Loading...
Larger font
Smaller font
Copy
Print
Contents
  • Results
  • Related
  • Featured
No results found for: "".
  • Weighted Relevancy
  • Content Sequence
  • Relevancy
  • Earliest First
  • Latest First
    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents

    “O TŠHWANETSE GO ŠWA!”

    Baatlhodi ba fetola, “O tšhwanetse go šwa.” Mathaio 26: 65, 66.KMR 81.3

    Go no go le kgatlhonong le molao wa seJuda go sekisa legolegwa go le bosigo. Lefa tshekišo ya ga Keresesete e ne e setse e tlhomamisitšwe, go tšhwanetse ga nna le go sekisa motshegare.KMR 81.4

    Jesu O na A tseelwa ntlwaneng ya balebedi, mme gone A šotlwa le go kgojwa ke batlhabani le bomagagola-tshetšhwana.KMR 81.5

    Fa bosa bo sa A leriwe gape fa pele ga baatlhodi ba Gagwe, mme katlholo ya bofelo ya tshekiso ya Gagwe ya bolelwa.KMR 81.6

    Bogale jwa sesatane foo jwa laola bagogi le batho. Modumo wa mantšwe o no o tšhwana le wa dibatana tsa naga. Ba kgomogela kwa go Jesu, ba ntse ba goa, “O molato, mmolaye!” mme fa e ne e se ka ntlha ya batlhabani, O ka bo a gagotšwe. Mme nonofo ya Baroma ya tsena fa gare, mme ka thata ya ntwa ba kganela thubakanyo ya bagagautli.KMR 81.7

    Baperisiti, balaodi, le bontsi ba kopanela mo go šotleng Mmoloki. Seaparo se segologolo sa latlhelwa tlhogong ya Gagwe; mme babogisi ba Gagwe ba Mo itaya mo matlhong, ba re:KMR 81.8

    “Re perofesetse Keresete ke wena, O batotšwe e mang?” Mathaio 26: 68.KMR 81.9

    Fa seaparo se tlositšwe, mongwe wa bašotli a kgwela Mmoloki mo sefatlhogong.KMR 81.10

    Baengele ba Modimo ka boikanyego ba kwala tebo nngwe le nngwe, le lefoko, le tiro e e dirwang kgatlhanong le Molaodi wa bone yo O rategang. Letsatsi lengwe banna ba ba nyatsegang bao ba ba šotlileng mme ba kgwela sefatlhogo se se sisibetseng, se thunyeditšweng sa ga Keresete ba tla se leba mo kgalalelong ya šone, se phatsima go gaisa letsatsi.KMR 81.11

    Larger font
    Smaller font
    Copy
    Print
    Contents