Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    CHAPTER 25—MO PHUPUNG YA GA JOSEFA

    Tsuololo kgatlhanong le puso ya koma ke one molato o Mmoloki O o sekiseditsweng. Batho ba ba neng ba bolaelwa molato o ba ne ba titlhwa mo bonnong jo bo tlhaoletšweng ba molato oo.KMR 103.1

    Johane a nyema ka mogopolo wa gore mmele wa Moruti wa gagwe o tšhwarwe ke batlhabani oa ba sa utlweleng botlhoko, le go ntlhwa mo phupung e e tlotlologileng. Mme a se ka a bona tsela ya go go kganela, ka a na a sena tlhotlheletso mo go Pilate.KMR 103.2

    Ka nako e e lekang e, Nikodemo le Josefe wa Arimathea ba tla mo go thuseng barutwa. Banna ba ka bobedi e ne e le ditokololo tsa lekgotla ja Bajuda, mme ba ne ba ilwaetse Pilate. Boo babedi e ne e le banna ba ba humileng ba ba itsegeng. Ba ikemisetsa gore mmele wa Mmoloki o no o tla nna le phitlho e e tlotlegang.KMR 103.3

    Josefe a ya ka bopelokgale kwa go Pilate, mme a mo lopa setoto sa ga Jesu. Pilate, a sena go itse gore Keresete o na A sule, a naya topo e.KMR 103.4

    Erile Josefa a sa ntse a ile kwa go Pilate kaga setoto sa Mmoloki, Nikodemo a bo a baakanyetsa phitlho. E ne e le tlwaelo metlheng eo go phuthela setoto sa mošwi mo letseleng ja leloba, le ditlolo tsa botlhokwa le malao a a monate. E e ne e le tsela nnswe ya go dira mmele go se bole. Jalo Nikodemo a tla le neo e e tlhotlhwa kgolo ya bokete jo bo ka nnang dipondo di le lekgolo ya mera le aloe a di tlela mmele wa ga Jesu.KMR 103.5

    Ba ba tlotlegang thata mo Jerusalema votlhe ba ka bo ba sa bontshiwa tlotlo epe e e gaisang e mo lošung. Balatedi ba ba ikokobeditseng ba ga Tesu ba gakgamadiwa go bona balaodi ba ba humileng ba ba tsaya kgatlhego e e kalo mo phitlhong ya Moruti wa bone.KMR 103.6

    Barutwa ba ne ba khurumediwa ke bohutsana mo lošung lwa ga Keresete. Ba lebala gore O na A ba boleletse gore lo no lo tla nna teng. Ba ne ba sena tšholofelo. Boo babedi Nikodemo le Josefe ba ne ba ise ba ke ba ipolele Mmoloki ponong va botlhe fa A sa ntse A tshedile. Mme ba ne ba reeditse dithuto tsa Gagwe, mme ba ne ba ntse ba tlhokometse segaufi kgato nngwe le nngwe ya tirelo ya Gagwe. Lefa barutwa ba ne ba lebetse mafoko a Mmo- loki a bolelela pele lošo lwa Gagwe, Josefe le Nikodemo ba ne ba a gakologelwa sentle. Le dipono tse di neng di amana le lošo lwa ga Jesu, tse di šulafaditseng barutwa dipelo, mme tsa tshikinya tumelo ya bone, mo balaoding ba di tlhomamisitse gore e ne e le Ene Mesia wa boammaaruri, mme tsa ba dira go tsaya kgato ya bone ka tlhomamo jaaka badumedi mo go Ene.KMR 103.7

    Thuso ya banna ba ba tlotlegang ba ba humileng ba e ne e tlhokega thata mo lobakeng lo. Ba ne ba ka direla Moruti wa bone yo O šuleng se se neng se retelela barutwa ba ba humanegileng.KMR 104.1

    Ka bonolo le tshisimogo bone, ka diatla tsa bone, ba tlosa mmele wa ga Keresete mokgorong. Dikeledi tsa bone tsa kutlwelobotlhoko tsa thologa ka bofefo, jaaka ba leba mmele wa Gagwe o o matsadi o o gagogileng.KMR 104.2

    Josefe o na a na le phupu e ntšha e e gabilweng mo lefikeng. O na a e ikagetse; mme janong a e bakanyetsa Jesu. Mmele, mmogo le malao a a lerilweng ke Nikodemo, ga phuthelwa mo letseleng ja leloba, mme Morekolodi A isiwa kwa phupung.KMR 104.3

    Lefa balaodi ba Bajuda ba ne ba kgonne go bolaya Keresete, ba se ka ba ikhutsa sentle. Ba ne ba itse sentle kaga nonofo ya Gagwe e e kgolo.KMR 104.4

    Bangwe ba bone ba ne ba eme fa phupung ya Lasaro, mme ba ne ba bonye mošwi a busediwa botshelong, mme ba roroma ka poifo gore Keresete ka esi O na A tla tšoga mo bašwing, mme gape a bonale fa pele ga bone.KMR 104.5

    Ba ne ba Mo utlwile a bolelela bontsi gore O na A na le thata go baya botshelo jwa Gagwe le go ba A bo tsaya gape.KMR 104.6

    Ba gakologelwa gore O na A rile, “Senyang tempela e, mme Ke tla e tšosa ka malatsi a le mararo” (Johane 2: 19), mme ba itsile gore O na A bua ka mmele wa Gagwe ka osi.KMR 104.7

    Judase o na a ba boleletse gore Keresete O na A rile mo barutweng ba Gagwe mo loetong lwa Gagwe lwa bofelo go ya Jerusalema:KMR 104.8

    “Bonang, re tlhatlogela kwa Jerusalema; mme Morwa Motho O tla neelwa baperisiti ba bagolo le bakwadi; mme ba tla atlhola gore a šwe; mme ba tla Mo neela Baditšhaba go sotlwa, le go seolwa, le go bapolwa: mme e tla re ka letsatsi ja boraro O tla tšosiwa.” Mathaio 20: 18, 19.KMR 104.9

    Jaanong ba gakologelwa dilo di le dintsi tse O na A di buile tse di neng di bolelela pele tšogo ya Gagwe. Ba ne ba sa lebale dilo tse, lefa ba ne ba eleditse go le kalo go dira jalo. Jaaka rrabo, diabolo, ba dumela ba ba ba roroma.KMR 104.10

    Sengwe le sengwe sa ba bolelela gore Jesu e ne e le Morwa Modimo. Ba tlhoka go robala, gonne ba ne ba tšhwenyegile segolo kaga Gagwe mo lošung go gaisa jaaka ba ne ba ntse mo botshelong jwa Gagwe.KMR 105.1

    Ka ba ikaeletse go dira gotlhe mo ba ka go dirang go Mo tshegetsa mo phupung, ba lopa Pilate gore phupu e kanwe e bo e disiwe go ya letsatsing ja boraro. Pilate a baya setlhopha sa batlhabani ka taolo ya baperisiti, mme a re:KMR 105.2

    “Lo na le lekoko ja badisa: tsamayang, lo ye go disa kafa lo itseng ka gone. Jalo ba tsamaya, ba ya go disa phupu, ba kana lentšwe, le lekoko ja badisa ba bo ba na nabo.” Mathaio 27: 65, 66.KMR 105.3

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents