Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 8—THAELO

    Morago ga kolobetšo ya Gagwe, Keresete O na A isiwa ke Moya kwa gareng ga naga, go ya go raelwa gone ke diabolo.KMR 32.1

    Mo go yeng kwa garing ga naga, Keresete O na A isiwa ke Moya v;a Modimo. Ga A ka A laletsa thaelo. O na A batla go nna A le esi, e le gore A tle A šwetse thomo ya Gagwe le tiro.KMR 32.2

    Ka thapelo le go ikitsa dijo O na A na le go itshegetsa kaga tsela e e madi e O na A na le go e tsamaya. Mme Satane o na a itse kwa Mmoloki O na A ile teng; jalo a ya gone go ya go Mo raela.KMR 32.3

    Jaaka Keresete A tlogela Joredane, sefatlhogo sa Gagwe se ne se sedifaditšwe ke kgalalelo ya Modimo. Mme morago ga A sena go tsena kwa gare ga naga, kgalalelo e ya nyelela.KMR 32.4

    Maleo a lefatshe a na a le mo go Ene, mme sefatlhogo sa Gagwe sa bontsha bohutsana jo bo kalo jo go seng motho ope yo o kileng a bo utlwa. 0 na A tlhokofalediwa baleofi.KMR 32.5

    Adame le Efe mo Edene ba ne ba tlhokile go utlwa Modimo ka go ja ga setlhare se se neng se iditšwe. Go tlhoka kutlo ga bone go no go lerile boleo le bohutsana le lošo mo lefatshing.KMR 32.6

    Keresete O na A tsile go naya sekao sa kutlo. Mo nageng, marago ga go ikitsa dijo ka malatsi a le mašome mane, O na A se kake, lefa e le go ya go bona dijo, A tlogela go rata ga Rragwe.KMR 32.7

    Nngwe ya dithaelo tse di fentseng batsadi ba rona ba ntlha e ne e le thaelo ya go itumedisa keletso ya dijo. Ka go ikitsa dijo mo go leele mo Keresete O na A na le go bontsha gore keletso e ka laolwa.KMR 32.8

    Satane o raela batho go kgorisa keletso, gonne mo go koafatsa mmele le go fifatsa mogopolo. Foo o itse gore o ka kgona ka motlhofo go ba tsietsa le go ba senya.KMR 32.9

    Mme sekao sa ga Keresete se ruta gore keletso nngwe le nngwe e e sa siamang e tšhwanetse go fenngwa. Go eletsa dijo ga rona ga goa tšhwanela go re laola; re tšhwanetse go go laola.KMR 32.10

    Erile lwa ntlha fa Satane a bonala kwa go Keresete, o na a lebega jaaka moengele wa lesedi. O na a ipolela fa a le morongwa yo o tšwang legodimong.KMR 32.11

    A bolelela Jesu gore e ne e se go rata ga ga Rragwe go itshokela pogišo e; O na A na le go bontsha fela go rata go boga.KMR 33.1

    Mogang Jesu O nang A le mo ntweng ya go sega ga tlala, Satane a Mo raya a re:KMR 33.2

    “Fa 0 le Morwa Modimo, O laole maje a, O re, a fetoge senkgwe.”KMR 33.3

    Mme e re ka Mmoloki O na a tsile go tshela jaaka sekao sa rona, O na le go boga botlhoko jaaka re na le go bo itshokela; A se ka A itirela kgakgamatšo e e tla Mo thusang. Dikgakgamatšo tšotlhe tsa Gagwe di ne di tšhwanetse go tšwela molemo ba bangwe. Mo topong ya ga Satane A fetola:KMR 33.4

    “Go kwadilwe ga twe, Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe je le tšwang mo molomung wa Modimo.”KMR 33.5

    Jalo A bontsha gore ga go tlhokege bogolo go ipaakanyetsa dijo go na le gore re utlwe lefoko ja Modimo. Ba ba utlwang lefoko ja Modimo ba na le tsholofetšo ya dilo tšotlhe tse di tlhokegang mo botshelong jo, ba bile ba na le tsholofetšo ya botshelo jo bo tlang.KMR 33.6

    Satane o na a reteletswe go fenya Keresete mo thaelong ya ntlha e kgolo; gape a Mo tseela kwa setlhoeng sa tempela kwa Jerusalema, mme a re:KMR 33.7

    “Fa O le Morwa Modimo, O itatlhele kwa tlhatse, gonne go kwadilwe, ga twe, O tla laela baengele ba Gagwe kaga Gaga; mme ba tla Go legelela ka diatla tsa bone, e se re kgotsa lonao lwa Gago lwa sugakangwa ke lentšwe.”KMR 33.8

    Satane fa o latetse sekao sa ga Keresete ka go bala temana Dikwalong. Mme tsholofetso e ga se ya ba ba itigelang ka bomo mo dipha-tseng. Modimo O no O sa bolelela Jesu go itiga mo tempeleng. Jesu O na A se kake a go dira go itumedisa Satane. O rile: “Go kwadilwe gape ga twe, O se ka Oa leka Jehofa Modimo Oa gago.”KMR 33.9

    Re tshwanetse go ikanya mo tlhokomelong ya Rraetsho wa Legodimo; mme re se ka ra ya kwa O sa re romeng teng. Re se ka ra dira se O se iditseng.KMR 33.10

    E re ka gonne Modimo O le boutlwelobotlhoko, O bile O ipaakanyeditse go itshwarela, go na le ba ba reng go dibelesegile go tsuulola Modimo. Mme mo ke bomo. Modimo O tla itshwarela botlhe ba ba batlang boitshwarelo mme ba hularela boleo. Mme ba ba itlhophelang go O tsuulolela ga O kake Oa ba segofatsa.KMR 33.11

    Satane janong a bonala jaaka a ntse tota, kgosana ya thata ya lefifi. A tseela Jesu kwa tlhoreng ya thaba e e godileng, mme a Mmontsha magosi otlhe a lefatshe.KMR 34.1

    Marang a letsatsi a na a le mo metsing e mentle, matlo a bogosi a a maje mantle, masimo a a ungwang le masimo a mafine. Satane a re:KMR 34.2

    “Dilo tšotlhe tse ke tla di Go naya, fa O ka wela fa fatshe Oa nkobamela.”KMR 34.3

    Ka lobakanyana Keresete A leba ponalo. Foo A retologa. Satane o na a beile lefatshe fa pele ga Gagwe ka tsela e e kgatlhang thata; mme Mmoloki A leba kafa teng ga bontle jo bo kwa ntle.KMR 34.4

    A bona lefatshe mo bobenyaneng jwa jone le boleo, kgakala le Modimo. Manyobonyobo a otlhe a na a dirilwe ke go fularela Modimo ga motho go obamela Satane.KMR 34.5

    Keresete O na A tletse tlhoafalelo ya go rekolola se se neng se latlhegile. O na A eletsa go busetsa lefatshe mo bontleng jo bo gaisang bontle jwa jone jwa Edene. O na A batla go baya motho mo lefatshing je le nang le thuso ya Modimo.KMR 34.6

    Ka ntlha ya motho yo o leofileng O na A ganela le thaelo. O na A tshwanetse go nna mofenyi, gore ba tle ba fenye, gore ba tle ba lekane le baengele, ba bo ba tshwanele go bidiwa bana ba Modimo.KMR 34.7

    Mo topong ya ga Satane ya kobamelo, Keresete a araba:KMR 34.8

    “Tloga o ye kong, Satane; gonne go kwadilwe, ga twe, O obamele Jehofa Modimo Oa gago, ke Ene esi yo o tla Mo direlang.” Mathaio 4: 3-10.KMR 34.9

    Lorato lwa lefatshe, keletso ya nonofo, le boikgodiso jwa botshelo,— sengwe le sengwe se se gogelang motho go tšwa kobamelong ya Modimo,— se ne se akareditswe mo thaelong e kgolo e ya ga Keresete.KMR 34.10

    Satane o na a naya Keresete lefatshe le dikhumo tsa jone fa A na A ka ikobela melao ya bosula. Jana Satane o baya fa pele ga rona tse di thusang fa re ka dira phoso.KMR 34.11

    Oa re sebetsa, “e le gore tswelopele e tle e nne teng mo lefatshing je, O tshwanetse go ntirela. O se ka wa tlhokomela thata ka go nna boammaaruri le boikanyego. Utlwa dikgakololo tsa me, mme ke tla go naya dikhumo, tlotlo, le boitumelo.”KMR 34.12

    Mo go utlweng kgakololo e re obamela Satane mo boemong jwa Modimo. Go tla re leretse bohutsana jo bogolo le tshenyego.KMR 35.1

    Kereste 0 re kaetse se re tshwanetseng go se dira fa re raelwa.KMR 35.2

    Fa A na A re go Satane, “Tloga fano,” moraedi o na a se kake a ganetsa taolo. O na a patelesega go tsamaya.KMR 35.3

    Ka go imenekanya ka kilo e e sotlilweng le bogale, kgosi ya batsuulodi ya tloga fa pele ga Morekolodi wa lefatshe.KMR 35.4

    Tlhabano e ne ya khutla ka lobaka. Phenyo ya ga Keresete e ne e tletse fela jaaka go palelwa ga ga Adame go no go ntse.KMR 35.5

    Jalo re ka ganetsa thaelo, mme ra fenya Satane. Morena A re go rona, “Tlhabanang le diabolo, mme o tla lo tshaba. Atamelang Modimo, mme O tla lo atamela.” Jakobe 4: 7, 8.KMR 35.6

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents