Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 22—O BONWA MOLATO KE PILATE

    Erile Bajuda ba boa kwa go Herode, ba lere Mmoloki kwa go Pilate gape, o na a tenega fela thata, mme a botsa gore ba batla gore a dire eng. A ba gakolola gore o na a tlhatlhobile Jesu, mme o na a tlhokile molato mo go Ene. A ba bolelela gore ba ne ba lerile dingongorego kgatlhanong Nae, mme e le gore ba ne ba paletšwe go supa kaga epe.KMR 91.1

    Mme, le gone, ba ne ba Mo isitse kwa go Herode, yo o na a le Mojuda, jaaka bone, mme o na a sa fitlhela mo go Ene sepe se se tšhwanelang lošo. Mme go didimatsa bapateletsi, a re:KMR 91.2

    “Ke gone ke tla Mo kgwathisang, ke Mo golole.” Luke 23: 16.KMR 91.3

    Fa Pilate o bontshitse bokoa jwa gagwe. O na a dumetse gore Jesu O na A se molato; foo ke ka ntlha yang fa a Mo otlhaya? E ne e le tumalano le molato. Bajuda ga ba ka ba lebala selo se mo tshekišong yotlhe. Ba ne ba tšhositse mmusi wa Moroma, mme janong ba gatelela go tsamaya ba bona Jesu A newa molato.KMR 91.4

    Boidiidi jwa phokelela segolo ka modumo go lopa botshelo jwa legolegwa.KMR 91.5

    Erile Pilate a sa ntse a dikadika gore o ka dira eng, ga leriwe kwa go ene lokwalo lo tswa kwa mosading wa gagwe, lo lo balang jana:KMR 91.6

    “O se ka wa dira sepe ka monna yo o siameng yoo: ka gonne ke bogile dilo di le dintsi gompieno mo torong ka ntlha ya Gagwe.” Mathaio 27: 19.KMR 91.7

    Pilate a setlhagalelwa ka thomo e; mme bagagautli ba tlhoafala segolo jaaka ba bona go se itlhomamise ga gagwe.KMR 91.8

    Pilate a bona gore sengwe se na le go dirwa. E ne e le tlwaelo ka modiro wa tlolaganyo go golola legolegwa le lengwe, yo o ka tlhotšhwang ke batho. Batlhabani ba Baroma ba ne ba tšhwere serukhutlhi sengwe se se itsegeng bobe bogautšhwaneng, se se bidiwang Barabase. O na a le senokwane se se tlotlologileng le mmolai. Jalo Pilate a retologela bontsing, mme a re, ka tlhoafalo e kgolo:KMR 91.9

    “Lo rata ka lo gololela mang? A Barabase, kgotsa Jesu yo go tweng Keresete?” Mathaio 27: 17.KMR 91.10

    Ba fetola, “Monna yo, a a tlosiwe, mme re gololelwe Barabase.” Luke 23: 18.KMR 92.1

    Pilate a didimala ka kgakgamalo le mašwabi. Ka go ineela kaga katlholo ya gagwe mme a ipiletsa mo bathung, o na a latlhegetšwe ke tlotlomalo le go laola ga gagwe bontsi. Morago ga mo, o na a setse e le tiriso ‘fela ya bagagautli. Ba mo retololela go rateng ga bone. Foo a botsa:KMR 92.2

    “Mme foo, Jesu yo O bidiwang Keresete ke tla Mo reng?”KMR 92.3

    Ka lentšwe le lengwe fela ba goa, “A A bapolwe.KMR 92.4

    “Mme molaodisiwa a re, Ka ntlha yang? O dirile bosula bofe. “KMR 92.5

    Mme ba tshelela lošalaba godimo thata, ba re, A A bapolwe.” Mathaio 27: 22, 23.KMR 92.6

    Lerama ja ga Pilatwe ja hubila jaaka a utlwa kgoo e e boitshegang, “A A bapolwe.” O na a se ka a gopola gore go tla nna jalo. O na a boletse gore Jesu ga A molato gantsi, mme lefa go ntse jalo batho ba ne ba ikaeletse gore O tšhwanetse go šwa lošo lo lo boitshegang le lo lo tshabegang. Gape a botsa potšo:KMR 92.7

    “Ka ntlha yang? O dirile bosulo bofe?”KMR 92.8

    Mme gape ga tsholediwa kgoo yone ele e e boitshegang, “A A bapolwe, a A bapolwe!”KMR 92.9

    Pilate a dira teko e le nngwe gape ya bofelo go ama mautlwelobotlhoko a bone. Jesu O na A tsewa, A idibalelwa ke letsapa mme a tletse dintho, A kgwatlhisiwa fa pele ga bapateletsi ba Gagwe.KMR 92.10

    “Mme batlhabani ba loga serwalo sa mitlwa, ba se Mo rwesa mo tlhogong, ba Mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona; mme ba tla fa go Ene, ba re, Dumela, Kgosi ya Bajuda! mme ba Mo gatla ka dithobane.” Johane 19: 2, 3.KMR 92.11

    Ba Mo kgwela mathe, mme diatla dingwe tse di boikepo tsa phamola lotlhaka lo lo nong lo tsentswe mo seatleng sa Gagwe, mme ga itewa serwalo mo phatleng ya Gagwe, ga tobelediwa mitlwa go tsena mo tlhogong ya Gagwe, mme madi a rotha a fologa mo sefatlhogong sa Gagwe le mo ditedung.KMR 92.12

    Satane a bo a eteletse batlhabani ba ba setlhogo mo go šotleng ga bone Mmoloki. E ne e le maikaelelo a gagwe go Mo gakaletsa go ipušolosetsa, fa go ka dirala, kana go Mo kgweletsa go direng kgakgamatšo nngwe go ikgolola, mme jalo A robe leano ja poloko. Selabe se le sengwe fela botshelong jwa Gagwe jwa botho, tlhaelo nngwe fela ya botho jwa Gagwe go rwala teko e e boitshegang, mme Kwana ya Modimo e ne e tla bo e le setlhabelo se se sa itekanelang, mme thekololo ya motho e ne e tla bo e tlhaetse.KMR 92.13

    Mme Ene yo O na A ka laola masomosomo a legodimo, mme ka nakonyana fela A ipiletse mephato ya baengele ba ba boitshepo go Mo thusa, bao mongwe fela mo go bone o ka bong a fentse bagagautli ba ba setlhogo ka bonako,— Ene yo o ka bong A iteile batlhokofatsi ba Gagwe ka go gadimisa fela tlotlomalo ya bomodimo jwa Gagwe,— A ineela ka tlotlomalo ya tidimalo mo matlhapeng a a talatala le phokelelo.KMR 93.1

    Jaaka ditiro tsa batlhokofatsi ba Gagwe di ba isitse kwa tlasetlase ga batho, mo setšhwanong sa ga Satane, fela jalo boingotlo jwa ga Jesu le bopelotelele bo Mo godiseditse kwa godimo ga batho, jwa supa bolosika jwa Gagwe le Modimo.KMR 93.2

    Pilate o amilwe ke bopelotelele jwa go se ngongorege ga Mmoloki. A romela gore Barabase a leriwe mo kgotleng; foo a beela pele magolegwa a mabedi a bapile. Ka go supa Mmoloki, a bua ka lentšwe ja thapelo e e masisi, “Bonang, monna ke yo!” “Ke Mo ntshetsa kwano go lona, gore lo itse fa ke sa bone molato ope mo go Ene.” Johane 19: 5, 4.KMR 93.3

    Teng ga bo go eme Morwa Modimo, A apere kobo ya tšhotlo le serwalo sa mitlwa. A apotšwe go ema ka lotheka, mokwatla wa Gagwe o no o bontsha dithupa tsa setlhogo tse go nong go thologa madi mo go tsone. Sefatlhogo sa Gagwe se ne se mathilwe ke madi, mme sa bo se supa letsapa le ditlhabi; mme se ne se ise se ke se bonale se le sentle go gaisa mo pele. Ponalo nngwe le nngwe e ne e bolela bonolo le boineelo, le pelotlhomogi kaga baba ba ba setlhogo ba Gagwe.KMR 93.4

    Mo go se tshwaneng mo go amang ya bo e le legolegwa je le fa lotlhakoring lwa Gagwe. Tselana nngwe le nngwe ya sefatlhogo sa ga Barabase e mo supile fa a le senokwane se se thatafetseng.KMR 93.5

    Mo go ba ba lebileng go no go le bangwe ba ba utlwetseng Jesu botlhoko. Le e leng baperisiti le balaodi ba kgonegile gore O na A le se O nang A bolela gore O sone. Mme ba se ka ba ineela. Ba ne ba gakaditse bontsi jaaka ditsenwa, mme gape baperisiti, balaodi, le batho ba goa:KMR 93.6

    “Mmapole, mmapole!”KMR 93.7

    Kwa bofelong, a latlhegelwa ke bopelotelele jotlhe ka ntlha ya go tlhoka botho ga bone, le bopelo-e-thata jwa bone, Pilate a re: “Mo itseeleng, lo mmapole: gonne nna, ga ke bone molato ope mo go Ene.” Johane 19: 5, 6.KMR 93.8

    Pilate o lekile thata go golola Mmoloki; mme Bajuda ba goa:KMR 94.1

    “Fa O golola monna yo, ga O tsala ya ga Kaesare: mongwe le mongwe yo o itirang kgosi o tlhabana le Kaesare.” Johane 19: 12.KMR 94.2

    Mo e ne e le go ama Pilate felong fa go bokoa, O na a setse a belaelwa ke pušo ya Roma, mme o itsile gore tumedi ya mothale o e ne e tla nna tshenyego ya gagwe.KMR 94.3

    “Jalo e rile Pilatwe a bona fa a sa fenye sepe, mme bogolo go bile go tšoga pheretlhego, a tsaya metse, a tlhapa diatla fa pele ga batho ba bantsi, a re:KMR 94.4

    “Ga ke na molato mo mading a monna yo O siameng yo: go itse go na le lona koo.” Mathaio 27: 24.KMR 94.5

    Pilate a lekela lefela go ikgolola mo molatung wa go bona Jesu molato. Fa a ka bo a dirile ka bonako le ka tlhomamo mo tshimologong, ka go dirafatsa maikutlo a gagwe a tshiamo, go rata ga gagwe go ka bo go se ka ga fenngwa ke bontsi-ntsi; ba ka bo ba se ka ba ikutlwa go mo laolela se o ka se dirang.KMR 94.6

    Theekelo ya gagwe le botlhokatlhomamo di supile tshenyego ya gagwe. A bona gore O na a sa kake a golola Jesu, mme lefa go ntse jalo a nna a tshegetsa maemo a gagwe.KMR 94.7

    Go na le gore a latlhegelwe ke nonofo ya gagwe ya lefatshe, a tlhopha go itatola botshelo jo bo senang molato. Ka go ineela mo ditopong tsa bagagautli, gape a seola Jesu, mme a Mo gololela go bapolwa.KMR 94.8

    Mme lefa a lekile go itisa, šone selo se o na a se boifa kwa morago sa tla mo go ene. Ditlotlo tsa gagwe tsa tlosiwa mo go ene, a latlhelwa kwa tlase a tšwa mo tirelong ya gagwe e e kwa godimo, mme a bolawa ke pelo-e-botlhoko le boikgodiso jo bo tlhabegileng, moragonyana ga papolo a ipolaya.KMR 94.9

    Jalo botlhe ba ba dumalanang le boleo ba tla bona bohutsana le tshenyego. “Go na le tsela e e lebegang e siame mo mothung, mme bokhutlo jwa yone ke ditselana tsa lošo.”KMR 94.10

    Erile Pilate a ipolela fa a sena molato mo mading a ga Keresete, Kaiafase a fetola ka bodipa, “Madi a Gagwe a a nne mo go rona, le mo baneng ba rona.” Mathaio 27: 25.KMR 94.11

    Mme mafoko a a boitshegang a amogelwa ke baperisit, mme a ba a arajwa gape ke batho.KMR 94.12

    E ne e le katlholo e e boitshegang e ba e itiretseng. E ne e le bošwa jo bo boitshegang go bo neela losika lwa bone.KMR 95.1

    Mo go dirafetse mo go bone jaaka ba buile mo diponong tsa tshenyego ya Jerusalema, e ka ne e le dingwaga di le mašome a le mane morago ga mo.KMR 95.2

    Ka botlalo go dirafaditšwe mo losikeng lwa bone lo lo phatlaladitšweng, lo lo nyatsegileng, le lo lo patikilweng go simolola mo tsatsing jeo.KMR 95.3

    Ka botlalo jo bo menagenyeng go tla diradiwa mogang boikarabelelo jwa bofelo bo tlang. Pono foo e tla fetolwa, mme “Ene Jesu yo” O tla tla, “A le mo dikgabong tsa molelo A itefetsa mo go ba ba sa itseng Modimo.” Ditiro 1: 11; 2 Bathesalonika 1: 8.KMR 95.4

    Foo ba tla rapela mafika le dithaba ba re:KMR 95.5

    “Re weleng godimo, lo re bipele sefatlhogo sa yo O dutseng mo setulong sa bogosi, le bogale jwa Kwana; gonne letsatsi je legolo ja bogale jwa bone le fitlhile; mme go nonofile mang go ema ” Tshenolo 6: 16, 17.KMR 95.6

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents