    E rile Yesu a le mo leliatshiñ, a ruta barutwa ba gagwè kaha go ka rapèlwañ ka gòna. A ba kaèla gore ba bolèlèlè Modimo dilò tse ba di tlhòkañ ka letsatsi leñwe le leñwe, le gore ba latlhèlè ditlhodiègò cotlhe tsa bònè mo go Ona. Me yaka a ba tlhòmamisetsa ha merapèlò ea bònè e tla utlwiwa, le gòna ke tlhòmamisecò ea rona.DDI 110.3

    Yesu ka esi, o rile a le mo bathuñ a nna a rapèla ka galè. Mmoloki oa rona a itlwaetsanya le matlhòkwa le makòa a rona, me e le ka gòna a itira mokopi le molòpi; a nna a batla dithushò tse dincha mo go Rragwè, gore a cwèlè kwa tiroñ, le kwa ditekoñ a nonohile ka nonochò ea selegodimo. Ke ènè sekaò sa rona mo diloñ cotlhe. Ke mokauleñwe oa rona ka go itse dinyèma tsa rona. “Ka a na a raèlwa mo diloñ cotlhe yaka rona”, me ka a sa itse boleo a tshaba tse di bashula; a ichokèla ditlhokohacò tsa pelo mo lehatshiñ ya boleo. Me ka e ne e le motho, botho yoa gagwè yoa dira gore go rapèla ke chwanèlò, le tshegohacò. A bòna kgomocò le boitumèlò mo go kopaneñ le Rragwè. Me yana ha Mmoloki oa batho, le Morwa Modimo a na a ikntlwa ha go rapèla e le thushò, bogolo yañ batho hèla ba ba bokòa, ba ba boleo, ba chwanetse go ipòna ha ba chwanetse go rapèla ka tlhòahalo, le ka galè.DDI 110.4

    Rra echo oa Legodimo o letile rona gore a beè tshegohacò ea gagwè mo go rona ka botlalò. Re neecwe go nwa ka botlalò mo mocwediñ oa loratò o o senañ tekanyò. Ke kgakgamacò yañ ha re rapèla go le go nnye hèla yaka re dira. Modimo o ikeetleditse, o bile o rata go utlwa thapèlò e e itshekileñ ea bana ba Ona le ba e leñ babòtlana hèla; me leha go nntse yalo goa bònala ha re ikgogona thata, me re tsliaba go itsise Modimo tse re di tlhòkañ. Ana baeugela ba legodimo ba ka gopola yañ kaga bana ba batho ba ba senañ thushò, ba ba raèlwañ, me pelo ea loratò ea Modimo e ba tlhologelecwe, e ipaakanyeditse go ba abèla mo go hetañ topò le mogopolò oa bònè; me bònè ba itshemeletsa go rapèla; ba rapèla go le gonnye, me ba bile ba na le tumèlò e nnye hèla? Baengela ba itumèlò go obama ha pele ga Modimo; ba rata go nna gauhi naò. Ba kaea go kòpana le Modimo boitumèlò yo bo hetele-tseñ; me leha go nntse yalo, ba lehatshe, ba ba tlhòkañ thushò e ba ka e nèwañ ke Modimo o le osi ba itumèla go tsamaea lièla kwa ntlè ga lesedi ya Mòea oa Ona, le kwa ntlè ga bokopanò yoa sebònalò sa Ona.DDI 111.1

    Lehihi ya ga Satane eo mpe le akareditse ba ba tlhokomologileñ thapèlò. Dithaèlò tse mmaba o di ba sebetsañ di ba hepisetsa kwa boleuñ; me gotlhe hèla e be e le ka ba sa shwele molemò dithushò tse Modimo o ren o di ba naea mo thapeloñ e o e ba laoletseñ. Ke ka ntlha eañ bomorwa Modimo le bomorwadia Ona ba itsemele tsa go rapèla? A ga ba itse lia thapèlò e le sekopololò se se chocweñ ke seatla sa tumèlò go bula mabolokèlò a legodimo, kwa go bolokecweñ dikhumò tse di sa kakeñ tsa èlwa, tsa Mothataeotlhe gòna? Ha re sa rapele ka tlhòahalò, le ka tishò e e sa lapeñ, ga rona ke go atlahala le go hapoga tsela e e siameñ. Moganetsi o senka ka metlha eotlbe go kaba tsela e e eañ sennoñ sa boutlwèlò botlhoko, gore re se ka ra isa mekokotlèlò ka tumèlò, go batla thushò, le thata ea go ganèla le dithaèlò tsa mmaba.DDI 112.1

    Re ka sholohèla ha Modimo o tla utlwa, o ba o araba merapèlò ea rona ha re dira dilò tse di lopilweñ mo go rona. Sa ntlha ke go ikutlwa ha re tlhòka thusho e e cwañ go Ona. O re sholoheditse ka go re “Ke tla tshèla metsè mo go ènè eo o nyorilweñ, le dinokana mo lehatshiñ ye le omeletseñ”. Isa. 44: 3. Ba ba bolaèlwañ tshiamò ke tlala le lenyora, ba tlhologelecwe Modimo, ba ka itse rure ha ba tla kgorisiwa. Me pelo e chwanetse go bulègèla Mòèa, gore o tsènè; ha go sa nna yalo, tshegohacò ea Modimo e bo e sa kake ea cholwa.DDI 112.2

    Go tlhòka ga rona mo gogolo ke se se chwanetseñ go re kgola, le go re bolèlèla ka mo go utlwalañ. Me Morèna o chwanetse go atamèlwa gore a re dirèlè dilò tse. Enè a re, “Lopañ, me le tla nèwa”. Mat. 7: 7. Ona o o se kañ oa rèkègèla eo e leñ Morwa òna, me oa mo neèlèla rona rotlhe loshuñ, ana o tlhòka yañ go re naea hèla dilò cotlhe naè? — Baroma 8: 32.DDI 112.3

    Me ha re tlhokometse boikèpò mo dipeduñ tsa rona, ha re ñapare tse sebe señwe se se itsegeñ, Morèna ga a ketla a re utlwa; me thapèlò ea moikwatlhai eo o mòea o o phatlògsleñ, e cholwa ka galè. Ea re ha re siamisitse ditshiamololò cotlhe tse re ikitseñ ha re di dirile, re ka dumèla ha Modimo o tla utlwa merapèlò ea rona. Molemò o e leñ oa rona hèla ga o ketla o re dirèla boèmò ha pele ga Modimo. Ke molemò oa tshiamò oa ga Yesu o o tla re bolokañ; ke madi a gagwè a a re ntlahatsañ; me le rona re na le tirò ea rona, eboñ go dira yaka re kaecwe, gore re cholwè ke Modimo.DDI 113.1

    Se señwe se se tlhakanañ le thapèlò go e naea phenyò, ke Tumèlò. Me kwa ntlè ga tumèlò go reteletse rure go o kgatlha: gonne eo o tlañ Modimoñ o chwanetse go dumèla ha o leeò, e bile e le òna moduedi oa ba ba o batlañ. — Bahebera 11: 6. Yesu a raea barutwa ba gagwè, a re, “Dilò cotlhe tse lo di rapèlèlañ, lo di lòpa lo dumèlè ha lo di amogetse, me lo tla di bòna”. Marko 11: 24. A yana rona, a rea dumèla lehoko ya gagwè?DDI 113.2

    Tsetsepecò ea cholohecò e atlhame ga ea khutsahadiwa, me ènè eo o sholoheditseñ o boikañò. Ea re ha re sa amogele dilò tse re di lòpañ ka nakò e re di lopileñ, re chwanetse go dumèla hèla ha Morèna a utlwa, le go re, o tla araba merapèlò ea rona. Re tlhòka kicò thata, re bile re pònò e khuchwane me motlha moñwe re lòpa dilò tse di se ketlañ di re dirèla molemò, me Rra echo oa legodimo, ka loratò loa gagwè, o tla a arabe merapèlò ea rona, ka go re naea dilò tse di tla re lemòhalèlañ bogolo bogolo; me e be e le còna tse ha re ka boñ re itsile gale bonnete yoa còna ka kicò e e sedihetseñ, re ka bo re lopile còna tòta. Ea re ha go nna yaka ekete merapèlò ea rona e sa bone karabò, re chwanetse go tshegetsa choloheeò hèla; ka go bo lobaka loa go arabiwa lo tla tla rure; me re tla amogèla tshegohacò e re e tlhòkañ segolo bogolo. Me mogopolò oa go re, thapèlò e chwanetse go arabiwa ka bonakò hèla yaka go lopilwe, ka nakò le ka mokgwa o go rapecweñ ka òna. Ke boitalecò hèla. Botlhale yoa Modimo ga bo kake yoa timèla. Modimo o molemò, me o sa kake oa gana go abèla batliòkgami sepè se se molemò, me ke gòna lo se ka loa boiha go ikanya mo go Ona, leha lo sa bone karabò ea merapèlò ka boheho. Ikaegañ lehoko ya gagwè ya cholohecò ya le tlhomameñ, ye le reñ, “Lopañ me lo tla se nèwa”.DDI 113.3

    Ha re gakololana le dipelaèlò le dipoihò tse di re tlhagèlañ, goñwe re leka go tlhaloganya cotlhe tse re sa di boneñ sentlè re e se re ne le tumèlò, dikakabalò di tla ntsihala, di ba di epègèla kwa teñ mo go rona. Me ha re tla mo Modimoñ ka go ikutlwa botlhòka thushò, le ka go tlhòka maikaègèlo hèla yaka re nntse, me le ka boikokobecò, le tumèlò e e ikanyañ, re ba re itsise Ona tse re di tlhòkañ, eboñ Ona o o itseñ gotlhe gotlhe hèla, le o o bònañ lobopò lotlhe, me o laola dilò cotlhe kaha go rateñ ga Ona, le ka lehoko ya Ona, o tla tlhokomèla selelo sa rona; me o tla tlhagisetsa lesedi mo dipeduñ tsa rona. Thapèlò ea nnete e tle e re kopanye le pelò ea Ona o o tletseñ ka lobopò lotlhe hèla. Motlha opè ga re ketla re bòna dichupò tsa go re, sehatlhògò sa Morekolodi oa rona se re okame ka kutlwèlò le loratò; me se nntse hèla yalo. Leha motlha moñwe re sa utlwe kamò ea gagwè e e bonalañ, leha go nntse yalo seatla sa gagwè se mo go rona ka loratò, le ka bopeloenana yoa kutlwèlò botlhoko.DDI 114.1

    Ea re re atamèla Modimo go kopa chwarò le tshegohacò mo go òna, se se re chwanetseñ ke go kopa pelo ea loratò, le boichwarèlò go nna mo go rona ka rosi. Re ka rapèla yañ, ra re, “Ichwarèle melato ea rona, yaka rona re ichwarèla ba ba molato le rona”? Ha go le mòea mo go rona oa go gana go ichwarèla. Ha re sholohèla, go re, merapèlò ea rona e tla utlwiwa, re chwanetse go ichwarèla ba bañwe hèla ka mokgwa o, le ka botlalò yo le rona re sholohetseñ go ichwarelwa ka yòna.DDI 114.2

    Gape go batlèga boichòkò mo thapeloñ ha re rata go amogèla se re se lòpañ. Re chwanetse go rapèla ka metlha eotlhe, ha re rata go gola mo tumeloñ, le mo tlwaèloñ ea tse di molemò. Ga twe, “Cwèlèlañ ka tlhomamò mo thapeloñ lo nntse lo lebeletse mo go eòna ka go ntsha malebògò”. Bakolosa 4: 2. Petere a re, “Lo ikgapè, gore lo bònè go ineèla mo thapèloñ”. 1 Petere 4: 7.DDI 115.1

    Paulo a re, “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditòpò tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlò le kokotlèlò, di na le tebogò”. BaFilipi 4: 6.DDI 115.2

    Yude a re, “Me lona, baratwa, lo re lo nntse lo ikaga mo tumeloñ ea lona e e itshepileñ segolo, le lo nntse lo rapèla mo Moeeñ o o Boitshèpò.
    Lo nne lo ipoloke mo loratoñ loa Modimo, lo nntse lo lebeletse kutlwèlò botlhoko ea Morèna oa rona Yesu Keresete, e e isañ botsheloñ yo bo sa khutleñ”. Yude 20, 21.
    DDI 115.3

    Thapèlò e e sa khutleñ ke bokopanò yo bo sa kgaogeñ yoa mòea oa motho le Modimo; me yalo botshelò yo bo cwañ Modimoñ bo èlèla mo botsheloñ yoa rona, me go le gonnye bo nne yaka botshelò yoa Modimo.DDI 115.4

    Go na le kgorobèlèlò e e chwanetseñ go re tlhoahatsa go rapèla. U se ka ua kgorelediwa ke sepè. Leka ka thata eotlhe, gore go se tsene sepè go kgoreletsa bokopanò yoa mòea oa gago le Yesu. Batla dipaka tsa go ea kwa thapèlò e tleñ e dirwe gòna. Ba ba senkañ rure bokopanò le Modimo ba tla hitlhèlwa mo diphuthegoñ tsa merapèlò, ba le boikanyègò kaga tse ba chwanetseñ go di dira, ba le tlhòahalò ea go bòna molemò, le thusho e e bonwañ gòna. Ba tla nna ba ikisa kwa ba ka tlhagègèlwañ ke marañ a lesedi ye le cwañ legodimoñ teñ.DDI 115.5

    Le gòna re chwanetse go rapèla le bana mo lolwapeñ; me bogolo go se ka ga lebalwa thapèlò ea mo sephèriñ, ka gonne.ke eòna botshelò yoa mòea oa motho. Mòea ga o kake oa tlhògònòlòhala ha go tlhokomologwa thapèlo.DDI 116.1

    Thapèlò mo tluñ le kwa phuthegoñ ga ea lekana e le eosi. E re mo boyosiñ, a pelo e apolèlwè leitlhò ya Modimo ye le kelekañ. Thapèlò ea mo sephèriñ e chwanetse go utlwiwa ke Modimo o le osi, òna o o utlwañi thapelo gale. Go se ka ga atamèla tsèbè epè e sele go reetsa ditòpò tse di nntseñ yana. Mo thapeloñ ea mo sephiriñ, pelo ga e tlhodiege ka medumò ea tsa kwa ntlè, ga e teatee kwa le kwa. Me e otlololèla lecogò kwa Modimoñ ka boiketlo me ka go tnkèla Ona. Me dithushò di tla nna monate thata, di ba di nnèla rure eboñ tse di cwañ mo go Ona o o bònañ mo sephiriñ, o ditsèbè tsa Ona di utlwañ thapèlò e e cwañ mo peduñ. Pelo e chwara bokopanò le Modimo ka tumèlò e e tiileñ, me e ikokwanyetsa lesedi ya SeModimo gore e bònè sentlè, e be e nonohe go lwa le Satane. Modimo ke kagò e e godileñ ea rona ea phemèlò le ea botshabèlò.DDI 116.2

    Rapèla mo ntlwaneñ ea gago; me le u le mo tiroñ ea gago ea malatsi, a pelo ea gago e nnè e cholèlèdiwè kwa Modimoñ. Henoke o na a sepela le Modimo ka mokgwa o o nntseñ yalo. Marapèlò e, e e senañ mancwe e tlhotlogèla kwa sennoñ sa tshegohacò yaka mashwalò a a tlhòkègañ. Satane ga a kake a henya motho eo pelo ea gagwè e ikaegetseñ mo Modimoñ yalo.DDI 116.3

    Ga go na lobaka lopè, leha e le helò gopè ba go ronañ go rapèla Modimo. Ga go na sepè se se ka re kganèlañ go choletsa dipelo tsa rona mo thapeloñ. Mo gare ga bontsintsi yoa batho mo motsiñ, le mo gare ga tirò, re ka tlhatlosetsa tòpò kwa Modimoñ, me re lòpa go kaèlwa tsela. Hèla yaka Nehemia a na a dira a eme ha pele ga kgosi Aretakerese, ntlwana ea bokopanò e ka bonwa goñwe le goñwe ha re gòna. Secwalò sa pelo se chwanetse go èma se bulegile ka galè, re nntse re lòpa Yesu go tla le go nnèla rure, me yaka tsala ea legodimo a nnè mo peduñ tsa rona.DDI 117.1

    Leha ga ka nna mòea o o mashwè o o sebodu ha go rona, ga rea chwanèla go ikgosetsa mòea ouò ha re sa rate, me re ka tshela ka mòea o o itshekileñ oa legodimo. Re ka cwala meyakò eotlhe gore go se tsene dikakanyò tse di itshekologileñ, le megopolò e e boshula. Re ka dira yalo ka go choleletsa dipelo kwa Modimoñ ka thapèlò e phepa ea nnete. Bònè ba dipelo tsa bònè di bulegetseñ thushò le tshegohacò ea Modimo ba tla sepela mo matlhasediñ a a gaisañ matlhasedi a lehatshe, me ba tla bòna bokopanò le legodimo ka galè ka galè.DDI 117.2

    Re chwanetse go nna le matlhò a a bònañ Yesu sentlè, bogolo le go tlhaloganya bogolo bogolo bonnete yoa dilò tsa bosaheleñ. Tèbo ea bontlè yoa boitshèpò e chwanetse go tlala ka dipelo tsa bana ba Modimo, me mo, go ka dirahala ha re batla ditshenolèlò tsa SeModimo kaga dilò tsa legodimo.DDI 117.3

    A pelo e tlhatlosediwè kwa godimo, gore Modimo o mmè re hupè matlhasedi a Selegodimo. Re ka ikama le Modimo, gore, e re re cogèlwa ka choganecò ke tekò, megopolo ea rona e shokonogèlè kwa go Ona, hèla yaka dicheshe di tle di retologèlè kwa letsatsiñ. A polèlò ea dilò tse u di tlhòkan, le maipelò a gago, le mahutsana a gago, le ditlhodiègò, le dipoihò di nnè ha pele ga Modimo ka galè. Ga u kake na imèla Ona; leha e le go o lapisa. Ona o o itseñ palò ea meriri ea tlhògò ea gago ga oa tlhokomologò kaga dilò tse bana ba òna ba di tlhòkañ. Morèna o tletse bopelotlhomogi, me o boutlwèlò botlhoko”. Yakobe 5: 11. Pelo ea gagwè ea loratò e amilwe ke mahutsana a rona, le ke polèlò ea rona kaga còna. Dilò cotlhe tse di kamañ pelo a di isiwe kwa go ènè. Ga go na sepè se se ka mo imèlañ, ka a tshegeditse lobopò, o laola dilò cotlhe cotlhe tsa lòna. Ga go lehihi lepè ye ke ka nnan mo go yeòna ye o sa boneñ sentlè mo go yeòna; ga go ditharanò dipè tse di ka mo retelelañ go di ranolola. Ga go tatlhègò epè e e ka wèlañ bana ba gagwè, leha e le tlalèlò e e tlaletsañ mòea oa bònè, leha e le boitumèlò yo bo ba itumedisañ, leha e le thapèlò e cwa molomuñ oa bònè e o sa e tlhokomèleñ ka boheho. O hodisa ba ba pelo di phatlogileñ, o hapa dintho tsa bònè Pesalema 147: 3. Makopanò a Modimo le mòea moñwe le moñwe ke a a tletseñ, a itkanetse, yaka ha go kabo go sena opè oa bobedi mo lehatshiñ o o chwanetseñ go tlamèlwa leha e le opè oa bobedi o, o mo ntsheditseñ Morwa Ona.DDI 117.4

    Yesu, a re, “Mo tsatsiñ yeuò lo tla lòpa ka leina ya me: me ga ke lo ree, go re, Ke tla lo rapèlèla Rara; Gonne Rara ka esi oa lo rata, ka gonne lo nthatile, lo bile lo dumetse ha ke cwa kwa go Rara”. Yohane 16: 26, 27.DDI 118.1

    Ga loa ka loa intshenkèla, ke nna ke itshenketseñ lona me ka lo laolèla go ea go uñwa, le gore louñò loa lona lo tlhòmamè: gore e tle e re se lo se lòpañ Rara, leha e ka nna eñ, ka leina ya me, a se lo neè. Yohane 15: 16.DDI 118.2

    Me go rapèla mo leineñ ya ga Yesu, ke mo go hetañ go umaka leina yeuò hèla, ha re simolola, le ha re khutla. Ke go rapèla ka pelo, le ka mòea oa ga Yesu, re nntse re dumetse dicholohecò tsa gagwè, me re ikanya tsliegohacò ea gagwè, re ba re dira ditirò tsa gagwè.DDI 118.3

    Ga se go re Modimo o rata gore re ikeolè mo go ba bañwe, leha e le go itomologanya le lehatshe, me re ineèla hèla mo tireloñ ea kobamèlò ea òna hèla. Botshelò bo chwanetse go etsa botshelò yoa ga Keresete ha gare ga thaba ea thapèlò le tirèlò ea batho. Eo o sa direñ sepè ha e se go rapèla o tla akoha a khutla go rapèla; goñwe merapèlò ea gagwè e tloge e nne dipalabalo hèla. Ea re ha batho ba ikeola mo go ba ga bònè, ba tlogèla tsela ea tirò ea Se Keresete le tsela e mokgòrò o mo go eòna; ea re ha ba khutla go dirèla Morèna ka tlhòahalò, ènè eo o diretseñ bònè ka tlhòahalò, ba tloge ba timèlwè ke dilò tse ba chwanetseñ go rapèla kaga còna, me ba tlhoke tlhotlelecò mo merapeloñ. Merapèlò ea bònè e tloge e nnè ea boithatò hèla le bohula hèla. Ba retelèlwè ke go rapèlèla ba bañwe batho, leha e le kgalalèlò ea bogosi yoa ga Keresete, leha e le go lòpa thata e ba ka dirañ ka eòna.DDI 119.1

    Re bòna tatlhègèlò ha, ka go bisa go tlhokomèla go phuthèga mmògò, go thatahatsanya, le go nametsanya mo tireloñ ea Modimo. Re tlhoke go bòna bonnete le bogolo yoa Lehoko ya Modimo. Dipèlo tsa rona di khutle go sedihalèlwa, le go cosholosiwa ke mòea o o itshepisañ oa òna, me re boèle kwa moragò mo diloñ tsa semòea. Mo diphuthegoñ tsa rona tsa BaKeresete re tlhaèla thata mo go amogelañ, ka go tlhoka kutlwèlanò botlhoko. Eo o icwalèlañ mo boyosiñ yoa gagwè ga a mo boemoñ yo o bo laolecweñ ke Modimo. Ha re itlwaetsanya le ba bañwe ka chwanèlò ke go re, re ithuta go ba thusa, me re godisiwè re thatahadiwe mo tireloñ ea Modimo.DDI 119.2

    Ha BaKeresete ba ka bo ba tsalana mmògò, me ba bua mmògò kaga loratò loa Modimo le mannete a thekololò, dipelo tsa bònè di ka bo di rudisiwa, me bònè ba ka bo ba rudisanya. Re ka ithutèle pele ka malatsi aotlhe kaga Rra echo oa Legodimo, me ra nèw a go itse tshegohacò’ ea gagwè ka mo go hetisañ; me hoñ re tla eletsa go bua kaga loratò loa gagwè; me ha re dira yalo, dipelo tsa rona di tla thutahala me re tla nametsègèla pele. He re kabo re gopola bogolo kaga Yesu me ra bua kaga gagwè, me ra ñotla borona, o na a tla nna a nna le rona bogolo bogolo.DDI 119.3

    Ha re ka bo re gopola Modimo ka galè, yaka re bòna dichupò tsa tamèlò ea Ona, re ne re tla o gopola ka malatsi aotlhe, me re tla kgatlhèga ka go bua kaga Ona, le go o baka. Re bua kaga dilò tsa selehatshe ka go bo ke botshelò .yoa rona. Re bua kaga ditsala tsa rona ka go bo rea ba rata; re bañwe hèla nabò mo maitumèloñ a rona, le mo mahutsaneñ a rona. Me bogolo yañ re chwanetse go rata Modimo bogolo go ditsala tsa rona tsa selehatshe; me ke se se re lebanyeñ bogolo go dilò cotlhe, go baea Ona kwa pele mo megopoloñ ea rona, le go bua kaga molemò oa Ona, le go tumisa nonohò ea Ona. Letlotlò ya dinèò tse o di re abetseñ ga lea laolèlwa go kodumetsa metsa megopolò ea rona, le loratò loa rona, gore re be re sitwe ke go naea Modimo sepè; dinèò tse, re di abèlwa, gore di re gakololè Ona, le go re bohèlèla mo go ènè Moabi oa legodimo ka dithapò tsa loratò le tebogò. Re agile gauhi bobe le dikhuti tsa lehatshe. A re choleletseñ matlhò a rona kwa moyakoñ o o bulegileñ oa ntlo e e kwa legodimoñ, kwa lesedi ya kgalalèlò ea Modimo e phatsimañ mo matlhoñ a ga Keresete, “Eo o bileñ o nonohile go bolokèla rure ba ba tlañ mo Modimon ka ènè”. Bahebera 7: 25.DDI 120.1

    Re chwanetse go leboga Modimo bogolo bogolo “Ka ntlha ea molemò oa Ona, le ditirò tsa Ona tse di gakgamatsañ, tse o di dirañ mo baneñ ba batho”. Pesalema 107: 8. Merapèlò ea rona ga ea chwanèla go hèlèla mo go lopeñ, le mo go amegoleñ hèla. A re se nneñ ka gale ka gale ka mogopolò oa go re, ana, re tlhòka eñ? Me re lebale gotlhe dikabèlò tse re di amogèlañ. Ga re rapele go tlola tekanyò, me re leboga ka ñomaèlò. Re tlhòla re amogèla dithushò tsa Modimo hèla; me leha go nntse yalo go bolèla tebogò, go gonnye yañ! le go o baka ka ntlha ea dilò tse o di re diretseñ go tlhòkahala yañ!DDI 120.2

    Erile bogologolo ha Balseraela ba phuthègèla tirèlò ea Modimo, ba bo ba laocwe, go twe Me ke goña kwa lo tla yèlañ gòna ha pele ga Yehofa Modimo oa lona, me lo tla itumèla mo so cotlhe tse lo di baeañ seatla, lona le ba matlo a lona, tse Yehofa Modimo oa gago o gu segòhaditseñ kaga còna. Duteronome 12: 7. Se se dirèlwañ kgalalèlò ea Modimo se ko se dirwa ka pelo e e thamileñ, le ka dipina tsa pakò, le tebogò, eseñ ka bohutsana le manoñonoño.DDI 121.1

    Modimo oa rona ke Rara eo o pelonomi kutlwèlò botlhoko. Tirèlò ea Ona ga ea chwanela go kaiwa go re, ea hutshatsa, leha e le go re ea patika. E chwanetse go nna se se itumedisañ go òbamèla Morèna, le go nna mo tiroñ ea gagwè. Modimo ga o rate gore bana ba Ona ba o ba baakanyeditseñ Polokò e e kana kana, ba o kaee e le moñ oa bònè eo pelo e thata eo o ba kgweeletsafñ kwa tiroñ e ba sa e lekanañ. Ona ke tsala ea bònè e kgolo bogolo; me ea re ha ba O òbamèla, le òna o lebeletse go nna nabò, go ba tshegohatsa, le go ba gomotsa, le go tlatsa dipelo tsa bònè ka boitumèlò le loratò. Morèna o rata gore bana ba gagwe ba ineè kgomocò ba le mo tireloñ ea gagwè, le gore ba hitlhelè tirò ea gagwè e le monate, e se tlhokohacò. O rata gore ba ba mo òbamèlañ ha ba cwa mo thapeloñ ba tsamaeè ba chotse megopolo e e monate kaga pabalèlò, le loratò loa gagwè; me e le gore ba le gore ba nametsègè ba le mo ditiroñ tsa bònè tsa ka malatsi aotlhe; le gore ba thusiwè go dira ka thòkgamò, le ka boikañò mo diloñ cotlhe.DDI 121.2

    Re chwanetse go phuthègèla kwa mokgoroñ. Keresete e leñ èna eo o bapocweñ e chwanetse go nna ènè eo re mo akanyetsañ, le go bua kaga gagwè, le go mo òpèlèla dipakò. Re chwanetse go tshegetsa mo megopoloñ ea rona letshegò leñwe le leñwe ye re le amogelañ mo Modimoñ; me e tla re re sena go lemoga boteñ yoa loratò loa Morèna re tla bo re etleetsegile go itsenya gotlhe mo tishoñ ea eo diatla tsa gagwè di kokothelecweñ rona mo mokgoroñ.DDI 122.1

    Mòea o ka tlhatloga o nna gauhi le legodimo ka diphuka tsa pakò. Modimo o òbamèlwa ka dihela le ka dipina mo kgotleñ e e kwa godimo; me ea re re bolèla tebogò ea rona ka pina le sehela rea bo re ikatametsa kobameloñ e e dirwañ ke mashomòshomò a selegodimo. “Leha e le mañ eo o isañ, setlhabèlò sa go ntsha malebogò, o galaletsa Modimo”. Pesal 50: 23. Ke gòna, a re atameleñ ka tshisimogò ha pele ga Mmopi oa rona, ka go ntsha malebogò, le ka lencwe ya kotikecò”. Isaia 51: 3.DDI 122.2

    Modimo o bua yañ le rona?DDI 122.3

    Rona re tla re nne le go raea Modimo eñ?DDI 122.4

    Thapèlò ke eñ?DDI 122.5

    Thapèlò e dira eñ?DDI 122.6

    Yesu o na ruta barutwa ba gagwe eñ?DDI 122.7

    Yesu o na a ka dire en ka gantsi?DDI 122.8

    Ke eñ se se ne se dira thapèlò señwe se se batlegañ mo go ènè?DDI 122.9

    Modimo o letetse go re naea eñ?DDI 122.10

    A Modimo o utlwa merapèlò ea rona?DDI 122.11

    Baengele la dira eñ?DDI 122.12

    Ke eñ se se goreleditseñ ba ba sa rapeleñ?DDI 122.13

    Thapèlò ke sekopolodi sa en?DDI 123.1

    Satane o leka go dira eñ?DDI 123.2

    Modimo o araba merapèlò ka maemo a a ntseñ yañ?DDI 123.3

    Pelo e chwanetse ea dira eñ?DDI 123.4

    Ke go reñ re chwanetse ra rapèla?DDI 123.5

    Ke leñ Morèna o sa re utlweñ?DDI 123.6

    Ke eñ hèla se se tla re bolokañ?DDI 123.7

    Re chwanetse ra nna le eñ ha re rapèla?DDI 123.8

    Modimo o araba yañ merapèlò ea rona?DDI 123.9

    Boitaleco ke eñ?DDI 123.10

    Ke eñ se se tla totahatsañ dichwenyego tsa rona?DDI 123.11

    Re chwanetse ra tla ya1 go Modimo?DDI 123.12

    Ha re kopa Modimo gore o re ichwarele re chwanetse ra dira eñ?DDI 123.13

    Re chwanetse ra rapèla ga kae?DDI 123.14

    A selò señwe se chwanetse sa re kgoreletse mo merapoloñ?DDI 123.15

    Re chwanetse ra rapèla kae?DDI 123.16

    Re cwala yañ secwalo se se tsenyeñ megopolo e e itshekologileñ?DDI 123.17

    Go kgorisa dipelo tsa bana ba Modimo ke eñ?DDI 123.18

    Re chwanetse ra na bogauhi yo bokae le Modimo?DDI 123.19

    Re chwanetse ra chwara eñ ha pele ga gagwè?DDI 123.20

    Re chwanetse ra isañ ko go ènè?DDI 123.21

    Go tsalano ehe gare ga Modimo le moñwe le moñwe?DDI 123.22

    Re rapèla mo ineñ ya ga mañ?DDI 123.23

    Go rapèla mo leineñ ya ga Yesu go kaea eñ?DDI 123.24

    Keresete o na a senyetsa kae botshelò yoa gagwè?DDI 123.25

    Modimo o chwanetse oa na mo megopoloñ ga kae?DDI 123.26

    Re chwanetse ra bua kaga eñ?DDI 123.27

    Re na le Rara eo o ntseñ yañ ko legodimoñ?DDI 123.28

    Re chwanetse ra phuthègèla kae?DDI 123.29

    Modimo o òbamèloa yañ?DDI 123.30

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents