Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 26—“O TŠOGILE”

    Tlhokomelo e kgolo e ne e tserwe go disa phupu ya Mmoloki, mme botseno jwa yone bo no bo tswetswe ka lentšwe je legolo. Godimo ga lentšwe je sekano sa Roma se ne se beilwe ka tsela e lentšwe le ne le sa kake ja tshikinngwa kwa ntle ga go thuba sekano.KMR 106.1

    Tikologong ya phupu go no go le tišo ya batlhabani ba Baroma. Ba ne ba tšhwanetse go disa ka tlhokomelo e e thata, gore mmele wa ga Jesu o se ka wa tšhwenngwa. Bangwe ba bone ba ne ba ntse ba tsamaela kwa le kwa pele ga phupu, fa ba bangwe ba ntse ba ikhutsitse fa fatshe segautšhwane.KMR 106.2

    Mme go no go na le tišo e nngwe tikologong ya phupu eo. Baengele ba ba nonofileng ba legodimo ba ne ba le teng. Mongwe fela wa tiso e ya baengele, ka go ntsha thata ya gagwe, o na a ka diteela fa fatshe ntwa yotlhe ya Baroma.KMR 106.3

    Bosigo jo bo etelelang pele mošo wa letsatsi ja ntlha ja weke ka bonya bo setse bo ile, mme nako e e lefifi go gaisa, fela pele ga bosa boosa, e tsile.KMR 106.4

    Mongwe wa baengele ba ba nonofileng thata o romelwa a tšwa kwa legodimong. Sefatlhogo sa gagwe se tšhwana le logidima, mme diaparo tsa gagwe di le tšhweu jaaka kapoko (tšhelang). O kgaoganya lefifi mo tseleng ya gagwe, mme magodimo otlhe a sedifadiwa ke kgalalelo ya gagwe.KMR 106.5

    Batlhabani ba ba robetseng ba a tšoga, ba ema ka dinao. Ka therego le kgakgamalo ba leba magodimo a a bulegileng, le ponatshego ya phatsimo e e ba atamelang.KMR 106.6

    Lefatshe lea roroma le legodimo jaaka setshedi seo se se nonofileng se se tswang lobopong lo longwe se atamela. O tla mo thomong e e itumedisang, mme bofefo le nonofo ya go fofa ga gagwe di tshikinya lefatshe jaaka thoromo e thata. Batlhabani, maotlana, balebedi ba wela fa fatshe jaaka batho ba ba suleng.KMR 106.7

    Go no go na le tiso e nngwe gape fa phupung ya Mmoloki. Baengele ba ba bosula ba ne ba le teng. Ka gonne Morwa Modimo O na A wetse mo lošung, mmele wa Gagwe le foo o no o itshekelwa ke ene yo o nang le thata ya lošo,— diabolo.KMR 106.8

    Baengele ba ga Satane ba ne ba le teng go bona gore ga go thata epe e e ne e ka tsaya Jesu mo go bone. Mme erile fa setshedi se se nonofileng se se rometšweng se tšwa kwa teroneng ya Modimo se atamela, ba sia ka poifo go tšwa ponong eo.KMR 107.1

    Moengele a tšhwara lentšwe je legolo je le fa molomung wa phupu, mme a le fidikolola, jaaka ekete e ne e le lokgabana fela. Foo ka lentšwe je le dirileng lefatshe gore le rorome, a re:KMR 107.2

    “Jesu, Wena Morwa Modimo, tšwa, Rrago Oa Go bitsa!”KMR 107.3

    Foo Ene yo o na A bonye phenyo mo lošung le mo bobipong A tšwa mo phupung. Kwa godimo ga phupu e e phatlogileng A bolela, “Ke Nna tšogo le botshelo.” Mme baengele ba inamela tlase ka tlotlo fa pele ga Morekolodi, mme ba Mo amogela ka dikopelo tsa pako.KMR 107.4

    Jesu A tšwa ka kgato ya mofenyi. Fa pele ga Gagwe lefatshe ja theekela, logadima lwa phatsima, maru a duma.KMR 107.5

    Thoromo ya lefatshe e tšhwaile nako e Keresete O beileng botshelo jwa Gagwe fa fatshe. Thoromo ya lefatshe le gone e supetse nako e O bo tsereng ka phenyo.KMR 107.6

    Satane a gakala thata gore baengele ba gagwe ba tshabile fa morongwa wa legodimo a atamela. O na a lekile go solofela gore Keresete O na A sa kake A tsaya botshelo jwa Gagwe gape, le gore leano ja thekololo le ne le tla tlhaela. Mme jaaka a bona Mmoloki A tšwa mo phupung ka phenyo, tšholofelo yotlhe ya latlhega. Satane janong a itse gore bogosi jwa gagwe bo no bo tla nna le bokhutlo, le gore kwa bofelong o na le go nyelediwa.KMR 107.7

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents