Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 24—LOSO LWA GA KERESETE

    Mo gontsheng botshelo jwa Gagwe jwa botlhokwa, Keresete ga A ka a tshegediwa ke boitumelo jwa phenyo.Pelo ya Gagwe e gagotswe ke kutlobotlhoko mme ya patikwa ke lefifi.Mme e ne e se poifo ya ditlhabi tsa lošo tse di Mo utlwisitseng botlhoko. E ne e le bokete jo bo robang jwa boleo jwa lefatshe, maikutlo a kgaogano le lorato hva ga Rragwe. Se ke sone se se robileng pelo ya Mmoloki, mme sa akofisa lošo lwa Gagwe.KMR 100.1

    Keresete O utlwile khutsego e baleofi ba tla e ikutlwa fa ba tšoga go lemoga morwalo wa molato wa bone, go itse gore ba kgaoganetse ruri le boitumelo le kagiso ya legodimo.KMR 100.2

    Baengele ba leba ka kgakgamalo kutlobotlhoko ya tatlhego e e belegweng ke Morwa Modimo. Tlalelo ya mogopolo wa Gagwe e ne e le kalo mo e bileng ditlhabi tsa mokgoro O se kang A di utlwa thata.KMR 100.3

    Tlholego ka yosi e ne e le mo kutlwelong botlhoko ya pono. Letsatsi le phatsimile sentle go tla go fitlha motshagare wa sethobolo, fa erileng ka tšhoganetso ja lebega ekete le phimotšwe. Gotlhe tikologong ya mokgoro go no go le lefifi je le lentsho-ntsho jaaka bosigo gare. Lefifi je je le fetang ja tlholego le tsere dioura di le tharo tse di tletseng.KMR 100.4

    Therego e e sa itsiweng ya tšhwara boidiidi. Tlhapatso le kgobololo tsa khutla. Banna, basadi, le bana ba wela fa fatshe ka therego e e sa buiweng.KMR 100.5

    Dikgadimanyana di ne di tle di nne di gadime mo lerung, mme di senole mokgoro le Morekolodi yo o bapotsweng. Botlhe ba gopola gore motlha wa tefetso ya bone o tsile.KMR 100.6

    Ka oura ya boferamongwe lefifi la tšholetsega mo bathung, mme la sala le ntse le khurumeditse Mmoloki jaaka moitlamo. Dikgadima ya ne e kete di konopelwa kwa go Ene jaaka A ntse A lepeletse mokgorong. Ke gone kwa O rometseng kgoo ya tatlhego:KMR 100.7

    “Modimo wa Me, Modimo wa Me, O ntatlhetseng?”KMR 100.8

    Mo lobakeng lo lefifi le ne le apesitse Jerusalema le mabala a Judea. Ya re ka matlho otlhe a lebisitšwe kwa motsing o o tlhole- tsweng, ba bona dikgadima tse di boitshegang tsa bogale jwa Modimo di lebagantšwe nao.KMR 100.9

    Ka tšhoganetso lefifi ja tšholediwa mo mokgorong, mme ka lentšwe je le phepa, je ereteng lonaka, je e ne ekete le utlwala mo lobopong lotlhe, Jesu A goa:KMR 101.1

    “Go weditšwe.” Johane 19: 30. “Rra, Ke neela moya wa Me mo diatleng tsa Gago.” Luke 23: 46.KMR 101.2

    Lesedi ja dikeletsa mokgoro, mme sefatlhogo sa Mmoloki sa phatsima jaaka letsatsi. Foo A inamisetsa tlhogo ya Gagwe sefubeng sa Gagwe mme A šwa.KMR 101.3

    Boidiidi jo bo leng tikologong ya mokgoro jwa ema ditlasu, mme ka mewa e e kokobeditšweng ba leba Mmoloki. Gape lefifi ja khurumetsa lefatshe, mme tumo e e keretlang jaaka tumo ya maru ya utlwala. Mme ya bo e na le thoromo e kgolo ya lefatshe.KMR 101.4

    Batho ba kgorokgotšhwa ba nna mekoa ke thoromo ya lefatshe. Mo dithabeng tse di dikologileng, mafika a fatoga, mme a thubakana a fologela kwa mabaleng a a kwa tlase. Diphupu tsa phatloga tsa atlhama, mme ba le bantsi ba bašwi ba latlhelwa kwa ntle. Lobopo loa lebega ekete lo thubega lo nna dilonyana tse di nyennyane. Baperisiti, balaodi, batlhabani, le batho, ba ntse dimumu ke go tšhoga, ba ne ba rapame fa fatshe ba namaletse.KMR 101.5

    Mo lobakeng lwa go šwa ga ga Keresete, bangwe ba baperisiti ba ne ba direla mo tempeleng kwa Jerusalema. Ba utlwa thoromo ya lefatshe, mme ka yone nako eo sesiro sa tempela, se se neng se kgaoganya felo ga boitshepo le felo ga boitshepo jwa maitshepo, sa gagolwa ka bogare go tšwa kwa godimo go ya kwa tlase ka sone seatla sele se se neng sa kwala katlholo ya Beleshasare mo dipotaneng tsa ntlo ya gagwe ya borena. Felo ga boitshepo jwa maitshepo ga motlaagana wa selefatshe go no go sa tlhole go le boitshepo. Boteng iwa Modimo bo no bo sena go tlhola bo apesa setulo sele sa boutlwelobotlhobo. Kamogelo gongwe go se kgatlhege ga Modimo go no go sa tlhole go tla bonwa ka lesedi kana moruti mo majeng a botlhokwa a a fa setlatleng sa sefuba sa moperisiti.KMR 101.6

    Go tloga foo madi a ditlhabelo mo tempeleng a na a sa tlhole a na le thušo. Kwana ya Modimo, mo go šweng, e ne e dule setlhabelo sa maleo a lefatshe.KMR 101.7

    Erile Keresete A šwa mo mokgorong wa Khalefari, tsela e ntšha le e e tshedileng e ne ya bulelwa Mojuda le Moditšhaba ka go tšhwana.KMR 102.1

    Baengele ba ne ba itumela jaaka Mmoloki a goa, “Go weditšwe!” Leano je legolo ja poloko le ne le na le go ntshediwa pele. Ka botshelo jwa kutlo, bo-morwa Adame ba ka nna le go godisiwa kwa bofelong go ya fa pele ga Modimo.KMR 102.2

    Satane o na a fenngwa, mme a itse gore bogosi jwa gagwe bo latlhegile.KMR 102.3

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents