Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 30—O TLA GAPE

    Mmoloki wa rona O tla gape. Pele A kgaogana le barutwa ba Gagwe mo lefatshing, Ene ka Esi O ba neile tšholofetšo ya go boya ga Gagwe.KMR 119.1

    “A dipelo tsa lona di se huduege:” A bua jana; “Mo tlung ya ga Rre go na le manno a le mantši; . . . Ke ya go lo baakanyetsa bonno. Mme fa Ke ya go lo baakanyetsa bonno, Ke tla tla gape, mme Ke tla lo itšholela; gore kwa Ke gone le lona lo nne gone.” Johane 14: 1-3.KMR 119.2

    Ga A ka A ba tlogela mo pelaelong kaga mokgwa wa go tla ga Gagwe. “Morwa Motho A tla ka kgalalelo ya Gagwe, A na le baengele botlhe, foo O tla dula mo setulong sa Gagwe sa bogosi sa kgalalelo; mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga Gagwe.” Mathaio 25: 31, 32.KMR 119.3

    Ka tlhokomelo O ba tlhagisitse kaga ditsietso: “Fa ba lo raya, ba re, Bonang, O kwa nageng; lo se ka lwa tšwa: fa ba re, Bonang, O mo matlwaneng a a kwa teng; lo se ka lwa dumela. Gonne jaaka logadima lo tlo lo gadime kwa botlhabatsatsi, mme lo bonale fela le kwa bophirimatsatsi; go tla ga Morwa Motho go tla nna fela jalo.” Mathaio 24: 26, 27.KMR 119.4

    Tlhagišo e ke ya rona. Gompieno baruti ba tsietšo ba re, “Bonang, O kwa nageng,” mme mathausanda a tšwetse kwa nageng, a šolofela go bona Keresete.KMR 119.5

    Mme mathausanda a a ipolelang fa a buisanya le mewa ya bašwi ba bolela gore, “Bonang, O mo matlwaneng a a kwa teng.” Se ke šone se se bolelwang ke Ba Moya.KMR 119.6

    Mme Keresete A re, “Lo se ka lwa dumela. Gonne jaaka logadima lo tlo lo gadime kwa botlhabatsatsi, mme lo bonale fela le kwa bophirimatsatsi; go tla ga Morwa Motho go tla nna fela jalo.”KMR 119.7

    Mo tlhatlogong ya ga Keresete baengele ba boletse barutweng gore O na A tla “tla fela jaaka” ba ne ba mmonye A ya kwa Legodimong. Ditiro 1: 11. O tlhatlogile ka mmele, mme ba mmonye jaaka A ba tlogela mme A amogelwa ke leru. O tla boa mo lerung je legolo je lešweu, mme “matlho otlhe a tla Mmona.” Tshenolo 1:7.KMR 119.8

    Je e leng letsatsi tota le oura ya go tla ga Gagwe ga eya senolwa. Keresete O boleletse barutwa ba Gagwe gore Ene ka esi O na A sa kake A itsise letsatsi lefa e le oura ya go bonala ga Gagwe ga bobedi. Mme O boletse ditiragalo dingwe tse ka tšone ba neng ba ka itse fa go tla ga Gagwe go le gaufi.KMR 120.1

    O rile, “Go tla nna ditshupo mo letsatsing, le mo kgweding. le mo dinaleding.” Luke 21: 25. Mme O ntse O bua ka puo e e bonolo segolo: “Letsatsi le tla fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi ja yone, dinaledi di tla wa kwa legodimong.” Mathaio 24: 29.KMR 120.2

    Mo lefatshing, O buile jana, go tla nna le “pitlagano ya merafe, e rarangwa ke lewatle le dintelo go šuma ka kgwašo e kgolo; le batho ba idibadiwa ke poifo le tebelelo ya dilo tse di tlang mo lefatshing.” Luke 21: 25, 26.KMR 120.3

    “Mme di tla bona Morwa Motho A tla ka maru a legodimo, ka nonofo le ka kgalalelo e kgolo. Mme O tla roma baengele ba Gagwe ka tumo e kgolo ya lonaka, mme ba tla phutha baitshenkedwi ba Gagwe kwa diphefong tšoo nne, go tšwa sekhutlong se sengwe sa legodimo go ya kwa go se sengwe.” Math. 24: 30, 31.KMR 120.4

    Mmoloki Oa oketsa: “Jana ithutentg ka setlhare sa mofeige setšhwantšho sa one: e re fa kala ya ona e setse e le nana, mme e kukunya makakaba, lo bo lo itse fa selemo se atametse: le lona fela jalo, e tla re lo bona dilo tšotlhe tse, lo bo lo itse fa A le gaufi, A le fela fa mejakong.” Math. 24: 32, 33.KMR 120.5

    Keresete O neile ditshupo tsa go tla ga Gagwe. A re re ka itse fa A le gaufi, A le fela fa mejakong. Fa ditlhare di ntsha matlhare a tšone selemo, rea itse gore lotlhabula lo gaufi. Fela ka tlhomamišo e e ntseng jalo, fa ditshupo di bonala mo letsatsing le mo kgweding le dinaleding, re na le go itse go re go tla ga Keresete go gaufi.KMR 120.6

    Ditshupo di setse di bonetse. Ka Motsheganong 19, 1780, letsatsi le ne la fifala. Letsatsi jeo mo ditšong le itsiwe jaaka “letsatsi je le lefifi.” Ntlheng ya borwa jwa North America, lefifi le ne le le legolo mo go kalo mo e bileng mafelong a mangwe batho ba nna le go tshuba dipone gare ga matshegare. Mme go fitlhela bosigo gare kgwedi, lefa e ne e golokile ka botlalo, ga e ya ka ya naya lesedi. Ba le bantsi ba dumetse gore letsatsi ja katlholo le ne le tsile. Ga go ise go newe lobaka lo lo utlwalang ka lefifi je e seng ja tlholego, fa e se fela lo lo bonwang mo mafokung a ga Keresete. Phifalo ya letsatsi le kgwedi e ne e le tshupo ya go tla ga Gagwe.KMR 120.7

    Ngwanatsele 13, 1833, go no go le ponatšo e e gakgamatsang ya dinaledi tse di wang e e kileng ya bonwa ke motho. Gape mathousanda a dumela gore letsatsi ja katlholo le ne le tsile.KMR 121.1

    Fa e sa le go tšwa lobakeng loo, dithoromo tsa lefatshe, difefo, makhubu a lewatle, dikgogodi, le ditlala, ditshenyo ka molelo le merwalela, di ntsifetse. Tšotlhe tse, le “pitlagano ya merafe, ka go rerega,” di bolela gore go tla ga Morena go gaufi.KMR 121.2

    Kaga ba ba bonyeng ditshupo tse A re, “Losika lo ga lo ketla lo feta go tlo go tsamaye dilo tšotlhe tse di dirale pele. Legodimo le tla feta le lefatshe, mme mafoko a ME ga a ketla a feta.” Mathaio 24: 34, 35.KMR 121.3

    “Morena ka Esi O tla fologa kwa legodimong ka lošalaba, le ka lentšwe ja moengele yo mogolo, le ka go galaotega ga lonaka lwa Modimo: mme bašwi ba ba šwetseng mo go Keresete ba tla tšoga pele: foo, rona ba re tla bong re tshedile re tlogetšwe, re tla tšholediwa mmogo nabo mo marung, re ya go kgatlhantsha Morena mo loaping; mme jalo re tla nnela ruri le Morena. Ke gone, gomotsanyang ka mafoko a.” 1 Bathes. 4: 16-18.KMR 121.4

    Keresete O e tla, O tla ka maru le ka kgalalelo e kgolo. Boidiidi jwa baengele ba ba phatsimang ba tla mmopela. O tla tla go tšosa bašwi, le go fetola baitshepi ba ba tshedileng go tšwa kgalalelong go ya kgalalelong.KMR 121.5

    O tla go tlotla bone ba ba Mo ratileng mme ba bolokile ditaolo tsa Gagwe, le go ba itseela. Ga A ise A ba lebale lefa e le.tšholofetso ya Gagwe.KMR 121.6

    Go tla nna le go kopangwa seša ketane ya legae. Fa re leba bašwi ba rona, re ka akanya ka mošo mogang lonaka lwa Modimo lo tla lelang, mogang “bašwi ba tla tšosiwang ka mo go sa boleng, mme re tla fetolwa.” 1 Bakorintha 15: 52.KMR 121.7

    Motlha oo o gaufi. Ka lobakanyana, mme re tla bona Kgosi mo bontleng jwa Yone. Ka lobakanyana, mme O tla phimola dikeledi mo matlhong otlhe. Ka lobakanyana, mme O tla re baya “fa pele ga kgalalelo ya One lo sena bogole, lo le mo boitumelong jo bogolo thata.” Jude 24.KMR 121.8

    Ke gone erile A naya ditshupo tsa go tla ga Gagwe O rileng, “E tla re dilo tse di simologa go dirala, foo lo lelale, lo tšholetse ditlhogo tsa lona; ka gonne thekololo ya lona e tla bo e atamela.” Luke 21: 28.KMR 121.9

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents