Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 32—LEGAE JA BABOLOKWA

    Letsatsi ja go tla ga Keresete ke letsatsi la tshenyo fela mo bosuleng. Ke letsatsi ja thekololo, e seng fela mo bathung ba Modimo, mme e le ya lefatshe le jone.KMR 126.1

    Modimo O tlhodile lefatshe go nna legae ja motho. Fa Adame O ntse tshimong ele ya boitumelo e Motlhodi ka Esi O na A e ntlafaditse. Lefa boleo bo sentse tiro ya Modimo, le gale losika lwa batho ga loa latlhwa ke Motlhodi wa jone; lefa e le maikaelelo a Gagwe ka lefatshe go beelwa kwa thoko.KMR 126.2

    Mo lefatshing je baengele ba tsile, ka thomo ya thekololo, mme dithaba tsa jone le mekgatšha di boletse gape le gape dikopelo tsa tšone tsa boipelo. Mmu wa jone o gatilwe ke dinao tsa Morwa Modimo. Mme ka dingwaga tse di fetang mathousanda a le marataro, mo dipopegong tsa jone tsa bontle le dineo tsa tlamelo, lefatshe le supile ka lorato lwa Motlhodi.KMR 126.3

    Lefatshe jone je, le golotšwe mo phutšong ya boleo, le tšhwanetse go nna legae ja motho je le sa khutleng. Kaga lefatshe Lokwalo lwa re, Modimo “O no o se ka wa le tlholela lefela, Oa le bopela go nnwa.” Isaia 45: 18. Mme “Sengwe le sengwe se Modimo O se dirang, se tla nnela ruri ka bosakhutleng.” Moreri 3: 14.KMR 126.4

    Jalo mo therong mo thabeng Mmoloki O rile “Go sego ba ba pelonomi: gonne ba tla rua lefatshe.” Mathaio 5:5.KMR 126.5

    Jalo mopesalema o kwadile bogologolo, “Bapelonomi ba tla rua lefatshe; ba tla inatehisa mo letlotlong ja kagišo.” Dipesalema 37: 11.KMR 126.6

    Le se go dumalana mafoko a Lokwalo, “Mosiami o tla duelwa mo lefatshing.” Ba “tla rua lefatshe, ba tla aga mo go jone ka bosakhutleng.” Dipesalema 37: 29.KMR 126.7

    Molelo wa malatsi a bofelo o na le go senya “magodimo a gompieno le lefatshe;” mme go tla tšwa “magodimo a maša, le lefatshe je leša.” 2 Petere 3: 7, 13. Magodimo le lefatshe a tla dirwa maša.KMR 126.8

    “Ke Dilo tse leitlho le se kang ja di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pedung ya motho, ebong dilo tšotlhe tse Modimo O di baakanyeditseng bone ba ba O ratang.” 1 Bakorintha 2: 9.KMR 126.9

    Ga go puo epe ya batho e e ka tlhalosang ka botlalo tuelo ya basiami. E tla itsiwe fela ke ba ba e amogelang. Ga re ka ke ra tlhaloganya kgalalelo ya Paradaišo ya Modimo.KMR 127.1

    Lefa go ntse jalo re na le marang a lefatshe jeo le janong; gonne “Modimo O di senoletse rona ka Moya.” 1 Bakorintha 2: 10. Go ratega mo dipedung tsa rona ditšhwantšho tsa lefatshe jele tse Bibela e di nayang.KMR 127.2

    Gone Modisa wa legodimo O isa letšomane ja Gagwe metšweding ya metse a a tshedileng. Setlhare sa botshelo se ungwa maungo a šone kgwedi nngwe le nngwe, mme matlhare a setlhare ke a tirelo ya merafe.KMR 127.3

    Go na le melatswana e e elelelang ruri, e e phepa jaaka legweka, mme fa tlase ga yone ditlhare tse di ebegang di latlhela meruti ya tšone godimo ga ditsela tse di baakanyeditšweng barekolodwi ba Morena. Mabala a a magolo a budulogela makhubung a bontle, mme dithaba tsa Modimo di tšholetsa ditlhora tsa tšone tse di godileng. Mo mabaleng ao a kagišo, gaufi le melatšwana e e tshedileng eo, batho ba Modimo, ba ka boleele ba ntseng ba lc baeti le bakgarakgatshegi, ba tla bona lcgae.KMR 127.4

    “Batho ba Me ba tla nna mo boagong jwa thagamo, le mo dikagong tse di tlhomameng, le mo mafelong a tapologo le a lodule.” “Go thubaka ga go ketla go tlhola go utlwala mo lefatshing ja gago lefa e le tšhwafatso, kgotsa tshenyo mo teng ga melelwane ya gago; O tla raya dithako tsa gago leina, O re, Poloko, le dikgoro tsa gago, O re, Pako.” Isaia 32: 18; 60: 18.KMR 127.5

    “Ba tla aga matlo, ba nna mo go one: ba tla tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma mme go je o sele: . . . baitshenkedwi ba Me ba tla ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.” Isaia 65: 21, 22.KMR 127.6

    Teng, “e e leng naga fela e tla ipela le lefatshe ja lokgere; le sekaka se tla itumela se nyakalala jaaka sešeše.” “Mo boemong jwa setlhare se se mitlwa go tla tlhoga morukuru: le mo boemong jwa mmabi go tla tlhoga setlhare sa bolao; mme e tla bo e le ga Jehofa.” Isaia 35: 1; 55: 13.KMR 127.7

    “Mme phiri e tla aga le kwanyana, nkwe e tla botha le potsane; . . . mme ngwanyana yo monnye o tla di goga.” “Ga di ketla di utlwisa botlhoko lefa e le go senya mo thabeng ya me e e boitshepo,” go bua Jehofa. Isaia 11: 6, 9.KMR 127.8

    Ga go ketla go nna le dikeledi gape, ga go tlhole go le diphitlho, lefa e le dikhai tsa ditshupo tsa selelo. “Ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, lefa e le selelo, . . . dilo tsa pele di fetetse ruri.” “Monni wa gone ga a ketla a re, Kea bobola; batho ba ba agang gone ba tla itšhwarelwa boikepo jwa bone.” Tshenolo 21: 4; Isaia 33: 24.KMR 128.1

    Go na le Jerusalema o moša, motse wa kgosing wa lefatshe je le galaleditsweng je leša, “serwalo sa bogosi se sentle mo seatleng sa ga Jehofa, le mohapatlhogo wa segosi mo seatleng sa Modimo wa gago.” Lesedi ja one le “tšhwana le lentšwe je le tlhokegang thata, ekete lentšwe ja jasepera, le le phepa jaaka legweka.” “Merafe e tla tsamaya mo gare ga lesedi ja one: le dikgosi tsa lefatshe di tlisa kgalalelo ya tšone mo go one.” Isaia 62: 3; Tshenolo 21: 11, 24.KMR 128.2

    Morena A re, “Ke tla ipela ka Jerusalema, Ke ja monate mo bathung ba me.” “Boago jwa Modimo bo mo bathung, mme O tla aga nabo, mme ba tla nna batho ba One, le Modimo ka Osi O tla nna nabo, mme O tla nna Modimo wa bone.” Isaia 65: 19; Tshenolo 21:3.KMR 128.3

    Mo lefatshing je le dirilweng leša, ke tshiamo fela e e tla agang teng. “Ga go ketla go tsena mo go one sepe se se itshekologileng gope, iefa e le ene yo o dirang se se makgapha le maaka.” Tshenolo 21: 27.KMR 128.4

    Molao wa Modimo o o boitshepo o tla tlotlwa ke botlhe tlase ga letsatsi. Ba ba itshupileng ba le boammaaruri mo Modimong ka go tshegetsa ditaolo tsa One, ba tla nna le One.KMR 128.5

    “Mo melomung ya bone go se ka ga fitlhelwa leaka lepe.” “Ba, ke ba ba tšwang mo pitlaganong e kgolo, mme ba tlhatšwitse dikobo tsa bone, ba di šweufaditse mo mading a ga Kwana. Ke gone kafa ba leng fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo ka gone; mme ba O direla motshegare le bosigo mo tempeleng ya One.” Tshenolo 14: 5; 7: 14, 15.KMR 128.6

    * * * * *

    “Ditayo tsa ga Jehofa di siame, . . . mo go di tshegetseng go tuelo e kgolo.” Dipesalema 19: 8-11.KMR 128.7

    “Go sego ba ba dirang ditaolo tsa Gagwe, gore ba nne le tshiamelo mo setlharing sa botshelo, le go tsena ka dikgoro mo motsing.” Tshenolo 22: 14.KMR 128.8

    * * * * *

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents