Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 6——MALATSI A TLHABANO

    Baruti ba Bajuda ba ne ba diretse batho melawana e le mentsi, mme ba ba lopa go dira dilo di le dintsi tse Modimo O nong O sa di laola. Le e leng bana ba ne ba tšhwanetse go ithuta le go ikobela melawana e. Mme Jesu ga A ka A leka go ithuta se se neng se rutwa ke baruti. O na A tlhokometse gore A se bue ka go tlhoka maitseo ka baruti ba, mme A ithuta Dikwalo, mme A ikobela melao ya Modimo.KMR 25.1

    Gantsi O na A kgalemelwa ka go tlhoka go dira se se dirwang ke ba bangwe. Foo A bontshe mo Bibeleng e e leng yone tsela ya tshiamo.KMR 25.2

    Jesu O na A leka ka metlha go itumedisa ba bangwe. Ka gonne A na A le pelonomi A le bonolo, baruti ba šolofela go Mo dira go dira jaaka ba dira. Mme ba se ka ba kgona. Fa A na A patelelwa go utlwa melawana ya bone O na A botsa se Bibela e se rutang. Lefa e ne e ka nna eng se e se buang, O na A tla se dira.KMR 25.3

    Mo ga dira baruti go nna bogale. Ba ne ba itse gore melawana ya bone e ne e le kgatlhanong le Bibela, mme lefa go ntse jalo ba ne ba kgopega ka Jesu ka go gana go e ikobela.KMR 25.4

    Ba ngongorega ka Ene mo batsading ba Gagwe. Josefe le Marie ba ne ba gopola gore baruti ke batho ba ba molemo, mme Jesu A bonwa molato, o o nong o le thata go itshokelwa.KMR 25.5

    Bomonnawe Jesu ba tsaya lotlhakori lwa baruti. Mafoko a baruti ba, ba re, a na a tšhwanetse go reediwa jaaka lefoko ja Modimo. Ba kgalemela Jesu ka go ipaya kwa godimo ga bagogi ba batho.KMR 25.6

    Baruti ba ba ne ba ikgopola botoka go gaisa banna ba bangwe, mme ba ne ba se kake ba kopana le bathonyana fela. Bahumanegi le ba ba senang kitso ba ba nyatsa. Le e leng balwetsi le ba ba tlhokofaditšweng ba ba tlogela kwa ntle ga thušo le kgomotšo.KMR 25.7

    Jesu A bontsha kgatlhego ya lorato mo bathung botlhe. Motlhokofadiwe mongwe le mongwe, yo O na A rakana le ene, O na a leka go thusa. O na A sena madi a O ka a abang, mme gantsi O na A tle A ikitse dijo e le gore A tle A thuse ba bangwe.KMR 25.8

    E ne e tle e re fa bomonnawe ba bua ka bogale le bahumanegi, batho ba mogolo, Jesu O na A tle A ye go bone ba, mme A bue mafoko a pelonomi le a nametsego.KMR 26.1

    Go ba ba neng ba bolailwe ke tlala ba nyorilwe, O na A tla A ba leretse metse a a tsididi ka senwelo, mme gantsi O na A tla A ba nee dijo tse di neng di ikaeletšwe go jewa ke Ene.KMR 26.2

    Gotlhe mo ga itumolola bomonnawe. Ba bopa mme ba leka go Mo boifisa, mme A nna A tswelela pele fela, A dira jaaka Modimo O no O buile.KMR 26.3

    Go no go le gontsi diteko le dithaelo tse Jesu O na A nna le go kgatlhana natšo. Satane o na a disitse ka metlha go Mo fenya.KMR 26.4

    Fa Jesu A ka bo A na A gogelwa mo go direng selo se le sengwe fela se se phošo, kana A bua lefoko le lengwe fela ja kgakalo, O ka bo A se ka A nna Mmoloki wa rona, me lefatshe jotlhe le ka bo le latlhegile. Satane o na a itse mo, mme e ne e le ka ntlha ya gone mo a lekileng ka thata go gogela Jesu kwa boleung.KMR 26.5

    Mmoloki ka metlha O na A ntse A disitšwe ke baengele ba legodimo, lefa go ntse jalo botshelo jwa Gagwe e ne e le tlhabano e telele le dinonofo tsa lefifi. Ga go na ope wa rona yo o tla kopanang le diteko tse di gaketseng jaaka Ene.KMR 26.6

    Mme mo thaelong nngwe le nngwe O na A na le karabo e le nngwe. “Go kwadilwe.” Ditiro tsa tshiamololo tsa bomonnawe O na A sa di ba omanyetse, mme O na A ba bolelela se Modimo O no O se buile.KMR 26.7

    Nasaretha e ne e le motse o o boikepo, mme bana le makawana ba leka go dira Jesu gore A latele mekgwa ya bone e e bošula. O na A le botlhale A le boitumelo, mme ba ne ba rata setlhopha sa Gagwe.KMR 26.8

    Mme metheo ya Gagwe ya bomodimo ya tšosa bogale jwa bone. Gantsi ka go gana go kopanela tiro e e iditšweng, O na A bidiwa legatlapa. Gantsi O na A šotlwa, ka gore O tlhokometse thata kaga dilo tse di potlana. Go tšotlhe tse karabo ya Gagwe e ne le: “Go kwadilwe,” “Go boifa Morena, ke jone botlhale; le go kgaogana le bošula ke yone tlhaloganyo.” Jobe 28: 28. Go rata bošula ke go rata lošo, gonne “Maduo a boleo ke lošo.”KMR 26.9

    Jesu ga A ka A lwela ditšhwanelo tsa Gagwe. Fa A na A dirisiwa e seng ka tšhwanelo, O na A go tsaya ka pelotelele. Ka gonne A na A etleetsegile A sa ngongorege, tiro ya Gagwe gantsi e ne e thatafadiwa ka mo go sa tlhokegeng. Lefa go ntse jalo A sa ngodiege, gonne O na A itse gore Modimo O no O nyenya mo go Ene.KMR 26.10

    Dinako tsa Gagwe tsa boitumelo di ne di fitlhelwa fa A le esi le tlholego le Modimo. Fa tiro ya Gagwe e ne e dirilwe O na A rata go ya mo nageng, go tlhatlhanya mo megogorong e metalana, go rapela Modimo fa thabeng, gongwe gare ga ditlhare sekgweng.KMR 27.1

    O na A reetsa nonyane e opelela Mmopi wa yone, mme lentšwe ja Gawe le nne mmogo kopelong ya boitumelo ya pako le go ntsha malebogo.KMR 27.2

    Ka lentšwe la go opela O na A amogela ka boitumelo lesedi ja mošo. Bosa gantsi bo no bo Mo fitlhela mo felong gongwe ga tidimalo, A akanya ka Modimo, A ithuta Bibela, gongvve A le mo thapelong.KMR 27.3

    Go tšwa mo dinakong tse tsa kagišo O na A tla A boele legaeng ja Gagwe go tsaya ditšhwanelo tsa Gagwe gape, le go naya sekao sa tiro ya bopelotelele. Gongwe le gongwe kwa O na A le teng, go nna teng ga Gagwe go no go lebega erete go lere baengele gaufi. Tlhotlheletšo ya botshelo jwa Gagwe jo bo itshekileng, jo bo boitshepo e ne e utlwiwa ke ditlhopha tšotlhe tsa batho.KMR 27.4

    A le bokgwabo A sa lešwefala, A tsamaya gare ga ba ba senang boikaelelo, ba ba makgakga, ba ba senang tlotlo; gare ga bakgethisi ba ba sa siamang, disenyi, Basamaria ba ba sa siamang, batlhabani ba baheidane, le banni ba lenaga.KMR 27.5

    O buile lefoko ja kutlwelobotlhoko fa, le lefoko fale, jaaka A na A bona batho ba lapisegile, lefa go ntse jalo ba patelesega go belega mekgweleyo e e bokete. A ikabela mekgweleyo ya bone, mme A ba bolelele dithuto tse O na A di ithutile mo tlholegong, kaga lorato, pelonomi, le molemo wa Modimo.KMR 27.6

    A ba ruta go iteba ba na le ditalenta tse di tlhokegang, tse fa di ne di dirisiwa sentle di ne di tla ba bapalela dikhumo tse di sa khutlong. Ka sekao se e leng sa Gagwe a ruta gore nakwana nngwre le nngwe ya lobaka e na le tlhotlhwa, mme e tšhwanetse go dirisediwa molemo mongwe.KMR 27.7

    A se ka A feta motho ope jaaka selo fela, mme A leka go nametsa bone ba ba logwadi ba ba sa šolofetseng. A ba bolelela gore Modimo O no O ba rata jaaka bana ba One, le gore ba tšhwane Nae mo maitseong. Ke gone ka mokgwa wa tidimalo Jesu go tloga mo bonyaneng jwa Gagwe O diretse bangwe. Tiro e go no go se ope wa baruti ba ba rutegileng, le fa e le bomonnawe, ba ba neng ba ka e Mo latlhisa. Ka maikaelelo a tlhoafalo A dirafatsa boikaelelo jwa botshelo jwa Gagwe, gonne O na A tšhwanetse go nna lesedi ja lefatshe.KMR 27.8

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents