Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 14—“TLOSANG DILO TSE FA”

    Letsatsi je le latelang Keresete A tsena tempeleng. Dingwaga di le tharo pele ga mo, O na A fitlhetse banna ba rekisetsa mo lolwapeng lo lo kwa ntle, mme O na A ba kgalemetse A ba leleketse kwa ntle.KMR 62.1

    Janong fa A boela A tla gape mo tempeleng, A fitlhela yone thekalano ele e sa ntse e tsweletse. Lolwapa lo no lo tletse dikgomo, dinku, le dinonyane. Tse di ne di rekisediwa ba ba neng ba eletsa go direla dibe tsa bone setlhabelo. Bogagapa le thukutho di ne di dirisiwa ke ba ba neng ba le mo thekalanong e. Modumo o no o le mogolo mo go kalo mo lwapeng, mo o nong o ityaya tsebe ba ba neng ba obamela mo teng.KMR 62.2

    Keresete A ema fa direpuding tsa tempela, mme gape tebo ya Gagwe e e tlhabang ya kgabaganya lolwapa. Matlho otlhe a leba kwa go Ene. Mantšwe a batho le medumo ya dikgomo ya didimadiwa. Botlhe ba leba ka kgakgamalo le tshisimogo Morwa Modimo.KMR 62.3

    Bomodimo jwa phunyeletsa mo bothung, mme jwa naya Jesu tlotlomalo le kgalalelo e O na A ise a ke A nne nayo pele. Tidimalo ya batla e nna e e se kakeng ya itshokelwa.KMR 62.4

    Kwa bofelong A bua ka lentšwe je le phepa, le ka thata e e tšubutlileng batho jaaka sefefo se se thata:KMR 62.5

    “Go kwadilwe, ga twe, Ntlo ya Me e tla bidiwa ntlo ya borapelelo; mme lona lo e ntshitse mongobo wa dinokwane.” Luk. 19: 46.KMR 62.6

    Ka taolo e e kgolo bogolo go gaisa e O kileng A e bontsha dingwageng tse tharo pele ga mo, A laola:KMR 62.7

    “Tlosang dilo tse fa.”KMR 62.8

    Gangwe pele ga mo baperisiti ba ne ba kile ba tshaba le balaodi ba tempela ka kodu ya lentswe je. Kwa morago ba tlhabisiwa ditlhong ke poifo ya bone. Ba ikutlwa gore ba ne ba se kake ba tshaba ka one mokgwa o o ntseng jana gape.KMR 62.9

    Lefa go ntse jalo ba ne ba tshogile segolo janong, mme ka itlhaganelo e kgolo go gaisa pele go utlwa taolo ya Gagwe, mme ba itlhaganela go tšwa mo tempeleng, ba kgwetsa dikgomo tsa bone fa pele ga bone.KMR 62.10

    Ka bonako lolwapa lwa tlala batho ba ba lereng balwetse ba bone go fodisiwa ke Jesu. Ba bangwe ba ne ba šwa. Ba ba tlhokofetseng ba ba utlwa tlalelo ya bone e e tlhokegang.KMR 63.1

    Ba tlhoma matlho a bone ka thapelo mo sefatlhogong sa ga Keresete, ba boifa go bona teng bogale jo bo leleketseng kwa ntle barekisi le bareki. Mme ba bona mo sefatlhogong sa Gagwe lorato fela le bonolo jwa pelotlhomogi.KMR 63.2

    Jesu A amogela ka bopelonomi balwetse, mme malwetse le ditlhokofatso tsa tshaba go ama ga seatla sa Gagwe. Ka bonolo a phuthela bana mo mabogong a Gagwe, a gomotsa dilelo tsa bone tsa poifo, A leleka bolwetse le ditlhabi mo mebelenyaneng ya bone, mme A ba busetea kwa morago, ba nyenya, ba tshedile sentle go bo mmabo.KMR 63.3

    A pono go dumedisa baperisiti le balaodi jaaka ba boela kwa tempèleng ka boingotlo! Ba utlwa mantšwe a bana le basadi, le bana ba baka Modimo.KMR 63.4

    Ba bona balwetse ba fodisiwa, difofu di bontshiwa, ba bosusu ba amogela kutlo, le ditlhotsa di tlola ka boitumelo.KMR 63.5

    Bana ba etelela pele mo maitumelong a. Ba boelela dihosana tsa maabane, mme ba kgatikanya dikala tsa makolane fa pele ga Mmoloki. Tempele ya utlwatsa ya ba ya utlwatsa modumo wa bone:KMR 63.6

    “Hosana go Morwa Dafide;KMR 63.7

    “Go bakwe yo O tlang ka leina ja Morena!” Mathaio 21: 9.KMR 63.8

    “Bona, Kgosi ya gago ee tla kwa go wena: O tshiamo, O na le poloka.” Sekaria 9: 9.KMR 63.9

    Balaodi ba leka go didimatsa lošalaba lwa bana ba ba thamileng, mme botlhe ba ne ba tladitšwe ka boipelo le pako ka ntlha ya ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jesu, mme ba se ka ba didimadiwa.KMR 63.10

    Balaodi foo ba retologela kwa Mmoloking, ba šolofela gore O na A tla ba didimatsa. Ba Mo raya ba re,KMR 63.11

    “A Oa utlwa se ba se buang ba?”KMR 63.12

    Jesu A fetola, “E: a ga lo e se lo ko lo bale fa go reng, O lekantse pako ka a a tšwang melomong ya banyana le ba ba anyang?” Mathaio 21: 16.KMR 63.13

    Lobaka lo lontle lwa go bolela botsalo jwa ga Keresete le go ntshetsa pele tiro ya Gagwe mo lefatshing lo no lo gannwe ke balaodi ba ba ikgodisitseng ba batho.KMR 63.14

    Dipako tsa Gagwe di na le go utlwatswa; mme Modimo Oa tlhopha banyana go go dira. Fa mantšwe a banyana ba ba itumelang ba a ka bo a didimaditšwe, one maotwana a tempele a ka bo a na a goa dipako tsa Mmoloki.KMR 64.1

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents