Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    12. GO KA TWEN KAGA PELAELO?

    Batho ba le bantsi me bogolo ba basha mo botsheloñ yoa. BoKeresete, ba tla ba chweñwe ke dipocò tsa ba ba belaèlañ. Mo Bibeleñ go na le dilò di le dintsi tse di ba retelèlañ go di phutholola, leha ele go di tlhaloganya, me Satane o leka go tshikinya tumèlò eea bònè ka go tsenya dipelaèlò tse, ka go re, Dikwalò tse, ga se mahoko a a cwañ Modimoñ. Me ba botse, ba re, “Ana, tsela e e siameñ ke tla e itse yañ? Ha Bibele e le Lehoko ya Modimo rure, ke tla gololwa yañ mo dipelaeloñ tse, le ditharanò tse”?DDI 124.1

    Modimo ga o lope gore re dumèlè gopè ha o sa re nee dichupò tse re ka thaeañ tumèlò ea rona mo go còna. Go nna ga Ona, le boèmò yoa Ona. le bonnete yoa lehoko ya òna, ke dilò tse di tlhomamisicweñ cotlhe ka chupo e e sa kakeñ ea ganediwa; me dichupò tse, di dintsi. Leha go nntse yalo, Modimo ga o e se o ko o cwalele rure dikgòrò tse pelaèlò e ka tsènañ ka eòna. Tumèlò ea rona e chwanetse go itsetsèpèla ka dichupò, eseñ ka dilò tse di ka chwarwañ ka mabògò. Ba ba ratañ go belaèla ba tla bòna lobaka hèla rure; me ba ba ratañ rure go itse bo¬amarure, ba tla hitlhèla dichupò di le dintse tse tumèlò ea bònè e ka itsetsepelañ ka còna.DDI 124.2

    Go reteletse ditlhaloganyò tse di khuchwane go chwara sentlè boèmò, kgolsa ditirò tsa Ona o o sa kakeñ oa tlhalogañwa ke opè. Modimo o o Boitshèpò o mo bosaitsiweñ yo go senañ opè eo o ka tsènañ mo go yòna. leha e ka bo e le motlhale eo o nntseñ yañ, leha e le eo o rutegileñ yañ. Bibele ea re, A u ka lemoga Modimo ka go kheleisa? A u ka lemoga Mothataeotlhe ka botlalò? Go godimo yaka legodimo; u ka dihañ? go boteñ go beta Bobipò; u ka itseñ? Yobe 11: 7, 8.DDI 124.3

    “Moapostoloi Paulo, a re, A boteñ yoa khumò, le yoa botlliale, le yoa kicò ea Modimo! dikatlholò tsa òna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa òna ga di tlhotlhomisege yañ!” Baroma 11: 33.DDI 125.1

    Me leha “Maru a mo dikanyeditse le lehihi, eboñ Yehofa tshiamò le katlholò ke mothèò oa setulò sa gagwè sa bogosi”. Pesal. 97: 2. Yalo re ka tlhaloganya ka ntlha ñwe kaha o dirañ ka rona ka gòna, le kwa o dirèlañ teñ; me re ka lemoga ha o dira ka loratò lo lo senañ tekanyò, le kutlwèlò botlhoko e e kopanyeñ le nonohò e e sa lekañwañ. Re ka tlhaloganya mo go lekanyeñ rona, le me go molemò mo go rona go itse. Me kwa ntlè ga moo, re chwanetse go ikanya hèla lecògò ya Mothata eotlhe, le pelo e e tletseñ loratò.DDI 125.2

    Lehoko ya Modimo le nntse hèla yaka Monei oa yeòna, eo le cwañ mo go èna; me le na le masaitsiweñ a a sa kakeñ a tlhalogañwa ka botlalo ke dibopiwa tse di tlhaèlañ. Go yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ, go re, bo tsenye yañ? go le go tsalèlwa ga Keresete mo nameñ, le boshahacò yoa dipelo tsa batho; go le cogò ea boshwi-le dilò tse diñwe di le dintsi tse di bolelwañ mo Bibeleñ, me ke masaitsiweñ a a boteñ, me a sa kake a phuthololwa ke motho, leha e le go huparèlwa ke pelo ea gagwè, me mo. Dikwaloñ, Modimo o re neile dichupò tse di lekanyeñ go tlhomamisa ha mahoko a, a cwa kwa go Ona; me ga rea chwanèla go belaèla Lehòko ya Ona, ka go bo re sa tlhaloganye masaitsiweñ a pabalèlò ea Ona. Me mo lobopoñ yaka lo tlholegile, go masaitsiwen a a re akareditseñ, me a re retelèla. Ditshedinyana tse di pòtlanyana di reteletse matlhale a magolo go di phutholola. Dikgakgamacò tse di re sitañ di gòna mo ntlheñ cotlhe. A yana go ka gakgamalwa ha re hitlhèla masaitsiwen mo go tsa Semòea, tse di retèlañ go tlhalogañwa? Thètèlèlò e mo bokoeñ, le mo pitlaganoñ ea tlhaloganyo ea botho. Modimo o re neile dichupò tse di lekanyeñ mo Dikwaloñ tse di boitshèpò go re tlhomamisetsa gore ke lehoko ya Selegodimo, me ga rea chwanela go belaela ka re sa tlhaloganye masaitsiweñ a pabalèlò ea gagwè.DDI 125.3

    Moapostoloi Petere a re, “Mo Dikwaloñ go dilò tse di thata go tlhalogañwa, tse ba ba sa rutègañ, le ba ba akgakgègañ ba di shokamisañ, me ba itshenya ka gòna.” 2 Petere 3: 16. Dilò tse babelaedi ba di tsere, me ba ganetsa Bibele ka còna; le mororo dilò tse, ke dichupò tse di thata di tlhòmamisa ha Dikwalò di kwadilwe ka tlhotlheleco ea Modimo. Ha mahoko a còna e ka bo e le a a motlhohu hèla a a bolèlañ kaga Modimo; ha bogolo yoa Ona le borèna yoa Ona bo no bo ka huparèlwa ke ditlhaloganyò tse di khuchwane hèla, hoo Bibele e ne e tla tlhòka dichupò tse di thata tsa go tlhomamisa ha mahoko a eòna a laocwe ke Modimo. Bogolo yoa dilò tse di bolèlwañ le bosaitsiweñ, bo ko bo kgwathatsa tumèlò mo go yeòna go re, ke Lehoko ya Modimo rure.DDI 126.1

    Lokwalò loa Bibele lo menolola boamarure ka può e e utlwalañ, le yaka go chwanetse khumanègò, le ditlhologèlèlò tsa dipelo tsa batho, le ka mo go gakgamaditseñ, le mo go kgatlhileñ ba ba rutegileñ bogolo thata; lo bile lo kaèla bakgòbaladi, le ba ba sa rutegañ tsela ea polokò. Mahoko a lòna a chwanetse botlhe hèla, bogolo le bannye, ba batona le ba babòtlana. Me leha go nntse yalo, mahoko a, leha a bolecwe yana, a chwere dilò tse di kwa godimo, a òtlòlòlègèla kwa kgakala, go heta tlhaloganyò ea botho kwa bokgakaleñ; me re ka a amogèla hèla ka e le a a bolecweñ ke Modimo. Yalo tsela ea thekololò re e bulecwe, gore mòea.moñwe le moñwe o bònè dikgatò tse o chwanetseñ go tsamaea mo go còna ha a tlhabologèla kwa Modimoñ; le go sepela mo tumèloñ mo go Morèna oa rona Yesu Keresete, gore a tlè a bònè polokò ka mokgwa o o laocweñ ke Modimo. Me leha go nntse yalo, kaha tlhatse ga mahoko a, a nnete, a a tlhaloganyèsègañ sentlè hèla, go namaletse masaitsiweñ a a siriletsañ kgalalèlò ea Ona; e le masaitsiweñ a a sitañ mogopolò o o senkañ go a kèlèka; me leha go nntse yalo eo o senkañ ka bopelontlè a tle a nitamise tumèlò mo go ènè, me a òbame ka tshisimògò ha pele ga aòna.DDI 126.2

    Go ipolèla ha re sa tlhaloganye mahoko a mogolo a Bibele ke go ipolèla hèla ha megopolo e mekhuchwane e sa kake ea huparèla sentlè se se bogolo go bo heteletseñ; ke go re, motho eo o nañ le kicò e pòtlana ga a kake a tlhaloganyo maikaèlèlò a Ona o o tletseñ ka lobopò lotlhe hèla.DDI 127.1

    Ereka ba retelecwe ke go ranola masaitsiweñ aotlhe a Lehoko ya Modimo, babelaedi, le bashotli ba le latolèla rure; me bañwe ba ba reñ ba dumèla Bibele ba batla go nna gauhi go dira yalo. Moapostoloi a re, Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka na le mo go moñwe oa lona pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ: Bahebera 3: 12.DDI 127.2

    Go siame go akanyetsa thata dithutò tsa Bibele, le go keleka dilò tsa Modimo tse di boteñ, kaha di senogileñ ka gòna. Ea re ka “Dilò tsa sephiri e le tsa Morèna,” tse di senogilen ke tsa rona.” Me ke tiro ea ga Satane go haposa megopolo ea pelo. Go tlo go tlhakanwe bopelompe le go ithuta mahoko a Bibele, me yalo batho ba ikutlwe go shulalala pelo, me ba henyėge lia ba palelwa ke go plmtliololo temana nwe le nwe ea Dikwalo kalia ba kgatlhėgan ka gona. Ke botlbabisa ditlhon mo go bone go ipolėla lia ba sa tllialoganye malioko a tsilefi ka tlkotlheleco ea Moea oa Modimo. Ga ba rate go ichokėla go lebėlėla plmtliololo e Modimo o tla e ba naean mo lobaken lo Ona o tla lo bonan lo ba lekanyen. Ba ithaea ba re, botlhale yo e leii yoa motho bo lekanye bo le yosi go tlhaloganya Dikwalo; me lia go sa nna yalo, ba latolėle rure, ba re, ga go na molemo mo go eona. Le gale, go na le dithlalosho le dithuto tse go twen di cwa mo Bibelen, me di sena boėmo mo dithuton tsa edna; ebile di tlhabaganye le moea otlhe oa Lokwalo loa Modimo. Dilo tse, di coseditse ba le bantsi dipelaMo, le dikakabalo. Lelia go nntse yalo, ga di ewe Lehokun ya Modimo. Ke diphaposlio tsa batho hėla.DDI 127.3

    Ha dibopiwa di ne di ka nonoho go tlhaloganya Modimo, le ditiro tsa Ona ka botlalo, ba le hoo go tla bo go sena sepė kwa pele se ba ka lekėlan kwa go shona, leha e le go golėla pele ga megopolo le pelo go tla bo go seed. Modimo o tla bo o sa tlhole o le mogolo 0 o kwa pele; me motho ka a tla bo a ithutile kico eotlhe go cwėlėla kwa pele go tla bo go seed. A re lebogen Modimo ka go sa nna yalo. Modimo ga o nna bolekanyecd; 1110 go Ona go dikhnmo eotlhe tsa botlhale, le kico. Me batho leha ba ka kelekėla pele go ea metlhelen e e sa kliutlen ba nntse ba ithuta, ga ba ketla ba hetsa dikhumd tse, tsa botlhale yoa Ona, le molemo, le thata ea Ona.DDI 128.1

    Modimo O ikaeletse gore le mo botshelon yono. Lehoko ya Ona le nn& le menologėlė batho ba Ona ka metlha eotlhe. Go mokgwa o monwe liela o kico e, e ka bapalwan ka ona. Ke ka tlhaloganya Lehoko ya Modimo ka sedihaco sa Moea oa Ona o le neilwen batho ka ona.DDI 128.2

    Gonne e man mo batliufi eo o itsefi dilo tsa motho, ha e se moea oa motho o o mo go enaV go nntse hela yalo le dilo tsa Modimo, ga go ope eo o di itsen, ha e se Moea oa Modimo. Me rona re amogetse moea o e sen oa lehatse, e len moea o e len oa Modimo; gore re tie re itse dilo tse re di newafi hela ke Modimo. 1 Bakor. 12:11, 12.DDI 129.1

    Me choloheco e Mmoloki o e neilen barutwa ba gagwe ke e, “E tla re Ona Moea oa boamarure o sena go tla, o tla lo gogėla mo boamaruren yotlhe; gonne o tla tsaea mo e len ga me, me o go lo bolėlėlė.” Yohane 16:13, 14.DDI 129.2

    Modimo o rata gore batho ba cose megopolo ea bone; me go ithuta Bibele go tlo go thatahatse megopolo go bo go e choletse go gaisa boithuto yotlhe bo sele. Me a re itisen, gore re se bee megopolo ea rona kwa godimo, go e chwantsha le megopolo ea Modimo, ka pelo ea motho e kgorelediwa ke bokoa le bogolė yoa botho. Ha re rata gore Dikwalo di se ka tsa re sirelegėla, me gore re kuparėlė boamarure yo bo mo go cona, se se re lebanyen, ke bopelontlė, le tumėlo ea nwanyana, le go nna tlhaga go ithuta, me re nntse re lopą thusho ea Moea o o Boitshėpo. Go ikutlwa lia Modimo o le thata e bile o le botlhale, le go ipona ha re retelelwa ke go itse bogolo yoa Ona, go chwanetse go re kokobetsa, me re ne re tla petlėka lokwalo ka tshisimogo e kgolo hela, yaka ha re kabo re tsėna kwa ten, go ėma ha pele ga Ona. Ha re tla mo Bibelen megopolo e chwanetse go ipolėla ha go na le taolo e e kwa pele le kwa godimo ga edna, me pelo le megopolo e chwanetse go obama ha pele ga Ona o e len ga Ona o Mogolo.DDI 129.3

    Go na le dilò di le dintsi tse ekete di thata, goñwe di bohitlhanyana, tse Modimo o tla di ranolèlañ bònè ba ba senkañ go di tlhaloganya. Me ha re sa gògwa ke Mòea o o Boitshèpò re tla bo re nna re shokamisa Dikwalò tsa Modimo goñwe re di rèèlètsa. Ea re ha Lehoko ya Modimo le balwa, me go sena tshisimògò, go sena thapèlò; ha megopolò le loratò di se mo Modimoñ, goñwe di hapanye le go rata ga òna, pelo e tle e sirège ka pelaèlò. Me hoñ go ithuta Bibele go tlo go godisa pelaèlò. Mmaba o tla a chware megopolò, a e laole, me a re gakolole diphuthololò tse di sa siamañ. Ea re ha batho ba sa senke ka mahoko, le ditirò go nna mo kopanoñ le Modimo, hoo, leha ba rutegile yañ, ba ka timèla hèla mo go tlhaloganyeñ Dikwalò; me go ikanya diphuthololò tsa bònè go ka nna tatlhègò hèla. Ba ba senkañ diphoshò mo Bibeleñ, ga ba na pònò ea semòea. Ba leba ka matlhò a a hapanyeñ; me ba tla hitlhèla dilò di le dintsi tse di tla cosañ pelaèlò le tumologò mo go tse di ranologileñ sentlè hèla.DDI 130.1

    * * * * *

    Leha re leka go se gakisa yañ, se se tsenyañ pelaèlò, se cosa tumologò mo bontsiñ, ke loratò loa boleo. Pelo e e ikgodisañ me e rata boleo, ga e itumelele dithutò tsa Lehoko ya Modimo, le go ilediwa tse di boshula ke yeòna ga goeò; me ba ba ganañ go dira yaka le lòpa, ba bohehò go belaèla taolò le boamarure yoa yeòna. Ha re rata go hitlha kwa boamarureñ re chwanetse go eletsa rure go bo itse, re ba re dirana le pelo e e etleetsegileñ go inèla mo go yòna. Me botlhe ba ba atamelañ Bibele ka pelo e e nntseñ yalo ba tla hitlhèla dichupò di le dintsi tse di shupañ ha e le Lehoko ya Modimo, me ba tla bona tlhaloganyò ea mahoko a eòna e e tla ba naeañ botlhale yo bo isañ kwa Polokoñ.DDI 130.2

    Yesu Keresete o rile, “Ha motho leha e le mañ, a rata go dira go rata ga gagwè, o tla itse kaga thutò.” Yohane 7: 17. A go lesiwè go belaèla le go ganetsa kaga se u sa se tlhaloganyeñ, me a go tlhokomèlwè lesedi ye le gu phatsimèlañ gompiyeno; me u tla bòna lesedi ye legolo bogolo. Hèla ka tshegohacò ea ga Keresete, a go dirwè tirò e e gu senolecweñ ha e gu chwanetse, me u tla nonohadiwa go tlhoganya, le go dira tse u belaèlañ kaga còna gompiyeno.DDI 131.1

    Go na le chupò e e ka nnañ ea botlhe hèla, ba ba rutegileñ thata, le ea ba ba sa rutegañ gopè,—Eboñ chupò e e tlañ ka tlwaèlò, le ka mo go dirahaletseñ motho. Modimo o re laletsa go tla go itekèla bonnete yoa Lehoko ya Ona, le boamarure yoa dicholohecò tsa Ona. Oa re “A lo ko lo lekeñ, lo bònè ha Yehofa a le molemò. Psalem. 34: 8. Re se ka ra lekèlwa ke ba bañwe, me go itekèlè rona ka leganò ya rona, le ka pelo ea rona, le mòea oa rona. Morèna O boletse, a re, Lòpañ, me lo tla nèwa.” Dicholohecò tsa gagwè di tla dirahala. Ga di e se di ke di tlhaele gopè; ga di kake tsa tlhaèla. Me ea re ha re atamèla kwa go Yesu, me re itumèla mo botlaloñ yoa loratò loa gagwè, dipelaèlò di tla kaologa, le lehihi mo lesediñ ya sebònalò sa gagwè.DDI 131.2

    Moapostoloi Paulo a re, “Modimo o re golotse, oa re ntsha mo thateñ ea lehihi, me oa re tlòlagantshetsa mo bogosiñ yoa Morwa loratò loa Ona. Me moñwe le moñwe eo o kgabagantsen, a cwa loshuñ a ea botsheloñ O ikwadile, me a baea sekanò sa gagwè sa go re Modimo o boamarure.” Yohane 3: 33. Enè o ka shupa, a re, “Ka tlhòka thushò, me ka e bòna mo go Yesu.” Botlhòkwa yoa me yotlhe yoa abèlwa, le tlala ea mòea oa me ea thetebadiwa ea tlosiwa, me yana Bibele ke tshenolò e e ntshenoletseñ Yesu Keresete. A ua mposta go re, ke dumèla mo go Yesu ka ntlha eañ? Nna ka re, ke ka go bo ke mo hitlhetse e le Mmoloki oa me eo o ratègañ. A ua re, ke dumèla Bibele ka ntlha eañ? Ka re, ke ka ke e hitlhetse e le lencwe ya Modimo mo peduñ ea me.” Chupò e re ka na naeò mo teñ ga rona ha Bibele e le boamarure, le go re Keresete ke Morwa Modimo. Rea itse sentlè ha re sa sala ditlhamane tse di logagancweñ ka botlhale moragò.DDI 131.3

    Petere o laea bokauleñwe ba gagwè, a re “Golañ mo tshegohacoñ, le mo go itseñ Morèna oa rona le Mmoloki, Yesu Keresete.” Ea re ha batho ba Modimo ba gola mo tshegohacoñ, ba tla nna ba golèlo pele mo go tlhaloganyeñ Lehoko ya Ona. Ba tla lemoga lesedi ye lesha, le bontlè mo teñ ga yeòna. Phuthègò ea ga Keresete e nntse e bòna yalo mo metlheñ eotlhe e e hetileñ, me go tla nna yalo le go ea bokhutloñ. “Tsela ea basiami e chwana yaka phepahalò ea moshò e e phatsimèlañ pele, go ea go hitlha motshegariñ o mogolo.” Diane 4: 18.DDI 132.1

    Ka tumèlò re ka lebèla pele kwa go tse di tlañ, me re ka chwara polèlò ea Modimo ha re tla gola mo tlhaloganyoñ, ha maikutlò a motho a kopana le a se-Modimo; le gòna dithata cotlhe tsa pelo di nntse di kopañwa le Mocwedi oa lesedi go sena sepè ha gare. Re ka itumèla go re, gotlhe mo go akabaditseñ mo dipabaleloñ tsa Modimo kaga rona, di tla ranololwa; tse di thata go tlhalogañwa di tla phuthololwa; me kwa megopolò ea rona e mekhuchwane e bònyeñ marara hèla gona le maikaèlèlò a a komogileñ ha gare, yanoñ re tla bòna kopanò e ntlè e go senañ kgaoganò gopè mo go eòna, Gonne gompiyeno re bòna mo seiponiñ, go le lehichwana: me e tla re mo lobakeñ louò re tla bòna go lebanywe dihatlhògò; gompiyeno ke itse ka bontlha ñwe; me e tla re mo lobakeñ louò, ke tla itse hèla yaka le nna ke itsilwe. — 1 Bakor. 13: 12.DDI 132.2

    Ke eñ se se chwenyañ BaKeresete ba ba sha?DDI 133.1

    Ka gantsi ba tla ba botse poco ehe?DDI 133.2

    Modimo ga o ise o ke o re kope gore re dirè eñ?DDI 133.3

    Tumèlò ea rona e ntse mo go eñ?DDI 133.4

    A re ka itse gotlhe kaga Modimo?DDI 133.5

    Ke ka itse eñ?DDI 133.6

    Re hitlhelañ mo lehokuñ ya Modimo?DDI 133.7

    A re ka tlhalosa yaka mabèlè a gola? ke go reñ?DDI 133.8

    Peterose a reñ mo dikwaloñ tse di boitshèpò?DDI 133.9

    Boamarure yoa Bibele bo thusa eñ?DDI 133.10

    Ke go reñ ba bañwe ba ñala lehoko ya Modimo?DDI 133.11

    Moapostolò o re raea a re re dire eñ?DDI 133.12

    Satane o rata gore re dirè eñ?DDI 133.13

    Modimo o re naea eñ mo botsheloñ?DDI 133.14

    Modimo o rata gore batho ba dire eñ?DDI 133.15

    O ba naea thuso e e ntseñ yañ?DDI 133.16

    Go akanya le pelo le mogopolò di chwanetse tsa bama ba pele ga mañ?DDI 133.17

    Modimo o tla phutholola eñ?DDI 133.18

    Re chwanetse ra bula yañ Bibela?DDI 133.19

    Ke eñ se se re dirañ gore re belaèlè?DDI 133.20

    Pelo e chwanetse ea eletsa eñ go itse boamarure?DDI 133.21

    Keresete o na a reñ?DDI 133.22

    Modimo o re laletsa gore re tie go dira eñ?DDI 133.23

    Ha re ntse re atamèla go Yesu dipelaèlò di ea kae?DDI 133.24

    Paulo a reñ?DDI 133.25

    Ke go reñ o dumela mo Bibeleñ?DDI 133.26

    Peterose a reñ?DDI 133.27

    Re bonañ mo Lehokuñ?DDI 133.28

    Re sheba kae ka tumèlò?DDI 133.29

    Re tla tlbaloganya leñ rotlhè?DDI 133.30

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents