Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 11—TSHEGETŠO YA SABATA

    Mmoloki O tshegeditse Sabata, mme O rutile barutwa ba Gagwe go e tshegetsa. O na A itse kafa e tšhwanetseng go tshegediwa ka teng, gonne Ene ka nosi O na A e dirile boitshepo.KMR 46.1

    Bibela ya re, “Gakologelwa letsatsi ja Sabata go le itshepisa.” “Letsatsi ja bosupa ke Sabata wa ga Jehofa, Modimo Oa gago.” “Gonne Jehofa O dirile legodimo le lefatshe, le lewatle, le tšotlhe tse di mo go one, ka malatsi a le marataro, mme A ikhutsa ka letsatsi ja bosupa: ke gone ka moo Jehofa O na A segofatsa letsatsi ja bosupa, A le itshepisa.” Ekesodo 20: 8, 10, 11; 31: 16, 17. Keresete O na A dirile le Rragwe mo go tlholeng lefatshe, mme 0 na A dirile Sabata. Bibela ya re “dilo tšotlhe di dirilwe ke Ene.” Johane 1: 3.KMR 46.2

    Fa re leba letsatsi le dinaledi, ditlhare le dithunya tse di dintle, re tšhwanetse go gakologelwa gore Keresete O di dirile tšotlhe. Mme O dirile Sabata go re thusa go gakologelwa lorato lwa Gagwe le thata.KMR 46.3

    Baruti ba se-Juda ba ne ba dirile melawana e le mentsi kaga tshegetso ya Sabata, mme ba ne ba batla gore mongwe le mongwe a utlwe melao ya bone. Jalo ba disa Mmoloki, go bona se O na A tla se dira.KMR 46.4

    Sabata mongwe, jaaka Keresete le barutwa ba Gagwe ba ne ba ya gae ba tšwa tlung ya thuto, ba feta fa gare ga masimo a mabele. Nako e ne e setse e ile, mme barutwa ba ne ba bolailwe ke tlala. Jalo ba roba dingwe tsa diako tsa mabele, ba di sosorela mo diatleng tsa bone, mme ba ja ditlhaka.KMR 46.5

    Mo letsatsing lengwe le sele, mongwe yo o fetang gare ga tshimo kana ditlhare tsa maungo o na a letlelelwa se o na a batla go se ja. Mme go no go sa nna jalo ka Sabata. Baba ba ga Keresete ba bona se se neng se dirwa ke barutwa, mme ba raya Mmoloki ba re:KMR 46.6

    “Bona, barutwa ba Gago ba dira se se sa letlelelwang go dirwa ka Sabata.” Mathaio 12: 2.KMR 46.7

    Mme Keresete A sireletsa balatedi ba Gagwe. A gakolola basekisi ba Gagwe kaga Dafide, yo o rileng a le mo tlhokong, a ja ga senkgwe se se boitshepo sa tabernakele, mme o na a bile a se neile balatedi ba gagwe.KMR 46.8

    Fa go no go siame kaga Dafide fa a tšhwerwe ke tlala go ja senkgwe se se boitshepo se, foo a go no go sa tšhwanela kaga barutwa fa ba bolailwe ke tlala go fula mabele mo dinakong tse di boitshepo tsa Sabata?KMR 47.1

    Sabata ga sea ka sa direlwa go nna mokgweleyo mo mothung. Se ne se na le go mo tswela molemo, go mo naya kagišo le boikhutso. Ke gone Morena wa rona A re, “Sabata o diretšwe motho, motho ga aa direlwa Sabata.” Mareko 2: 27.KMR 47.2

    “Mme ga dirala ya re ka Sabata o mongwe A tsena mo tlung ya thuto, mme A ruta: mme ga bo go le monna gone, yo letšogo ja gagwe je legolo le omeletseng.KMR 47.3

    “Mme bakwadi le Bafarisai ba Mo lepa, fa A tla fodisa ka letsatsi ja Sabata; gore ba bone kafa ba ka Mo nayang molato ka gone.KMR 47.4

    “Mme A itse megopolo ya bone, mme A raya monna yo o letšogo le omeletseng, A re, Nanoga, O eme fa gare. Mme a nanoga, a ema fa gare.KMR 47.5

    “Mme Jesu A ba raya, A re, Kea lo botsa, ka re, A go letleletšwe go dira molemo ka malatsi a Sabata, kgotsa go dira bosula? Go boloka botshelo, kgotsa go bo senya?”KMR 47.6

    “Mme ya re A sena go ba koba ka bogale, ka A tlhokofadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone, a raya monna yoo a re, Otlolola letšogo ja gago. Mme a dira jalo; mme letšogo ja gagwe ja fola, ja nna jaaka je lengwe.”KMR 47.7

    “Mme ba tlala botsenwa: mme ba gakololana kaga se ba ka se dirang Jesu.” Luke 6: 6-9; Mareko 3: 5.KMR 47.8

    Mmoloki A bontsha kafa ba neng ba sena mogopolo ka teng, ka go ba botsa potšo. “Mme a ba raya, a re, E ka nna motho ofe mo go lona, yo ekareng a na le nku e le nngwe fela, mme fa yone e wetse mo mokoleng ka letsatsi ja Sabata, yo o sa kakeng a e tšhwara, a e ntsha?”KMR 47.9

    Ba palelwa go e araba. Ke gone A re, “Mme ke gone motho o tlhwatlhwa e kgolo jang go gaisa nku! Ke gone go letleletšwe go dira molemo ka letsatsi ja Sabata.” Math. 12: 11, 12.KMR 47.10

    “Go letleletšwe;” ke gore, ke kafa molaong. Keresete ga a ise A ke A kgalemele Bajuda ka go tshegetsa molao wa Modimo; kana ka go tlotla Sabata. Ka go seng jalo, ka metlha 0 na A tšholeditse molao mo boitekanelong jwa one.KMR 47.11

    Isaia o na a bolelelapele kaga Keresete, “O tla godisa molao le go o dira gore o nne tlotlego.” Isaia 42: 21. Go godisa ke go tlotlomatsa, go tsholeletsa bonnong jo bo kwa godimo.KMR 48.1

    Keresete O godisitse molao ka go bontsha mo dintlheng tšotlhe tlhaloso ya one e e gakgamatsang. O na a bontsha gore o na le go tshegediwa, e seng fela mo ditirong, tse di bonwang ke batho, mme mo megopolong, e e bonwang ke Modimo fela.KMR 48.2

    Go ba ba bolelang gore O tsile go beela molao kwa thoko, O rile, “Lo se ka lwa itlhoma, go re, Ke tsile go senya molao lefa e le baperofeti: ga Kea tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela.” Mathaio 5: 17.KMR 48.3

    Go tlhomamisa go raya go tshegetsa, kana go dirafatsa. Jakobe 2: 8. Jalo erile fa a tla go kolobediwa ke Johane Mokolobetsi, O rile, “Go re tšhwanetse go dirafatsa tshiamo yotlhe.” Mathaio 3:15. Go dirafatsa molao ke go o tshegetsa ka boitekanelo.KMR 48.4

    Molao wa Modimo ga o kake wa fetoga; gonne Keresete 0 rile, “Go tsamaya legodimo le feta le lefatshe, ga go ketla go feta joda nngwe fela, lefa e le lonakanyana longwe fela mo molaong gope, dilo tšotlhe di tle di tsamaye di dirale pele.” Mathaio 5: 18.KMR 48.5

    Erile fa a botsa potšo, “A go letleletšwe go dira molemo ka malatsi a Sabata, kgotsa go dira bosula? Go boloka botshelo, kgotsa go bo senya?” Keresete 0 supile gore 0 na A ka bala dipelo tsa Bafarisai ba baikepi ba ba neng ba mmona molato.KMR 48.6

    Fa A ne A leka go boloka botshelo ka go fodisa molwetse, ba ne ba leka go senya botshelo ka go Mmolaya. A go no go le botoka go bolaya ka Sabata, jaaka ba ne ba rulaganya go dira, go gaisa go fodisa yo o tlhokofetseng, jaaka A ne A dirile?KMR 48.7

    A go no go le botoka go nna le polao mo pedung ka letsatsi je le itshepileng ja Modimo go gaisa go nna le lorato mo bathung botlhe,— lorato lo lo bontshiwang mo bopelonoming le ditirong tsa boutlwelobotlhoko ?KMR 48.8

    Gantsi Bajuda ba pegile Keresete molato wa go roba Sabata. Gantsi ba lekile go mmolaya ka gonne ga A ka A e tshegetsa kafa polelong ya bone. Mme mo ga goa ka ga dira pharologanyo mo go Ene. O tshegeditse Sabata jaaka Modimo O batla e tshegediwa.KMR 48.9

    Mo Jerusalema go no go na le letšha je le ne le tle le huduiwe; batho ba ne ba dumela gore moengele wa Morena o na a fologela mo go jone, mme a huduwe metse, le gore mongwe yo o ne a tsena pele morago ga metse a sena go huduiwa o na a tla fodisiwa mo bolwetseng lefa e ka nna bofe jo o ne a na najo.KMR 48.10

    Palo e kgolo ya batho e ne e tla mo bonnong jo, e solofetse go fodisiwa; mme bontsi jwa bone bo no bo swabisiwa. Mo go tshikinyegeng ga metse go no go nna setlhopha se se kalo kalo mo bantsi ba neng ba palelwa ke go atamela lefa e le fa losing lwa letšha.KMR 49.1

    Letsatsi lengwe ja Sabata Jesu A tla mo Betheseda. Pelo ya Gagwe ya tlhomoga ka A bona ba ba tlhokofetseng teng.KMR 49.2

    Monna mongwe o na a lebega a latlhegile bogolo go ba bangwe. Ka dingwaga di masome mararo le boferamebedi o na a nnanye. Go no go sena ngaka e e neng e ka mo fodisa. Gantsi o na a lerilwe mo Betheseda; mme e ne e tle e re fa metse a huduiwa mongwe a tsene pele ga gagwe.KMR 49.3

    Mo Sabateng se o na a lekile gape go tsena mo letšheng, mme ya bo e le lefela. Jesu A mmona a gogobela kwa morago phateng e e neng e le bolao jwa gagwe. Nonofo ya gagwe e ne e batlile e fedile. Fa e se thuso e ne e ka tla ka bonako, o na le go šwa.KMR 49.4

    Jaaka a rapama jalo, gangwe le gape a tšholetsa matlho a gagwe go leba letšha, sefatlhogo se se ratang sa mo inamela, mme a utlwa lentšwe le re, “A 0 rata go fola?”KMR 49.5

    Monna a araba ka bohutsana, “Morena, ga ke na motho ope yo ea reng metse a kgoberwa a ntsenye mo lekadibeng: mme ya tle e re ke sa ntse ke tla, mongwe a fologele pele ga me.”KMR 49.6

    O na a sa itse gore Ene yo o na A le fa go ene O na A ka fodisa, e seng mongwe fela, mme e le botlhe ba ba neng ba ka tla go Ene. Keresete A raya monna a re: “Namologa, O tsee bolao jwa gago, O tsamaye.”KMR 49.7

    Ka gangwe a leka go utlwa taolo, mme nonofo ya tla mo go ene. A tlolela godimo ka dinao, mme a fitlhela gore o na a ka ema mme a tsamaya. E ne e le boitumelo jo bo ntseng jang.KMR 49.8

    A tsaya bolao jwa gagwe mme a itlhaganela a tsamaya, a ntse a baka Modimo kgatong nngwe le nngwe. Ka bonako a tloga a kgatlhana le Bafarisai bangwe, mme a ba bolela kaga phodiso ya gagwe e e gakgamatsang. Ga ba ka ba lebega ba itumetse, mme ba mo kgalemelela go tsaya bolao jwa gagwe ka Sabata. Monna a ba bolelela gore, “Yo O mphodisitseng ke Ene yo O ntheileng, A re, Tsaya bolao jwa gago, O tsamaye.” Johane 5: 1-11.KMR 49.9

    Foo ba se ka ba tlhola ba gakaletse ene, mme ba bona molato ene yo o mo reileng a re a tsee bolao jwa gagwe ka letsatsi ja Sabata.KMR 50.1

    Kwa Jerusalema, kwa Mmoloki janong O nang A le gone, ba le bantsi ba baruti ba ba rutegileng ba ne ba nna gone. Fa, megopolo ya bone e e seng yone kaga Sabata e ne e rutwa batho. Bontsi jo bogolo bo no bo tla go obama tempeleng, mme jalo thuto ya borabi (baruti) e ne e gasamisediwa kgakala. Keresete O na A eleditse go siamisa ditimelo tse. Ke gone ka fa O fodisitseng monna ka letsatsi ja Sabata, mme A mmolelela go tsaya bolao jwa gagwe. O itsile gore tiro e e ne e tla goga kelotlhoko ya borabi, mme jalo go no go tla Mo naya lobaka lwa go ba ruta. Mme ga nna jalo. Bafarisai ba lere Keresete fa pele ga lekgotla ja Bajuda (Sanhedrim), lekgotla je legolo ja Bajuda, go araba molato wa go roba Sabata.KMR 50.2

    Mmoloki A bolela gore tiro ya Gagwe e ne e dumalana le molao wa Sabata. E ne e dumalana le go rata le tiro ya Modimo. “Rre O ntse a dira le gompieno,” A riana, “le Nna kea dira.” Johane 5: 17.KMR 50.3

    Modimo O dira ka dinako tšotlhe O sa eme mo go tshegetseng selo sengwe le sengwe. A tiro ya One e ne e na le go khutla ka letsatsi ja Sabata? A Modimo O no O ka khutlisa letsatsi go dira tiro ya jone ka Sabata? A O no O ka khutlisa marang a jone a a omosang lefatshe le merogo ya jone e e otlang?KMR 50.4

    A melatswana e ne e tšhwanetse go khutla go nosa masimo, le lewatle le khutlise makhubu a jone? A mmidi le korong di ne di tšhwanetse go ema go gola, le ditlhare le dithunya di se ka tsa ntsha lehupela le sethunya ka Sabata?KMR 50.5

    Foo motho o na a tla latlhegelwa ke maungo a lefatshe, le mascgo a a tshegetsang botshelo jwa gagwe. Tlholego e na le go tswelela mo tirong ya yone, go se jalo motho o na a tla šwa. Mme motho le ene o na le tiro e o tšhwanetseng go e dira mo tsatsing je. Ditlhoko tsa botshelo di tšhwanetse go tlhokomelwa, balwetse ba na le go tlhokomelwa, ditlhoko tsa batlhoki di na le go abelwa. Modimo ga O rate gore dibopiwa tsa One di utlwe botlhoko jwa oura a le mongwe fela jo bo ka tlosiwang ka Sabata kana ka letsatsi lengwe le sele.KMR 50.6

    Tiro ya legodimo ga e ke e ema, mme ga rea tšhwanela go itapolosa mo go direng molemo. Tiro e e leng ya rona molao o re itsa go e dira ka letsatsi ja boitapoloso ja Morena. Tiro ya go itshetsa e tšhwanetse go khutla; ga go tiro epe ya kgatlhego ya lefatshe kana papadi e e tšhwanetseng go dirwa ka letsatsi jeo. Mme Sabata ga e ya tšhwanela go senyediwa mo botšhwakgeng. Jaaka Modimo O no Oa khutla mo tirong ya One ya go tlhola, mme Oa ikhutsa ka Sabata, jalo le rona re na le go ikhutsa. O re laola go tlogela ditiro tsa rona tsa malatsi, mme re neele dinako tse di boitshepo tseo boikhutso jo bo fodisang, kobamelo, le ditiro tse di boitshepo.KMR 51.1

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents