Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    6. TUMELO LE KAMOGELO

    Ereka segakolodi sa gago yanoñ se cosicwe ke Mòea o o Boitshepò, ke go re, u setse u bonye bobe yoa boleo, le thata ea yòna, le tatlhègò e e tlañ ka yòna, me yana u bo tlhoile. Ua ikutlwa ha boleo bo gu kgaogantse le Modimo, me u bile u golegilwe ke thata ea boshula. U re u lwèla go halola u bòna bogolo ha u sa kake oa ithusa sepè. Megopolò ea gago ga ea siama pelo ea gago e leshwèhetse. Ua bòna ha botshelò yoa gago bo nntse bo tletse boithatò le boleo hèla. U eletsa thata go ichwarèlwa, le go gololwa. Go le tumalanò le Modimo, le go nna yaka Ona u ka dira eñ gore u bònè dilò tse?DDI 57.1

    Se u se tlhòkañ ke kagishò,—eboñ boichwarèlò yoa Legodimo, le kagishò le loratò mo mòeñ oa gago. Ga go kake ga rèkwa ka madi, ga go kake ga bònwa ka go ithuta, leha e le ka botlhale boñwe hèla, yo u ka bo bònañ. Ga u kake ua sholohèla gopè ha u ka go chwara ka go leka ka tirò ñwe ea gago. Me Modimo o rata go gu naea dilò tse, e le mpho hèla, kwa ntlè ga madi, le kwa ntlè ga tlhwatlhwa. Isaia 55: 1. Ke tsa gago hèla, ha u ntsha Seatla, hèla ua di atlarèla. Morèna a re “Leha dibe tsa gago di hubitse bohibidu yo bo letlòlòlò, di tla nna boshweu yaka kapòkò; leha di le bohibidu yo bo mokgona di tla nna yaka boboea yoa nku.” Isa. 1: 18. “Le gòna ke tla lo naea pelo e ncha; ke tla tsenya mòea o mosha mo teñ ga lona.” Esekiele 36: 26.DDI 57.2

    Yana u ipoletse dibe tsa gago, me ka pelo u di beetse kwa kgakala. U ikaeletse go inèla mo Modimoñ. Me yanon, ea kwa go Ona u lòpè gore o tlhacwetse dibe tsa1 gago koS, me o gu neè pelo e ncba. Me hoo, u dumèlè ha o dira yalo, ka go bo Ona o go sholoheditse ha o tla dira valo. E rile Yesu a le mo lehatshin, a ruta batlio- ka thntò e, a re. Neò e Modimo o re sholoheditsen ha o tla e re naea. re chwanetse go dumèla lia re e amogèla, me ke ea rona. Yesu o na a tla a liodi.se batlio matlhoko a bònè ha ba dumèla mo nonohon ea gagwè ea go dira yalo. A ba thusa mo dilon tse ba di bònan ka matlhò, me yalo a tlhotlheletsa boikanyò yoa bònè mo go ènè kaga dilò tse ba ne ba sa kake ba di bòna; a ba ruta go ikanya nonoho ea gagwè ea go ichwarèla dibe tsa bònè. E rile a hodisa monna eo o bobolan botlhoko yoa tètèsèlò, a bua ka thanolò, a re, “Me gore lo itse ha Morwa Motho a 11a le thata mo lehatshin go ichwarèla dibe—hon a raea eo o tètèsèlan, a re, “Coga, u tseè bolaò yoa gago, me e eè kwa tlnn ea gago.” Mat. 9: 6. Yohane oa Moefangeliste, le èna, ha a bolèla kaga ditirò tsa nonohò tsa ga Yesu, a re, ” Dilò tse di kwadilwe gore lo dumèlè ha Yesn e le Keresete. Morwa Modimo, le gore lo bònè botshelò mo inen ya gagwè ka go dumèla.” Yohane 20: 31.DDI 57.3

    Ha re bala mo Beibelen kaha Yesu o na a hodisa babobodi ka gòna, re ka ithuta senwe sa kalia re kai dumèlan mo go èna ka gòna go bòna boichwarèlò yoa dibe. A re lebè polèlò kaga monna eo o na a omeletse ditokolò kwa Betheseda. O na a retelelecwe rure, o sa le a koama ka dinyaga di le mashomè mararo le mocò oa bohèra mebedi. Leha go nntse yalo Yesu a mo laola a re, “Nanoga, u tseè bolaò yoa gago, me u tsamaeè.” Monna eo o botlhoko motlha monwe o na a ka re,“Morèna, ha u mphodisa pele ke tla dira yaka u bua.” Me, nya, dumòla lehoko ya ga Keresete, a dumèla hèla ha a hodisicwe, me a tloga a leka; a itaola gore a tsamaeè, me a tsamaea. A dira ka lehoko ya ga Keresete, me Modimo oa mo naea thata, me a hòlèla rure.DDI 58.1

    Hèla yalo, wèna u moleohi. Ga u kake ua lehèla dibe tsa gago tsa metlha e e hetileñ; ga u kake ua hetola pelo ea gago, leha e le go itira boitshèpò. Me Modimo o gu sholoheditse ka lehoko ya òna ha o tla gu dirèla cotlhe tse ka Yesu Keresete. U dumèla lehoko ye. U ipolèla dibe tsa gago; u inèla mo Modimoñ. U itaola gore u tla o dirèla. Rure hèla yaka u dira yalo, Modimo o tla dirahatsa lehoko ye o le buileñ le wèna. Ha wèna u dumèla lehoko ya cholohecò,—ke go re, u dumèla rure ha u ichwarecwe, u bile u ntlahadicwe. Modimo le òna oa dira, u hodisicwe, hèla yaka Keresete a neile moomeledi thata ea go tsamaea ka dianò, ka a dumèla ha a hodisicwe. Go nntse hèla yalo, ha u go dumèla.DDI 59.1

    U se ka ua leta go ikutlwa pele ha u hodisicwe, me u re, “Ke dumetse, eseñ ka go re ke ikutlwa go hòla, me ke ka go bo Modimo o boletse.”DDI 59.2

    Yesu a re, “Señwe le señwe se lo se eletsañ, ha lo rapèla, lo dumèlè ha lo di amogetse, me lo tla di bòna.” Mareko 11: 24. Me leñwe ke le, ke ha re rapèla kaha go rateñ ga Modimo. Me ke go rata ga Modimo go re tlhapisa boleo, go bo tlosa mo go rona; le go re bopa bana ba Ona; le go re thusa, gore re tshelè botshelò yo bo boitshèpò. Me yalo re ka lòpa matshego a, re ba re dumèla ha re a amogetse me re leboge Modimo ka re a chotse. Ke lesegò mo go rona go ea go Yesu le go tlhapisiwa, le go èma ha pele ga molaò re sena ditlhoñ, leha e le boitshekishò. “Ke gòna yanoñ go senañ tshekishò epè mo go bònè ba ba mo go Keresete Yesu, ba ba sa tsamaeeñ kaha nameñ, me kaha moeeñ.” Barom 8: 1.DDI 59.3

    Yanoñ, go tloga ha, ga lo tlhole lo le ba Iona; lo rekilwe ta tlhwatlhwa. “Ga loa rekololwa ka dilò tse di bòlañ, yaka selefara le gouda, ha e se ka madi a a tlhokègañ ekete a kwanyana e e senan bogòle, leha e le selabe, eboñ a ga Keresete”. 1 Petere 1: 18, 19. Me yana ka tirò e hèla, ea go dumèla Modimo. Mòea o o Boitshèpò o simolotse botshelò yo bosha mo pedun ea gago. Yana u nwana eo o tsalecwen mo losiken loa bana ba Modimo, me oa gu rata yaka o rata Morwa Ona.DDI 60.1

    Ereka yana u inetse mo go Yesu u se ka ua ikgogona, u se ka ua itlosa mo go ènè, me ka metlha eotlhe u re, “Ke oa ga Keresete; ke mo ikabetse ineile”, me u mo lòpè Mòea oa gagwè, le gore a gu bolokè ka tshegohacò ea gagwè. Me hèla yaka u nntse ñwana oa Ona, ka go inèla mo go Ona, le ka go dumèla mo go Ona, yalo u na le go tsliela mo go Ona. Moapostoloi a re, “Yaka lo amogetse Keresete Yesu, Morèna, lo tsamaeè mo go èna hèla yalo”. Bakolosa 2: 6.DDI 60.2

    Bañwe ba ikutlwa ha ekete ba chwanetse go nna mo tekoñ pele, gore ba shupetsè Morèna ha ba hetogile, ba e se ba lòpe go nèwa tshegohacò ea gagwè. Nya, ba ka lòpa go nèwa tshegohacò ea Modimo le yana hèla yana. Ba chwanetse go nna le tshegohacò ea ga Keresete, eboñ Moèa oa gagwè, gore o ba thusè mo bokoen yoa bònè, ka go bo ha o sa ba thuse, ga ba kake ba ganèla le boshula. Yesu o rata thata gore re eè kwa go ènè hèla yaka re nntse, re le boleo, re sena boithushò, re tlhòka eo o re mo ikaègañ. Re ka tla hèla ka bokòa yotlhe yoa rona, ka bosilo yoa rona, ka boleo yoa rona, me re wèle ka boikwtlhaò ha dinauñ tsa gagwè. Ke boitumèlò mo go èna go re tsaea ka mabògò a gagwè a loratò, le go boha dinthò tsa rona, le go re tlhapisa boleo le go re ntlahaletsa rure mo go yòna.DDI 60.3

    Ke gòna ha batho ba le bantsintsi ba tlhaèlañ gòna, ga ba dumele ha Yesu a tla ba ichwarèla bobònè ka bosi. Ga ba dumele lehoko ye Modimo o le builen. Ke lesegò ya bolllie ba ba dirañ yaka go laocwe, go itse ha boicbwarèlò bo bònwa hèla kaga sebe señwe le señwe. Latlha pelaèlò e e reñ, a yana a mahoko a Modimo a a sholohetsañ, a a raea wèna? Aitse a raea motlodi moñwe le moñwe eo o ikwatlhaeañ. Thata e baakancwe le tshegohacò ka Keresete, gore di leredicwe Moèa moñwe le moñwe o o dumèlañ, di leriwe ke baengela ba ba dirèlañ batbo. Ga go bapè ba ba boleo yo ba kana kana ba ba sa kakeñ ba bòna nonohò, le bontlahalò, le tshiamò mo go Yesu eo o ba shwetseñ. O ba lebeletse gore ba tlè, me a ba apolè diaparò tsa bònè tse di leshwèhadicweñ ke boleo, me a ba apese diaparò tse di cbweu tsa tshiamò; o ba raea, a re, ba tshelè, ba se ka ba shwa.DDI 61.1

    Modimo ga o direle batho yaka batho ba dirèlana. Megopolò ea Ona ke a mautlwèlò botlhoko, le loratò, le mabelonomi a manana. Oa re, “A moikepi a tlogèlè tsela ea gagwè, le eo o sa siamañ megopolò ea gagwè, me a a boèlè mo go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko; le mo Modimoñ oa rona, ka o tla mo ichwarèla ka botlalò Isa. 55: 7. Gapè, Ke kaolotse ditlolò tsa gago yaka leru ye le kwenneñ, le dibe tsa gago yaka leru”. Isaia 44: 22.DDI 61.2

    Ga ke na kgatlhègò epè mo loshuñ loa eo o shwañ, go bua Morèna Modimo; me ke gòna ichokololeñ, lo tshelè”. Esekièle 18: 32. Satane o ikeetleditse go re ucwèla dipolèlò tse di tlhomameñ tsa Modimo. O eletsa go re tlosefsa cholohèlò ea bohelò le lesedinyana yeotlhe mo meoeñ ea rona; me ga rea chwanèla go mo leseletsa go dira yalo. U se ka ua mo tlhwaèla tsèbè; me u re, “Yesu o shule gore ke tshelè. Oa nthata, me ga a laole gore ke nyelèlè. Ke 11a le Rrè kwa legodimoñ eo o kutlwèlò botl- hoko; me leba ke shotlile ka loratò loa gagwè, me ke gasagasitse matshegò a o a nneileñ. Ke tla nanoga, ke ea kwa go Rrè, ke re. Era ke leohetse legodimo, le ha pele ga gago; me ga ke tlhole ke chwanèla go bidiwa morwao; ntira hèla yaka moñwe oa batlhanka ba gago ba ba thapilweñ ka tuèlò. “Sechwanchò seuò se bolèla kaha motimedi o tla cholwañ ka gòna. E rile a sa nntse a le kgakala, rragwè a mmòna, a mo utlwèla botlhoko, a taboga, a wèla mo thumuñ ea gagwè, a mo atla: Luke 15 : 18-20.DDI 61.3

    Me leha go nntse yalo, sechwanchò se, leha se le monate yana, se tlhaèla go bolèla ka botlalò kutlwèlò—botlhoko e e nana ea Rra oa rona oa Legodimo. Morèna o bolèla ka moperofeti oa gagwè, a re, “Ke gu ratile ka loratò lo lo sa khutleñ, ke gòna ka mo ke gu gogileñ ka bopelonomi yoa loratò ”. Yerimia 31 : 3. Ea re moleohi a sa nntse a le kgakala le ntlo ea Rara, me a senya botshelò yoa gagwè mo lehatshiñ ya seeñ, pelo ea Rara e mo tlhologelecwe hèla thata; me kelecò ñwe le ñwe e e cosiwañ mo peduñ ea gagwè ea go boèla kwa Modimoñ, ke Mòea oa Ona o o mo rapèlañ, o bo o gogèla motimedi kwa peduñ ea ga Rragwè, e e tletseñ loratò.DDI 62.1

    Me yana, ka malioko a a mo Bibeleñ a a sholohetsañ a a nntseñ yana a le ha pele ga gago, a u ka nna mo pelaeloñ? A u ka dumèla go re ha modiha dibe a rata go boea, a elelsa go tlogèla dibe tsa gagwè, ka re, a u dumèla go re, Morèna o ka mo kganèla gore a se tle ha dinaoñ tsa gagwè ka boikwatlhaò. Ao! a go latlhwè megopolo e e nntseñ yalo. Go kama kama dipelaèlò tse di nntsen yalo ke mo go ka senyañ mòea oa gago bogolo go dilò cotlhe hèla, ke raea go kaea Rra rona oa legodimo yalo. Ena o ila boleo, me o rata moleohi, me o na a ntsha Keresete, eo e leñ èna, gore botlhe ba ba ratañ ba bolokwè, le gore ba bònè tshegohaco le botshelò yo bo senañ bokhutlò mo bogosiñ yoa kgalalèlò. O na a ka bua mahoko ahe a a gaisañ aòna auò, a o boletseñ loratò lo o re ratañ ka lòna ka aòna? O boletse, a re, “A mosadi o ka lebala ñwanyana oa gagwè eo o anyañ, gore a se utlwele ñwana oa sebopelò sa gagwè botlhoko? E, bònè, ba ka lebala; me nna ga nketla ke lebala wèna”. Isaia 49: 15.DDI 62.2

    Lelalañ, lona ba lo belaèlañ, ba lo roromañ; ka gonne Yesu o tshedile, o re dirèla merapèlò le mekokotlèlò mo legodimoñ. Lebogèlañ Modimo neò ea Morwa Ona eo o ratègañ, me u rapèlè gore losbo loa gagwè ka ntlha ea gago e se ka ea nna lehèla. Mòea oa gu bitsa gompiyeno. Tla ka pelo eotlhe ea gago mo go Yesu me tshegohacò ea gagwè e tla nna ea gago.DDI 63.1

    Ea u bale mahoko a ti sliolohetsañ, u bo u itse ha a bolèla loratò 1o logolo le bopelotlhomogi yo bo senañ kakanyò. Pelo e kgolo ea “Loratò lo lo sitañ mogopolò” e gogògèla kwa go modiha dibe ka kutlwèlò botlhoko yo bo senañ bolekanyecò, Re na le thekololò ka madi a gagwè. Eboñ boichwarèlò yoa dibe”. Baefesia 1:7. E, dumèla hèla ha Modimo e le Mothusi oa gago. O rata go bopa sechwanò sa ona mo mothuñ. Hèla yaka u atamèla kwa go Ona ka boipolèlò le ka boikwatlhaò, Ona o tla atamèla kwa go wèna ka kutlwèlò botlhoko, le ka boichwarèlò.DDI 63.2

    Ke eñ hèla se se re kgaoganyañ le Modimo?DDI 63.3

    Ha re kabò re ipona yaka Modimo o re bòna re kabo re bòna eñ mo dipeduñ tsa rona?DDI 63.4

    Moñwe le moñwe eo o neetsiñ botslielò yoa gagwè go Modimo o eletsa eñ?DDI 63.5

    Ke amogèla yañ kagisho e?DDI 63.6

    Morèna a reñ kaga dibe tsa rona?DDI 63.7

    Ke eñ gapè se o re sholohetsañ go se re naea?DDI 63.8

    A Modimo o ka re ichwarèla dibe tsa rona a re ha pelo e ncha pele ga re ipolèla dibe tsa rona?DDI 63.9

    Ha re amogèla dilò tse Modimo o re di sholohetsañ re chwanetse ra dira eñ?DDI 64.1

    Ha Yesu a bua le baloetse ba na ba ka ba dire eñ ka nako èuò?DDI 64.2

    Yaka bana ba chwanetse go dira taolo ea gagwè a le rona re chwanetse go dira yaka bònè gore re tle re amogèle dilò tsa gagwè tse di molemò?DDI 64.3

    A re ka hetola dibe tsa rona?DDI 64.4

    Me Modimo o re sholohetsa go re direle yalo?DDI 64.5

    Ha re batla gore choloheco euò e tladiwe mo go rona re chwanetse ra dira eñ?DDI 64.6

    Yesu o alalia botlhoko yoa mòea hèla yaka ana a alaha matlhoko a mmele?DDI 64.7

    A re chwanetse ra leta go bòna choloheco e diragala pele ga re dumèla?DDI 64.8

    Yesu o re sholohetsañ ha re rapèla?DDI 64.9

    Ke eñ se re se itseñ ele thatò ea Modimo kaga rona?DDI 64.10

    A o re batla gore re kope matshego a?DDI 64.11

    Moñwe eo o tlhapisicweñ ka madi a ga Keresete o tla tsamaea yañ?DDI 64.12

    Re batho ba ga mañ?DDI 64.13

    Tlhwatlhwa e re e duelecweñ ke eñ?DDI 64.14

    Ha re dumèla selò se me matshelò a shupa gore re a se dumèla Yehofa o re rata yañ?DDI 64.15

    U chwanetse go kopa Yesu gore a go dirèlè eñ ka malatsi otlhe gore o tshele yaka ènè?DDI 64.16

    Re chwanetse ra na le eñ se se re thusañ go lwa le boleo?DDI 64.17

    A Yesu o tla re ainogèla hèla yaka re ntse?DDI 64.18

    A Yesu o ichwarèla sebe señwe le señwe sa motho moñwe le moñwe ha re mo kopa?DDI 64.19

    Ha u sholohetsa motho go mo dirèla selò señwe me a sa go dumele o go dira yaka u moaki me go ntse hèla yalo ha re sa dumele gore Yesu o ka re ichwarèla dibe tsa rona?DDI 64.20

    A go na le, monwe eo o leohileñ yana gore Yesu a palèlwè ke go mo ichwarèla?DDI 64.21

    A Yesu o re chwara ka mokgwa o rona re chwaranañ ka òne?DDI 64.22

    Megopolo ea gagwè kaga rona ke eñ?DDI 64.23

    Ha moñwe a gannè Yesu a mo itatola a Yesu O rata go mmona a shwa ka bosakhutleñ?DDI 65.1

    A Satane o rata go re gopodisa gore Yesu ga a kgathale?DDI 65.2

    Ha re tsamaea mo ditseleñ tsa sebe Yehofa o utlwala yañ kaga rona?DDI 65.3

    Ka dicholoheco cotlhe tsa Bibele a u ka dumèla gore Yesu ga a kitla a go amogèla ha u tla?DDI 65.4

    Modimo o chwantsha kèlòtlhokò ea gagwè go rona le eñ?DDI 65.5

    Yesu o re direlañ ko legodimoñ?DDI 65.6

    Re chwanetse ra lebogèlañ Yehofa?DDI 65.7

    Modimo a rata go busetsa eñ mo go rona?DDI 65.8

    Se o ka se dira Yañ hèla?DDI 65.9

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents