Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 2—JESU A NEELWA MO TEMPELENG

    Josefe le Marie e ne e le Bajuda, mme ba ne ba latela mokgwa wa morafe wa bone. Erile Jesu A le weke di thataro a tšhotswe, ba Mo lere go Jehofa mo tempeleng kwa Jerusalema.KMR 10.1

    Mo e ne e le kafa molaong o Modimo O nong O o neile Iseraela, mme Jesu O na A tšhwanetse go nna kutlo mo dilong tšotlhe. Jalo Ene yo o leng Morwa Modimo, Kgosana ya Legodimo, ka sekai sa Gagwe O re ruta gore re tšhwanetse go utlwa.KMR 10.2

    E ne e le fela ngwana wa ntlha wa mosimane yo o na a neelwa jalo mo tempeleng. Moletlo o e ne e le go tshegetsa mo mogopolong tiragalo e e neng e kile ya dirala bogologolo pele ga mo.KMR 10.3

    Mogang bana ba Iseraela e ne e le magolegwa kwa Egepeto, Jehofa O na A romela Moše go ba golola. A laola Moše go ya go Farwe, kgosi ya Egepeto, mme a re:KMR 10.4

    “Jehofa O bua jana, A re, Iseraela ke morw ', aake, ngwana wa ntlha wa me: mme Ke go reile, Ka re, Mma morwaake, a tsamaye, gore a ye go ntirela; mme o ganne go mo lesa: bona, Ke tla bolaya morwao, ngwana wa ntlha wa gago.” Ekesodo 4: 22, 23.KMR 10.5

    Moše a isa thomo kwa kgosing. Mme phetolo ya Farwe e ne e le, “Jehofa e be e le mang, fa ke ka reetsa lentšwe ja Gagwe ka lesa Baiseraela ba tsamaya? ga ke itse Jehofa, gape ga nketla ke lesa Baiseraela ba tsamaya.” Ekesodo 5:2.KMR 10.6

    Foo Jehofa A romela dipetso tse di boitshegang mo Baegepeiong. Ya bofelo ya dipetso tse e ne e le polao ya motsalwa-pele wa mosimane mo ntlong nngwe le nngwe, go tšwa kwa go ya kgosi go ya kwa go ya yo o kwa tlasetlase mo lefatshing.KMR 10.7

    Jehofa a bolelela Moše gore nngwe le nngwe ya matlo a baIseraela e bolaye kwana, mme ba tshase mangwe a madi kafa ntlheng tšoopedi tsa mejako le fa mophakong mo ba ntseng teng.KMR 10.8

    Se e ne e le tšhupo, ya gore moengele wa lošo a tle a tlolaganye matlo otlhe a Baiseraela, mme a se ka a senya ope wa bone fa e se baikgodisi ba ba setlhogo ba Baegepeto.KMR 10.9

    Madi a a “tlolaganyo” a na a emela mo Bajudeng madi a ga Keresete. Gonne mo lobakeng lo lo tšhwanetseng, Modimo O no O tla naya Morwa One go bolawa jaaka kwanyana e ne e bolailwe; e le gore botlhe ba ba neng ba tla dumela mo go Ene ba tle ba gololwe mo lošong lo lo sakhutleng. Keresete O bidiwa tlolaganyo ya rona. 1 Bakorintha 5: 7. Ka madi a Gagwe, ka tumelo re a rekololwa. Baefesia 1: 7.KMR 10.10

    Jalo jaaka mongwe le mongwe mo Iseraela a na a lere ngwana wa mosimane mo tempeleng, ba ne ba na le go gakologelwa kafa bana ba neng ba bolokwa mo petšong, le kafa botlhe ba ka bolokwang mo boleung le lošo lo lo sa khutleng. Ngwana yo o neelwang mo tempeleng o na a bewa mo mabogong a moperisiti, mme a tsholelediwe fa pele ga aletara (sebešo).KMR 11.1

    Jalo o na a tšhwaetšwe Modimo ka bomasisi. Foo fa a sena go neelwa mmagwe, leina ja gagwe le ne le kwalwa mo momenaganong, kana lokwalo, lo lo nong lo na le maina otlhe a batsalwa-pele ba Iseraela. Ke gone ka moo botlhe ba ba bolokwang ke madi a ga Keresete maina a bone a tla kwalwa mo lokwalong lwa botshelo.KMR 11.2

    Josefe le Maria ba lerile Jesu kwa moperisiting jaaka molao o lopa. Letsatsi lengwe le lengwe borra le bomma ba ne ba tla le bana ba bone, mme mo go Josefe le Marie moperisiti a se ka a bona sepe se se farologanyeng le ba bangwe ba bantsi. E ne e le batho ba ba kwa tlase ba ba dirang.KMR 11.3

    Mo go ngwana Jesu a bona fela ngwanyana yo o senang thuso. Lefa go le gonnye moperisiti o na a sa itse fa a tsholeditse Mmoloki wa lefatshe, Moperisiti yo Mogolo wa tempela ya Legodimo. Mme o ka bo a na a itsile; gonne fa a na a le kutlo mo lefokong ja Modimo, Jehofa O ka bo A na A mo rutile dilo tse.KMR 11.4

    Ka lone lobaka lo go no go na le ba le babedi ba batlhanka ba Modimo ba boammaaruri, Simeone le Ana. Boobabedi ba ne ba tšofaletse mo tirelong ya Gagwe, A ba bontsha dilo tse di neng di sa kake tsa itsisiwe baperisiti ba ba ikgodisitseng ba ba ithatang.KMR 11.5

    Simeone o na a neilwe tšholofetšo ya gore ga a na go šwa go tsamaya a bona Mmoloki. Ka bonako fela jaaka a bona Jesu mo tempeleng, a itse gore yo e ne e le Ene yo o solofeditšweng.KMR 11.6

    Mo sefatlhogong sa ga Jesu go no go na le lesedi je le bonolo, ja legodimo; mme Simeone, ka a tsaya ngwana mo mabogong a gagwe, a baka Modimo, mme a re:KMR 11.7

    “Morena, jana O ka mma motlhanka wa Gago a tsamaya ka kagišo, jaaka lefoko ja Gago: gonne matlho a me a bonye poloka ya Gago, e O e baakantseng fa pele ga sefatlhogo sa ditšhaba tšotlhe; lesedi je le bonesang Baditšhaba, le kgalalelo ya Iseraela batho ba Gago.” Luke 2: 29-32.KMR 11.8

    Ana, moperofeti wa sesadi, “a tla fela ka lobaka loo, a leboga Modimo, a bua kaga Gagwe le batho botlhe ba ba lebeletseng thekololo ya Jerusalema.” Luke 2: 38.KMR 12.1

    Ke jalo gore Modimo O tšhwaya batho ba ba boikokobetšo go nna bašupi ba One. Gantsi bone ba lefatshe le ba bitsang bagolo ba tla ba fetwe fela. Ba le bantsi ba tšhwana le baperisiti ba Bajuda le balaodi.KMR 12.2

    Ba le bantsi ba tlhologeletšwe go direla le go itlotla, mme ba akanya go le gonnye kaga tirelo le tlotlo Modimo. Ke gone ka moo O se kakeng Oa ba tšhwaela go bolelela ba bangwe kaga lorato lwa One le boutlwelobotlhoko.KMR 12.3

    Marie, mma Jesu, a akanya ka polelelopele e e fitlhang kgakal ya ga Simeone. Erile ka a leba ngwana a le mo mabogong a gagwe, mme a gakologelwa se se neng se builwe ke badisa ba Bethelehema o na a tladiwa tebogo ya boipelo le tšholofelo e e galalelang.KMR 12.4

    Mafoko a ga Simeone a mo gakolola polelelopele ya Isaia. O na a itse gore kaga Jesu go no go builwe mafoko a a a gakgamatsang :KMR 12.5

    “Batho ba ba kileng ba sepela mo lefifing ba bonye lesedi je legolo; ba ba kileng ba aga mo lefatshing ja moruti wa lošo, lesedi le phatsimile mo go bone.”KMR 12.6

    “Gonne ngwana re mo tsaletšwe, ngwana wa Mosimane re mo neilwe; mme pušo e tla nna mo leruding ja gagwe: mme leina ja Gagwe le tla bidiwa Kgakgamatšo, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara wa Bosakhutleng, Kgosana ya Kagišo.” Isaia 9:2, 6.KMR 12.7

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents