Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 29—TLHATLOGO

    Tiro ya Mmoloki lefatshing e ne e fedile. Lobaka lo no lo tsile lwa gore janong A boele legaeng ja Gagwe ja Legodimo. O na A fentse, mme gape O na A na le go tsaya bonno jwa Gagwe lotlhakoring lwa ga Rragwe mo Teroneng ya Gagwe ya lesedi le kgalalelo.KMR 115.1

    Jesu O tlhophile Thaba ya Lotlhware e le bonno jwa Gagwe jwa tlhatlogo. A na le ba ba šome le motso, A ya kwa Thabeng. Mme barutwa ba ne ba sa itse gore e e ne e tla nna puisanyo ya bone ya bofelo le Moruti wa bone. Jaaka ba ntse ba tsamaya Mmoloki A ba naya tayo ya Gagwe ya bofelo. Fela pelenyana ga A ba tlogela, A dira tšholofetšo e e tlhokegang yele, e e rategang thata mo go mongwe le mongwe wa balatedi ba Gagwe:KMR 115.2

    ‘‘Bonang, Ke bo Ke ntse Ke na le lona ka metlha yotlhe, le go ya bokhutlong jwa metlha.” Mathaio 28: 20.KMR 115.3

    Ba kgabaganya tlhora, go ya gaufi le Bethani. Fa ba itulela, mme barutwa ba phuthegela tikologong ya Morena. Marang a lesedi ya ne ekete a bonala mo sefatlhogong sa Gagwe jaaka A ba leba ka lorato. Mafoko a bonolo jo bo boteng thata e ne e le a bofelo a a wetseng mo ditsebeng tsa bone a tšwa mo dipounameng tsa Mmoloki wa bone.KMR 115.4

    Ka diatla tse di otlololetšweng tshegofatšo, ka bonya A tlhatloga a tšwa mo go bone. Jaaka A ntse A fetelela go ya godimo, barutwa ba ba tšhwerweng ke tshisimogo ba leba ka matlho a a gagamaditseng go bona lwa bofelo Morena wa bone yo O tlhatlogang. Leru ja kgalalelo ja Mo amogela mo ponong ya bone. Ka yone nako eo ga fologela mo go bone molodi wa kopelo ya baengele o o botshe o o itumedisang go gaisa.KMR 115.5

    Erile barutwa ba sa ntse ba lebile thata kwa godimo, mantšwe a bua le bone a a neng a utlwala jaaka kopelo e e monatenate. Ba retologa, mme ba bona baengele ba le babedi mo setšhwanong sa batho, ba ba buileng le bone, ba re:KMR 115.6

    “Lona banna ba Galilea, lo emetseng lo lebile thata kwa Loaping Jesu yo, yo O tšholeleditšweng kwa Legodimong A tšwa mo go lona, O tla tla jalo fela, jaaka lo mmonye A ya kwa Legodimong.” Ditiro 1: 11.KMR 115.7

    Baengele ba e ne ele ba lešomo je le neng le tsile go bopela Mmoloki go ya legaeng ja Gagwe ja legodimo. Mo pelotlhomoging le loratong go ba ba setseng tlase, ba ne ba saletse go ba tlhomamisetsa gore kgaogano e ne e sa kake ya nna ya bosakhutleng.KMR 116.1

    Erile barutwa ba boela kwa Jerusalema, batho ba ba leba ka kgakgamalo. Morago ga tshekišo le papolo ya Moruti wa bone, go no go gopotšwe gore ba ne ba tla bonala ba kgobegile marapo ba le mo mašwabing. Baba ba bone ba ne ba lebeletse go bona mo difatlhogong tsa bone bohutsana le go fengwa. Mo boemong jwa se, go no go le boitumelo le phenyo. Difatlhogo tsa bone di ne di phatsima ka boitumelo e seng jwa lefatshe. Ga ba ka ba lelela ditšholofelo tse di šwabisitsweng, mme ba ne ba tletse pako le malebogo mo Modimong.KMR 116.2

    Ka boipelo ba bolela polelo ya tšogo le tlhatlogelo ya ga Keresete kwa legodimong, mme tshupo ya bone e ne ya amogelwa ke ba le bantsi.KMR 116.3

    Barutwa ba ne ba sa tlhole ba boifa lobaka lo lo tlang. Ba itsile gore Mmoloki O na A le Legodimong, le mabelotlhomogi a Gagwe a ne a sa ntse a na le bone. Ba itsile gore O na A rapela pele ga Modimo ka mpho ya madi a Gagwe. O na A bontsha Rara diatla le dinao tse di dintho, e le yone tshupo ya tuelo e O na A e dueletse barekolodwi ba Gagwe.KMR 116.4

    Ba itsile gore O na A tla tla gape, le baengele botlhe ba ba boitshepo ba na le Ene, mme ba lebeletse tiragalo e ka boipelo jo bogolo le tlhologelelo ya thako.KMR 116.5

    Erile Jesu A tšwa mo ponong ya barutwa ba Gagwe mo Thabeng va Lotlhware, A kgatlhantshiwa ke lešomo ja Legodimo, ba, ka dikopelo tsa boitumelo le phenyo, ba mmopetseng go ya godimo.KMR 116.6

    Kwa dikgorong tsa motse wa Modimo setlhopha se se senang palo sa baengele se ne se letile go tla ga Gagwe. Jaaka Keresete A atamela dikgoro, baengele ba ba nang Nae, Ka mantšwe a phenyo ba bua le setlhopha se se fa kgorong:KMR 116.7

    Tšholetsegang, lona mejako e e saleng e nna go tšwa Tšose;
    “Tšholetsang ditlhogo, lona dikgoro;
    Mme Kgosoi ya kgalalelo e tla tsena.”
    KMR 116.8

    Baengele ba ba letileng fa dikgorong baa botsa:KMR 117.1

    “Kgosi ya kgalalelo e mang?”KMR 117.2

    Mo ba go bua, e seng ka go bo ba sa itse gore ke mang, mme ke ka gobo ba eletsa go utlwa karabo ya pako e e godileng:KMR 117.3

    “Ke Jehofa, yo O thata, yo O bonatla,
    Jehofa yo O bonatla mo ntweng.
    Tšholetsang ditlhogo, lona dikgoro;
    E, lo di tšholetse, lona mejako e e ntseng ka bosakhutleng;
    Mme Kgosi ya kgalalelo e tla tsena.”
    KMR 117.4

    Gape baengele ba ba letileng baa botsa:KMR 117.5

    “Kgosi eo ya kgalalelo ke mang?”KMR 117.6

    Baengele ba ba Mo patileng ba fetola ka modumo o o monate:KMR 117.7

    “Jehofa wa masomosomo,
    Ke Ene Kgosi ya kgalalelo.” Dipesalema 24: 7-10.
    KMR 117.8

    Foo dikgoro tsa motse wa Modimo di bulega thata, mme bontsi jwa baengele bo swaila bo tsena ka dikgoro mo go ponyegeng ga kopelo ya boitumelo.KMR 117.9

    Lešomošomo jotlhe ja legodimo le letile go tlotla Molaodi wa jone yo O boileng. Ba Mo leta go tsaya bonno jwa Gagwe mo teroneng ya ga Rara.KMR 117.10

    Mme ga A ise A nne le go amogela serwalo le kobo ya bogosi. O na le topo e O nang le go e baya fa pele ga Rara kaga baitshenkedwi ba Gagwe ba ba mo lefatshing. Ga A kake A amogela tlotlo go tsmaye fa pele ga dipopo tsa legodimo phuthego ya Gagwe e siamisiwe mme e amogelwe.KMR 117.11

    A lopa gore kwa O teng, le batho ba Gagwe ba nne teng. Fa e le gore O na le go nna le kgalalelo, ba na le go e tlhakanela Nae. Ba ba bogisiwang Nae mo lefatshing ba tšhwanetse go busa Nae mo bogosing jwa Gagwe.KMR 117.12

    Ka ntlha ya mo Keresete O rapelela Kereke ya Gagwe. A tšhwantsha kgatlhego ya Gagwe le ya bone, mme, ka lorato le tlhomamo e e gaisang loso ka nonofo, O buelela ditšhwanelo le maina a a rekilweng ka madi a Gagwe.KMR 117.13

    Karabo ya Rara mo topong e tšwa ka polelo e:KMR 117.14

    “A baengele botlhe ba Modimo ba Mo obamele.” Baheb. 1: 6.KMR 117.15

    Ka boitumelo bagogi ba lešomo ja legodimo ba tlotla Morekolodi. Setlhopha sa baengele ba ba senang palo ba obama fa pele ga Gagwe, mme makgotla a Legodimo a utlwatsa tumo a ba a e utlwatsa ka lošalaba lwa boitumelo:KMR 117.16

    “Kwana yo O tlhabilweng O na le tšhwanelo ya go bona nonofo, le dikhumo le botlhale, le thata, le tlotlo, le kgalalelo, le pako. ', ‘ Tshenolo 5: 12.KMR 118.1

    Balatedi ba ga Keresete “ba amogelwa mo go Moratwi.” Fa pele ga lešomošomo ja legodimo, Rara O siamisitse kgolagano e e dirilweng le Keresete, gore O tla amogela banna ba ba ikwatlhayang le ba ba kutlo, mme O tla ba rata jaaka A rata Morwawe. Kwa Morekolodi O gone, barekolodwi ba tla nna teng.KMR 118.2

    Morwa Modimo O fentse kgosana ya lefifi, mme O fentse lošo le boleo. Legodimo le utlwatsa mantšwe a a godileng a a bolelang:KMR 118.3

    “Pako, le tlotlo, le kgalalelo, le puso, a di nne kwa go Ene yo O dutseng mo setulong sa bogosi, le kwa go Kwana, ka bosakhutleng le ka bosayengkae.” Tshen. 5: 13.KMR 118.4

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents