Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 28—BASUPI

    Nako e setse e fetile motshegaring wa maitsiboya a tšogo, ba le babedi ba barutwa ba ne ba ya Emause, motsana o o bomaele ba fera mebedi go tšwa Jerusalema.KMR 111.1

    Ba ne ba akabaditšwe ke ditiragalo tse di neng di diragetse bogautšhwaneng, mme bogolo kaga polelo ya basadi ba ba neng ba bonye moengele, mme ba rakanye le Jesu morago ga tšogo ya Gagwe.KMR 111.2

    Janong ba ne ba boela legaeng ja bone, go akanya le go rapela, mo tsholofelong ya go bona lesedi lengwe kaga dilo tseo tse di neng di le lefifi mo go bone.KMR 111.3

    Jaaka ba ntse ba eta, moeng a tla mme a tsamaya le bone; mme ba ne ba kakegile mo go kalo mo puisanong ya bone mo go nnileng thata go lemoga gore O teng.KMR 111.4

    Banna ba ba nonofileng ba ba ne ba hutsafetse mo go kalo mo erileng ba ntse ba tsamaya ba bo ba lela. Pelotlhomogi ya ga Keresete ya lorato ya bona fa bohutsana jo e neng e ka bo gomotsa.KMR 111.5

    A ikgakisitse jaaka ekete ke moeng, A simolola go bua le bone. “Mme matlho a bone a bo a siregile gore ba tle ba se ka ba Mo itse. Mme A ba raya, A re:KMR 111.6

    “Dipolelano tse, ke dife, tse lo di bolelelanang ka lo tsamaya? Mme ba ema, ba tlhontse difatlhogo.KMR 111.7

    “Mme yo mongwe wa bone, yo leina ja gagwe e leng Keleopase, a Mo fetolola, a re:KMR 111.8

    “A ke wena wesi O tlhotsetlhotseng mo Jerusalema O sa itse dilo tse di diretseng gone mo malatsing ano?KMR 111.9

    “Mme A ba raya, A re, Dilo dife? Mme ba Mo raya, ba re, Dilo tsa kaga Jesu wa Nasaretha, yo e neng e le moperofeti yo o nonofileng mo tirong le mo mafokung, fa pele ga Modimo le batho botlhe.” Luke 24: 16-19.KMR 111.10

    Foo ba bolela se se neng se dirafetse, mme ba ba ba boelela polelo e e neng e lerilwe ke basadi ba ba neng ba le kwa phupung maphakela mo mosong oo. Foo A re:KMR 111.11

    “A batho ba ba senang tlhaloganyo ke lona, ba lo pelo di bonya go dumela tšotlhe tse baperofeti ba di buileng! A ga e ne e le tšhwanelo gore Keresete A boge dilo tse, le go tsena mo kgalalelong ya Gagwe?KMR 111.12

    “Mme A simolola ka Moše, le ka baperofeti botlhe, A ba phuthololela mo dikwalong tšotlhe, dilo tse di kwadilweng kaga Gagwe.” Luke 25-27.KMR 112.1

    Barutwa ba didimala ka kgakgamalo le boitumelo. Ga ba ka ba leka go botsa moeng gore e ne e le mang. Ba reetsa ka tlhoafalo jaaka A ba tlhalosetsa thomo ya ga Keresete.KMR 112.2

    Fa Mmoloki A ka bo A ikitsisitse barutwa pele, ba ka bo ba ne ba thethebetse. Mo botlalong jwa boitumelo jwa bone ba ka bo ba se ka ba eletsa sepe gape. Mme go no go tlhokega gore ba tlhaloganye kafa thomo ya Gagwe e neng e boletšwe pele ka methale yotlhe le dipolelelopele tsa Testamente e Kgologolo. Mo go tšone tumelo ya bone e tšhwanetse go tlhomamisiwa. Keresete ga A ka A dira tshupo epe go ba kgona, mme e ne e le tiro ya Gagwe ya ntlha go tlhalosa Dikwalo. Ba ne ba lebile lošo lwa Gagwe jaaka tshenyego ya tšholofelo yotlhe ya bone. Janong A bontsha mo baperofeting gore e e ne e le yone tshupo e e nonofileng thata ya tumelo ya bone.KMR 112.3

    Mo go ruteng barutwa ba, Keresete O supile bogolo jwa Testamentet e Kgologolo jaaka mosupi wa thomo ya Gagwe. Ba le bantsi janong ba gana Testamente e Kgologolo, ba bolela gore ga e tlhole e na le tiro epe. Mme ga se thuto ya ga Keresete. O na a e tlotlile mo go kalo, ka nako nngwe O rile, “Fa ba sa utlwe Moše le baperofeti, le gona ga ba ketla ba rapelesega, lefa mongwe a ka tšoga mo bašwing.” Luke 16: 31.KMR 112.4

    Jaaka letsatsi le phirima, barutwa ba goroga legaeng ja bone. Jesu A “dira jaaka ekete O fetela pele.” Mme barutwa ba ne ba sa kgone go kgaogana le yo O na A ba lereditse boipelo jo bo kalo le tšholofelo.KMR 112.5

    Jalo ba Mo raya ba re, “Nna le rona; gonne go maitsiboya, le letsatsi le ngotlegile thata. Mme A tsena A ya go nna nabo.” Luke 24: 28, 29.KMR 112.6

    Dijo tsa gale tsa maitsiboya ka bonako tsa bo di baakantšwe, mme Keresete A nna fa ntlheng ya lomati, jaaka A na A tlwaetse.KMR 112.7

    Ka tlwaelo e ne e le tšhwanelo ya tlhogo mung a motse go lopa tshegofatšo kaga dijo; mme Keresete A baya diatla tsa Gagwe go- dimo ga senkgwe mme A se segofatsa. Mme matlho a barutwa a buduloga.KMR 112.8

    Tiro ya go segofatsa dijo, modumo wa lentšwe je le tlwaelegileng janong, dipadi tsa dimapo mo diatleng tsa Gagwe, tšotlhe tsa mmolela fa e le Moruti wa bone yo O ratwang.KMR 113.1

    Ka lobakanyana ba nna ba didimetse; foo ba ema go wela fa dinaong tsa Gagwe go Mo obamela; mme ka tšhoganetso A nyelela.KMR 113.2

    Mo boitumelong jwa bone ba lebala tlala ya bone le letsapa. Ba tlogela dijo di sa jewa, mme ba itlhaganelela kwa Jerusalema ka molaetsa wa botlhokwa wa Mmoloki yo O tšogileng.KMR 113.3

    Yare ba ntse ba bolelela barutwa dilo tse, Keresete ka Esi A ema gare ga bone, mme, ka diatla tse di tšholeleditšweng go segofatsa, A re:KMR 113.4

    “Kagišo e nne le lona.” Luke 24: 36.KMR 113.5

    Pele ba tšhoga; mme erile A sena go ba bontsha dipadi tsa dimapo mo diatleng tsa Gagwe le dinaong, mme A sena go ja fa pele ga bone, ba dumela mme ba gomotsega. Tumelo le boipelo tsa tsaya boemo jwa go tlhoka go dumela, mme ka maikutlo a go seng mafoko a a ka a bolelang, ba dumela Mmoloki wa bone yo O tšogileng.KMR 113.6

    Mo kopanong e, Thomase a bo a sena nabo. A gana go dumela dipolelo kaga tšogo. Mme morago ga malatsi a fera mebedi Jesu A bonala mo barutweng Thomase le ene a le teng.KMR 113.7

    Mo lobakeng lo le gone A bontsha diatla tsa Gagwe le dinao tse di dipadi tsa papolo. Thomase ka bonako a kgonega, mme a re, “Morena wa me, le Modimo wa me.” Johane 20: 28.KMR 113.8

    Mo ntlwaneng e e kwa godimo. Keresete gape A tlhalosa Dikwalo kaga Gagwe. Foo A bolelela barutwa ba Gagwe gore boikwatlhao le boitšhwarelo jwa dibe bo tšhwanetse go rerwa mo leineng ja Gagwe mo merafing yotlhe, go simolola mo Jerusalema.KMR 113.9

    Pele ga tlhatlogelo ya Gagwe kwa legodimong, O ba reile a re, “Mme e tla re Moya o o Boitshepo O sena go tla mo go lona, lo tla bona nonofo: mme lo tla nna basupi ba Me mo Jerusalema, le mo lefatshing jotlhe ja Judea le ja Samaria, le go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.” “Mme bonang, Ke bo Ke ntse Ke na le lona ka metlha yotlhe, le go ya bokhutlong jwa metlha.” Ditiro 1:8; Mathaio 28: 20.KMR 113.10

    Lo ntse lo le basupi, A bua, ba botshelo jwa Me jwa boineelo ka ntlha ya lefatshe. Lo bonye gore botlhe ba ba tsileng mo go Nna, ba ipolela dibe tsa bone, Ke ba amogetse ka kgololego. Botlhe ba ba ratang ba letlangwa le Modimo, mme ba nna le botshelo jo bo sa khutleng.KMR 113.11

    Go lona, barutwa ba Me, Ke naya thomo e ya boutlwelo botlhoko. E na le go newa merafe yotlhe, dipuo, le batho.KMR 114.1

    Eyang kwa kgakala-kgakala kwa go leng batho lefatshing; mme lo itse gore Ke tla nna teng gone.KMR 114.2

    Thomo ya Mmoloki barutweng e ne e akaretsa badumedi botlhe go ya bokhutlong jwa metlha.KMR 114.3

    Ga se botlhe ba ba ka rerelang diphuthego; mme botlhe ba ka direla motho ka mongwe. Badiredi bao ba ba amogelang ba ba tlhokofetseng, ba ba thusang batlhoki, ba ba gomotsang ba ba hutsafetseng, le ba ba bolelelang moleofi ka lorato lwa ga Keresete lo lo itšhwarelang. Bao ke basupi ba ga Keresete.KMR 114.4

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents