Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 9—TIRELO YA TSHIMOLOGO

    Go tšwa kwa gare ga naga, Keresete 0 boela Joredane, kwa Johane wa Mokolobetsi O nang a rera teng. Ka lobaka loo banna ba ba neng ba rometswe ke balaodi ba Jerusalema ba ne ba botsa Johane kaga taolo ya gagwe go ruta le go kolobetsa batho.KMR 36.1

    Ba botsa fa e le gore e ne e le Mesia, gongwe Elija, gongwe “moparofeti yole,” ba raya Moše. “Ga ke ene.” Foo ba botsa: “O mang? gore re tle re fetole ba ba re romileng.”KMR 36.2

    A re, “Na ke lentswe ja mongwe yo o kuang mo nageng, a re, Siamisang tsela ya ga Jehofa, jaaka moperofeti Isaia a kile a bua.” Johane 1: 22, 23.KMR 36.3

    Mo metlheng ya bogologolo e ne e tle e re fa kgosi e eta e tšwa felong gongwe ga lefatshe e ya felo gongwe, banna ba ne ba romelwa kwa pele ga kara ya yone go ya go baakanya tsela.KMR 36.4

    Ba ne ba na le go rema ditlhare, ba phuthele maje kwa ntle, mme ba tlatse mahuti, e le gore tsela e tle e siamele kgosi.KMR 36.5

    Jalo erile fa Jesu, Kgosi ya legodimo, A na A tla, Johane wa Mokolobetsi o na a romelwa go baakanya tsela ka go bolelela batho, mme a ba biletsa go ikwatlhaeleng dibe tsa bone.KMR 36.6

    Erile fa Johane a ntse a araba barongwa ba ba tšwang Jerusalema, a bona Jesu A eme fa lotshitshing lwa noka. Sefatlhogo sa gagwe se phatsima, mme a otlololela mabogo a gagwe kwa ntle a re:KMR 36.7

    “Mo gare ga lona go eme mongwe yo lo sa Mo itseng, ebong Ene yo O tlang morago ga me, yo kgole ya setlhako sa Gagwe ke sa tšhwanelang go e hunolola.” Johane 1: 26, 27.KMR 36.8

    Batho ba amega thata. Mesia O na A le gare ga bone! Ba lebaleba go bona Ene yo Johane o na a bua ka Ene. Mme Jesu O na A ikopakopantse le boidiidi, mme A se ka a bonwa.KMR 36.9

    Letsatsi le le latelang Johane gape a bona Jesu, mme a Mo supa, a goa: “Bonang, Kwana wa Modimo, yo O tlosang boleo jwa lefatshe!”KMR 36.10

    Foo Johane a bolela kaga sesupo se se neng se bonwe kwa kolobetsong ya ga Keresete. “Ke bonye ka ba ka supa,” a oketsa, “fa yo e le Morwa Modimo.” Johane 1: 29, 34.KMR 36.11

    Ka tshisimogo le kgakgamalo bautlwi ba leba Jesu. Ba ipotsa, A yo ke Ene Keresete?KMR 37.1

    Ba bona gore Jesu O na A sena sesupo sepe sa khumo kana bogolo jwa selefatshe. Diaparo tsa Gagwe e ne e le tsa bonolo le bori, ebong tse di aparwang ke batho ba ba humanegileng. Mme mo sefatlhogong sa Gagwe se se thuntseng, se se lapileng go no go le sengwe se se neng se tshikinya dipelo tsa bone.. Mo sefatlhogong seo ba bala tlotlego le borena; mme kgadimo nngwe le nngwe ya leitlho, popego nngwe le nngwe ya sefatlhogo, e ne e bua ka kutlwelo botlhoko e e boitshepo le lorato lo lo se kakeng lwa buiwa.KMR 37.2

    Mme barongwa ba ba tšwang kwa Jerusalema ba se ka ba gogelwa kwa Mmoloking. Johane o na a se ka a bua sone se ba neng ba eleditse go se utlwa. Ba ne ba lebeletse Mesia go tla jaaka mofenyi yo mogolo. Ba bona gore e e ne e se thomo ya ga Jesu, mme mo go suleng pelo ba Mo hularela.KMR 37.3

    Letsatsi je le latelang gape Johane a bona Jesu, mme a goa, “Bonang Kwana Oa Modimo!” Ba le babedi ba barutwa ba ga Johane ba ne ba eme gaufi, mme ba latela Jesu. Ba reetsa go ruta ga Gagwe, mme ba tšwa barutwa ba Gagwe. Mongwe wa ba babedi e ne e le Anderea, mongwe e le Johane.KMR 37.4

    Anderea ka bonako a lere monnawe kwa go Jesu, Simone, yo Jesu O mmiditseng Petere. Letsatsi je le latelang, mo tseleng e e yang Galilea, Keresete A bitsa morutwa yo mong.ve. Filipo. Ka bofefo fa Filipo a sena go bona Mmoloki, a lere tsala ya gagwe Nathanaele.KMR 37.5

    Ka tsela e tiro e e kgolo ya ga Jesu mo lefatshing e ne e simologile. A bitsa barutwa ba Gagwe ka bongwe, mme mongwe a lere morwa rragwe, mongwe tsala ya gagwe. Se ke se se tšhwanetseng go dirwa ke molatedi mongwe le mongwe wa ga Keresete. Fela fa ene a sena go itse Jesu, o na le go bolelela ba bangwe Tsala e e tlhokegang e o e bonyeng. E ke tiro e botlhe ba ka e dirang, lefa ba le bannye kana ba le batona. Kwa Kana mo Galilea, Keresete, le barutwa ba Gagwe, ba ne ba ya modirong wa nyalo. Ka ntlha ya boitumelo jwa go phuthega ga ntlo e, thata ya Gagwe e e gakgamatsang e ne ya dirwa.KMR 37.6

    E ne e le tlwaelo mo lefatshing jeo go dirisa mofine mo lobakeng lo lo ntseng jana. Pele ga modiro o fela, mofine wa fela. Go tlhokafala ga mofine mo modirong go no go ka akanngwa jaaka ekete ga go na tlamelo, mme mo go no go lejwa e le selo se se tlhabisang ditlhong thata.KMR 37.7

    Keresete O na A bolelelwa se se dirafetseng, mme A laela gore batlhanka ba baakanye dinkgwana di le thataro tsa maje di na le metse. Foo A re, “Gang jana, mme lo ise kwa molebalebing wa modiro.” Johane 2: 8.KMR 38.1

    Mo boemong jwa metse ga tšwa mofine. Bojalwa jo jwa mofine bo no bo le botoka go gaisa jotlhe jo bo nong bo diritšwe pele, mme jwa bo bo lekanye botlhe.KMR 38.2

    Morago ga go dira kgakgamatšo, Jesu A ngwangwaela ka tidimalo. Ga se ka ga nna go fitlhela A tsamaile, ope wa baeng yo o itsileng tiro e O na A e dirile.KMR 38.3

    Neo ya ga Jesu mo modirong wa nyalo e ne e le setšhwantsho. Metse a na a emela kolobetso, mme mofine e ne e le madi a Gagwe, a a neng a tla tshololelwa lefatshe.KMR 38.4

    Mofine o Jesu O o dirileng e ne e se bojalwa jo bo bedisitsweng. Jo bo ntseng jalo bo tšosa botagwa le masula a le mantsi, mme Modimo O no O iditse tiriso ya jone. Oa re, “Bojalwa jwa mofine ke mosoti, bojalwa jo bo loileng ke phokelelo; mme lefa e le mang yo o timelang ka jone ga a botlhale.” “Bo tlo bo lome jaaka noga, bo lome jaaka šaušawane.” Diane 20: 1; 23: 32.KMR 38.5

    Mofine o o nong o dirisitswe mo modirong e ne e le matute a a itshekileng a moretlwa a a botshe. E ne e le o o tšhwanang le o moperofeti Isaia a o bitsang “bojalwa jo boša jwa mofine . . . mo leroseng,” mme a re, “lesego le mo go jone.” Isaia 65: 8.KMR 38.6

    Ka go ya kwa modirong wa nyalo, Keresete O bontshitse gore go siame go rakana mmogo ka tsela e e monate e. O na A rata go bona batho ba itumetse. Gantsi O na A tla a ba etele mo magaeng a bone, mme A leke gore A ba lebatse ditlalelo le matshwenyego a bone, mme ba akanye ka molemo le lorato lwa Modimo. Gongwe le gongwe kwa O ka nnang teng, Keresete ka metlha O na A leka go dira se. Gongwe le gongwe kwa pelo e neng e bulegetse go amogela thomo e e boitshepo, O na A phutholola boammaaruri jwa tsela ya poloko.KMR 38.7

    Letsatsi lengwe, jaaka A feta mo lefatshing ja Samaria, A nna fa fatshe fa sedibeng go itapolosa. Erile mosadi a tla go ga metse, A mo lopa go Mo nosa.KMR 38.8

    Mosadi a gakgamadiwa ke mo, gonne o na a itse kafa Bajuda ba ilang Basamaria. Mme Keresete A mmolelela gore fa a na a kopile Ene, O na A tla mo naya metse a a tshedileng. Mo go no ga mo gakgamatsa segolo. Foo Jesu A mo raya a re:KMR 39.1

    “Mongwe le mongwe yo o nwang metse a, o tla ba a nyorwa gape: mme lefa e le mang yo o tla nwang metse a Ke tla a mo nosang, ga a ketla a tlhola a nyorwa gope; mme metse a Ke tla a mo nosang, a tla tšwa motšwedi wa metse mo go ene, a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.” Johane 4: 13, 14. Ka metse a a tshedileng go rewa Mowa o o Boitshepo. Jaaka motsamai yo o nyorilweng a batla metse go nwa, fela jalo re batla Moya wa Modimo mo dipedung tsa rona. Ene yo o nwang metse a ga a ketla a nyorwa gope.KMR 39.2

    Moya o o Boitshepo wa Modimo o lere lorato mo dipelung tsa rona. O kgorisa dikeletso tsa rona e le gore dikhumo le tlotlo le dikgatlhego tsa lefatshe jeno di se ka tsa re goga. Mme o re tlatsa ka boitumelo jo bo ntseng jalo jo re bileng re batla gore le bangwe ba nne le jone le bone. O tla nna mo go rona motswedi wa metse, o o elelelang lesego mo go ba bangwe tikologong.KMR 39.3

    Mme mongwe le mongwe yo Moya wa Modimo o ntseng mo go ene, o tla tshelela ruri le Keresete mo bogosing jwa Gagwe. Fa o amogetswe ka tumelo mo pedung, ke tshimologo ya botshelo jo bo sa khutleng.KMR 39.4

    Lesego je le tlhokegang je Keresete O boleletse mosadi gore O na A tla le mo naya fa a na a le kopa. Fela jalo O tla le re naya.KMR 39.5

    Mosadi yo o na a robile ditaolo tsa Modimo, mme Keresete A mmontsha gore O na A itse maleo a botshelo jwa gagwe. Mme A bontsha le gone, gore O na A le tsala ya gagwe, gore O na A rata A bile A mo tlhomogela pelo, le gore fa a na a dumela go latlha dibe tsa gagwe, Modimo O no O tla mo amogela jaaka ngwana wa One.KMR 39.6

    O na a itumela jang go itse mo! Mo boitumelong jwa gagwe a itlhaganelela kwa motsaneng o o gaufi, mme a biletsa batho go tla go bona Jesu.KMR 39.7

    Jalo ba tla fa sedibeng, mme ba Mo lopa go nna le bona. A nna malatsi a le mabedi, mme A ba ruta, mme ba le bantsi ba reetsa mafoko a Gagwe. Ba ikwatlhaela dibe tsa bone, mme ba dumela mo go Ene e le Mmoloki wa bone.KMR 39.8

    Mo tirelong ya Gagwe, Jesu O etetse legae ja Gagwe je le gologolo ga bedi ja Nasaretha. Mo go eteng ga ntlha O na A ya mo tlung ya thuto ka letsatsi ja Sabata.KMR 40.1

    Fa A bala mo polelelong pele ya ga Isaia kaga tiro ya Mesia, — kafa O na A tla rera dilo tse di molemo mo bahumaneging, go gomotsa ba ba hutsafetseng, le go naya pono mo go ba ba sa boneng, le go fodisa ba ba neng ba teketilwe.KMR 40.2

    Foo A bolelela batho gore mo go no go dirafetse gotlhe gone letsatsing jeo. E e ne e le tiro e O na A e dira ka esi.KMR 40.3

    Mo mafokong a bautlwi ba tlala boitumelo. Ba dumela gore Jesu e ne e le Mmoloki yo o na a solofeditswe. Dipelo tsa bone tsa tshikinngwa ke Moya o o Boitshepo, mme ba araba ka bo-amen ba ba gotetseng le dipako go Morena.KMR 40.4

    Foo ba gakologelwa kafa Jesu O na A tshedile gare ga bone jaaka mmetli. Gantsi ba ne ba Mmonye A dira mo petlelong le Josefe. Lefa mo botshelong jotlhe jwa Gagwe go no go le ditiro tsa lorato le boutlwelobotlhoko fela, ba ne ba se kake ba dumela gore ke Ene Mesia.KMR 40.5

    Ka megopolo e e ntseng jana ba bulela Satane tsela ya go laola maikutlo a bone. Foo ba tlalela Mmoloki bogale. Ba goa kgatlhanong Nae, mme ba ikemisetsa go tlosa botshelo jwa Gagwe.KMR 40.6

    Ba Mo potlakisetsa koo, ka maikaelelo a gore ba ye go Mo latlhela kwa lopaweng lwa thaba. Mme baengele ba ba boitshepo ba ne ba le gaufi go Mo sireletsa. A kgabaganya ka polokesego gare ga bontsi, mme A se ka A bonwa.KMR 40.7

    Lobaka lo lo latelang fa A tla mo Nasaretha, batho ba ne ba sa tlhole ba ipaakanyeditse go Mo amogela. A tsamya, A se ka A tlhola A boela teng gope.KMR 40.8

    Keresete O na A direla ba ba neng ba batla thuso ya Gagwe, mme mo lefatshing jotlhe batho ba kgobokanela mo go Ene. Jaaka A ntse A ba fodisa A ba ruta, ga bo go le boitumelo jo bogolo. Legodimo ja lebega ekete le fologela mo lefatshing, mme ba ikgorisa mo tshwarong ya Mmoloki yo O boutlwelo-botlhoko.KMR 40.9

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents