Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 20—PELE GA PILATE

    Morago ga Keresete A sena go pegwa molato ke baatlhodi ba Sanhedrim (lekgotla ja Bajuda) A isiwa ka bonako kwa go Pilate, molaodisiwa wa Moroma, go tiisa katlholo le go e dirafatsa.KMR 84.1

    Balaodi le baperisiti ba Bajuda bone ka bosi ba ne ba sa kake ba tsena mo tlung ya tshekelo ya ga Pilate. Ka molao wa meletlo wa morafe wa bone, ba ne ba tla itshekololwa ke go dira jalo, mme jalo ba idiwe go tsena mo modirong wa tlolaganyo.KMR 84.2

    Mo bofofung jwa bone ga ba ka ba bona gore Keresete e ne e le Ene kwanyana ya tlolaganyo, le gore ka ba ne ba Mo ganne, modiro o mogolo o mo go bone o no o latlhegetšwe ke tlhalošo ya one.KMR 84.3

    Erile Pilato a lebile Jesu, a bona monna wa sefatlhogo se se tlotlegang se se tšholetsegileng. Go no go se molato ope o o nong o ka bonwa mo sefatlhogong sa Gagwe. Pilate a retologela kwa baperisiting mme a botsa:KMR 84.4

    “Lo supa molato ofe mo monneng yo ” Johane 18: 29.KMR 84.5

    Bapateletsi ba Gagwe ba ne ba sa eletse go bolela se e leng šone, mme jalo ba ne ba sa ipaakanyetsa potšo e. Ba itsile gore ba ne ba se kake ba lere tshupo ya boammaaruri e ka yone molaodisiwa wa Moroma o na a ka mo pega molato. Jalo baperisiti ba ipiletsa basupi ba kako go ba thusa. “Mme ba simolola go mmaya molato, ba re:KMR 84.6

    Re fitlhetse monna yo, a šokamisa morafe, a itsa gore Kaesare a se ka a newa lekgetho, a re, le ene ka esi ke Keresete, Kgosi.” Luke 23: 2.KMR 84.7

    Mo e ne e le maaka, gonne Keresete O na A laotse tuelo ya lekgetho go Kaesare. Erile ba-molao ba ne ba lekile go Mo tšhwara gone mo selong se, O na A rile:KMR 84.8

    “Ke gone ntshetsang Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare.” Mathaio 22: 21.KMR 84.9

    Pilate ga a ka a tsiediwa ke tshupo ya basupi ba maaka. O retologetse kwa Mmoloking, mme a botsa:KMR 84.10

    “A O Kgosi ya Bajuda?”KMR 84.11

    Jesu A araba, “Oa bolela.” Mathaio 27: 11.KMR 84.12

    Erile ba utlwa karabo e, Kaiafase le ba ba neng ba na nae ba biletsa Pilate go supa gore Jesu O na A dumetse molato o ba neng ba mmaya one. Ka modumo wa go goa ba lopa gore A atlholelwe lošo.KMR 84.13

    Erile Keresete A sa fetole bapateletsi ba Gagwe, Pilate a Mo raya a re:KMR 85.1

    “A ga O fetole ka lepe? bona dilo tse dintsi tse ba Go nayang melato kaga tšone.KMR 85.2

    “Mme Jesu A se ka A tlhola a fetola ka lepe.” Mareko 15: 4, 5.KMR 85.3

    Pilate o na a akabala. A se ka a bona tshupo epe ya molato mo go Jesu, mme o na a sena boikanyo mo go ba ba neng ba mmaya molato. Ponalo e e tlotlegang le maitseo a tidimalo a Mmoloki ga bo go le pharologanyong e e tlhamaletseng le thulathulego le kgakalo ya bapateletsi ba Gagwe. Pilate a kgonega ka gone, mme a kgorisiwa sentle ka go tlhoka molato ga Gagwe.KMR 85.4

    Ka tšholofelo ya go bona boammaaruri mo go Ene, a tseela Jesu kwa thoko, mme a mmotsa:KMR 85.5

    “A ke Wena Kgosi ya Bajuda?”KMR 85.6

    Keresete ga a ka a fetola potšo e ka tlhamalalo, mme O rile:KMR 85.7

    “A 0 bua lefoko je ka wesi, gongwe ba bangwe ba le go boleletse kaga Me?”KMR 85.8

    Moya wa Modimo o no o lwa le Pilate. Potšo ya ga Jesu e ne e le ya go mo gogela mo go itlhatlhobeng pelo ka tlhokomelo. Pilate o tlhalogantse tlhalošo ya potšo. Pelo ya gagwe ka esi e ne ya bulwa fa pele ga gagwe, mme a bona gore moya wa gagwe o no o fuduiwa ke kgonego. Mme boikgodišo jwa tšoga mo pedung ya gagwe, mme a fetola:KMR 85.9

    “A ke Mojuda? Aitse morafe wa ga Eno, le ditlhogo tsa baperisiti, ke bone ba ba Go nnetseng: O dirileng?”KMR 85.10

    Lobaka lwa gouda lwa Pilate lo no lo setse lo fetile. Mme Jesu A eletsa go bolelela Pilate gore O na A sa tlela go nna kgosi ya lefatshe, ke gone O rileng:KMR 85.11

    “Bogosi jwa Me ga se jwa lefatshe jeno: fa bogosi jwa Me e ka bo e le jwa lefatshe jeno, batlhanka ba Me ba ko ba tlhabana, gore Ke se ka Ka neelwa Bajuda: mme jana bogosi jwa Me ga se jwa mono.”KMR 85.12

    Pilato foo a botsa, “Mme a O kgosi?”KMR 85.13

    Jesu A fetola, “Wena wa re, Ke kgosi. Ke tsaletšwe gone moo, mme Ke tletse gone moo mo lefatshing, gore Ke supe kaga boammaaruri. Mongwe le mongwe yo e leng wa boammaaruri o utlwa lentšwe ja Me.”KMR 86.1

    Pilate o na a na le keletso go itse boammaaruri. Mogopolo wa gagwe wa kgwereana. A huparela ka tlhoafalo mafoko a Mmoloki, mme pelo ya gagwe ya huduiwa ke tlhologelelo e kgolo go itse se boammaaruri bo leng šone tota, le ka fa o nang a ka bo bona. A botsa Jesu:KMR 86.2

    “Boammaaruri ke eng ”KMR 86.3

    Mme ga a ka a leta go amogela phetolo. Pheretlhego ya bontsi ka fa ntle ga ntlo ya katlholo e ne e goletse mo modumong. Baperisiti ba ne ba lelenyela gore go dirwe ka bofefo, mme Pilate a bilediwa mo kgatlhegong ya nako eo. Go tsweleng kwa bathung, a bolela:KMR 86.4

    “Ga ke bone molato mo go Ene.” Johane 18: 33-38.KMR 86.5

    Mafoko a a tšwa mo moatlhoding wa moheidane a ne a le kgalemo e e utlwisang botlhoko mo boferefereng le maakeng a a nyatsegileng a balaodi ba Iseraela ba ba neng ba baya Mmoloki molato.KMR 86.6

    Jaaka baperisiti le bagolwane ba utlwa mafoko a a tšwa mo go Pilate, mašwabi a bone le chakgalo a gola mo go senang selekanyo. Ba ne ba rerile bogologolo mme ba ne ba letile lobaka lo. Erile ba bona gore Jesu O ka nna A gololwa, ba lebega ba etleetsegile go ka Mo gagola dikabetlana.KMR 86.7

    Ba latlhegelwa ke mogopolo otlhe le boithibo, mme ba ineela mo go hutseng, ba itsaya jaaka badimona bogolo go jaaka batho. Ba bolelela Pilate ka mantšwe a a tšholetsegileng, le go mmopela ka tšhoso ya go mo naya molato ka puso ya Roma. Ba baya Pilato molato wa go gana go naya Jesu molato, yo, ba tlhomamisitseng, gore O na A ikgodisetsa Kaesare. Foo ba goa:KMR 86.8

    “O fudua seshaba, O simolotse kwa Galilea, A ruta mo Judea yotlhe go tla go fitlha fano.” Luke 23: 5.KMR 86.9

    Pilate mo lobakeng lo o na a sena mogopolo wa go baya Jesu molato. O na a tlhomamisa ka go tlhoka molato ga Gagwe. Mme e rile a utlwa gore Keresete O na A tšwa Galilea, a ikaelela go Mo romela kwa go Herode, mmusi wa felo koo, yo o na a le mo Jerusalema. Ka tsela e Pilate o gopotse go tlosa boikarabelelo jwa tsheko mo go ene a bo fetisetsa kwa go Herode.KMR 86.10

    Jesu O na A idibadiwa ke tlala, A ngodiega ka go latlhegelwa ke boroko. Le gone O na A bogisegile ke tšholo e ba ne ba Mo tšhotse ka yone. Mme Pilate a boela a Mo neela batlhabani, mme A gogwagogelwa koo, gare ga tšhotlo le dithogako tsa bontsi jo bo senang boutlwelo botlhoko.KMR 87.1

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents